< ガラテヤ人への手紙 3 >

1 第一項 律法にて詛はれ、信仰にて祝福を得。 愚かなる哉ガラチア人よ、十字架に釘けられ給ひしイエズス、キリスト、汝等の目前に書かれ給ひたるに、誰か汝等を蕩して眞理に背かしめしぞ、
Ao Bagalatia ba ba dieleele! Lo tseantswe ke moloi yo o ntsengjang a bo a lo tsenya mowa wa bohema? Gonne lo kile lwa bo lo bona sentle se loso lwa ga Keresete lo se rayang jaaka o ka re ke ne ke kile ka baya fa pele ga lona lomati lo lo nang le setshwantsho sa ga Keresete a a swa mo mokgorong.
2 我は唯此事を聞かんと欲す、汝等が聖霊を蒙りしは律法の業によるか、信仰に從ひしによるか。
Mmang ke lo botse potso e: “A lo amogetse Mowa O O Boitshepo ka go leka go boloka melao ya Sejuta?” Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona fela lo sena go utlwa kaga Keresete lo bo lo mo ikanya go lo boloka.
3 汝等聖霊を以て始りしものを、今は肉を以て終る迄に愚なるか。
Jalo he, a lo tsenwe ke botsenwa gotlhelele? Gonne fa go leka go obamela melao ya Sejuta go ise go ke go bo go lo neye botshelo jwa semowa lwa ntlha, ke eng fa jaanong lo akanya gore go leka go e obamela go tlaa lo dira Bakeresete ba ba itekanetseng?
4 夥しく苦しみしは無益とならんか、否無益に非ざれかし。
Lo bogetse Mafoko a a Molemo thata. A jaanong lo tsile go a latlhela gongwe le gongwe fela? Ga ke dumele tota!
5 然れば汝等に[聖]霊を賜ひて、汝等の中に奇蹟を行ひ給へる者の斯く為し給ふは律法の業によるか、信仰に從ひしによるか、
Ke lo botsa gape ka re, a Modimo o lo naya nonofo ya Mowa O O Boitshepo o bo o dira dikgakgamatso mo go lona e le ka ntlha ya go leka ga lona ga go obamela melao ya Sejuta? Nnyaa, tota ga go a nna jalo. Ke fa lo dumela mo go Keresete lo bo lo mo ikanya ka botlalo.
6 録して、「アブラハム神を信ぜり、而して此事義として之に歸せられたり」とあるが如し。
Aberahame o ne a na le one maitemogelo a, Modimo wa mo supa fa a le moitekanedi go tsena mo legodimong fela ka gore o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo.
7 故に信仰に由る人々は、是アブラハムの子等なりと知れ。
Lo ka bona mo go one maitemogelo a gore bana ba ga Aberahame tota ke batho botlhe ba tumelo ba ba ikanyang Modimo ka boammaaruri.
8 斯て聖書は、神が信仰に由りて異邦人を義とし給ふ事を豫め知りて、曾てアブラハムに福音を告げて曰く、「萬民汝に於て祝せられん」と。
Mo godimo ga moo, se sengwe gape ke eng, Dikwalo di ne di solofetse lobaka lo lwa gore Modimo o boloke le badichaba ka tumelo ya bone. Modimo ga o bolo go bolelela Aberahame bogologolo kaga sone selo se fa o re, “Ke tlaa segofatsa mo chabeng nngwe le nngwe ba ba inkanyang jaaka wena.” Mme go ntse fela jalo: botlhe ba ba ikanyang Keresete ba na le seabe mo go lone lesego le Aberahame o le amogetseng.
9 然れば信仰に由る人々は、忠實なるアブラハムと共に祝せらるべきなり。
10 凡律法の業に由る人々は詛の下に在り、其は録して、「総て律法の書に録されたる事を悉く守らんとして、之に止らざる人は詛はるべし」、とあればなり。
Ee, mme ba ba ikaegileng mo melaong ya Sejuta go ba boloka ba mo phutsong ya Modimo, gonne Dikwalo di supa sentle thata di re, “Go hutsegile mongwe le mongwe yo ka nako nngwe a robang mongwe wa melao, e e kwadilweng mo Lokwalong lwa Modimo lwa Molao.”
11 抑人が律法によりて神の御前に義とせられざる事は、「義人は信仰によりて活く」、とあるを以て明なり。
Ka go rialo, go bonala sentle gore ga go na le fa e le ope yo o ka bonang botsalano le Modimo ka go leka go tshegetsa melao ya Sejuta, gonne Mo-dimo o rile tsela fela e ka yone re ka siamang mo ponong ya one ke ka tumelo. Jaaka moporofiti Habakuke a ne a bua a re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona fela ka go ikanya Modimo.”
12 律法は信仰によるに非ずして、「掟を行ふ人は之によりて活きん」、とあり。
A pharologanyo e tona fa gare ga tsela e ya tumelo le tsela ya molao o o reng motho o bolokwa ke go obamela molao mongwe le mongwe wa Modimo, a sa sute le fa e le gangwe fela.
13 録して、「総て木に吊さるる人は詛はれたるなり」、とあれば、キリストは我等の為に詛はれたる者となりて、律法の詛より我等を贖ひ給ひしなり。
Mme Keresete o re rekile ka fa tlase ga phutso eo ya tsela e e sa kgonegeng ka go tsaya phutso ya rona ka ntlha ya ditiro tse di bosula a e baya mo magetleng a gagwe. Gonne go kwadilwe mo Lokwalong gatwe, “Le fa e le mang yo o pegilweng mo setlhareng o hutsegile,” (jaaka Jesu a ne a lepelediwa mo mokgorong wa logong).
14 是アブラハムの祝福がキリスト、イエズスによりて異邦人に及ぼされ、約束せられ給ひし聖霊を信仰によりて我等が受けん為なり。
Jaanong Modimo o ka segofatsa Badichaba le bone, ka lone lesego le o le solofeditseng Aberahame; mme rotlhe re le Bakeresete re ka nna le Mowa O O Boitshepo o re o solofeditsweng ka yone tumelo e.
15 第二項 律法の下に在りては未丁年者なるに、信仰及びキリスト教の下に在りては、丁年者となる 兄弟等よ、我人の言ふが如くに言へば、人の公正なる遺書は廃する人なく書加ふる人なし。
Bagaetsho ba ba rategang, le mo botshelong jwa malatsi otlhe fa motho a direla yo mongwe tsholofetso, fa e kwadilwe ya ba ya saenwa (tlanngwa) ga e kake ya fetolwa. Ga e kake ya re morago ga moo a fetoga a dira se sele.
16 アブラハムと其裔とに約束せられし時、多くの人を斥すが如く裔[等]とは曰はずして、一人を斥して汝の裔と曰へり、これ即ちキリストなり。
Jaanong, Modimo o neetse Aberahame le Ngwana wa one ditsholofetso dingwe. Mme lemogang gore ga gotwe ditsholofetso di ne di neetswe bana ba gagwe, jaaka go ne go katwe, di tshwanetse bomorwae botlhe, ebong Bajuta botlhe ba go neng go buiwa kaga bone, mme tota go ne go buiwa kaga Morwawe ebong Keresete.
17 然て我は言はん、神の既に固め給ひし契約をば、其より四百三十年の後に與へられし律法が、約束を空しからしめんとて廃したるに非ず。
Se ke lekang go se bua ke se: Tsholofetso ya Modimo ya go boloka ka tumelo, le gore Modimo o kwadile tsholofetso e, wa ba wa e saena (tlanya), e ne e sa kake ya dirololwa kgotsa ya fetolwa morago ga dingwaga di le makgolo a le mane le masome a le mararo fa Modimo o ntsha Melao e e Some.
18 蓋世継若律法に由らば、是既に約束に由らざるなり。然れど神は約束を以て、之をアブラハムに賜ひたるなり。
Fa go obamela melao eo go ne go ka re boloka, mme go bonala sentle gore mo e ne e tlaa bo e le tsela e sele ya go nna botsalano le Modimo go na le tsela ya ga Aberahame, gonne go ne ga nna motlhofo mo go ene go amogela tsholofetso ya Modimo.
19 然らば律法は何ぞや、是約束せられし裔の來る迄の間、犯則の為に置かれしものにして、仲裁者の手を経て天使等によりて布告せられたるものなり。
Jalo he, melao e ne e direlwang? E ne ya okediwa tsholofetso e sena go dirwa, go supegetsa batho gore ba molato go le kae ka go roba melao ya Modimo. Mme tsela e ya molao e ne e tshwanetse go nna teng fela go fitlhelela Keresete a tla, ngwana yo tsholofetso ya Modimo e neng ya diragadiwa ka ene. (Mme go santse go na le pharologanyo nngwe. Modimo o ne wa neela baengele melao ya one go e neela Moshe, yo ene a neng a e neela batho;
20 然て仲裁者は一方のものに非ざるに、神は唯一にて在す。
mme erile fa Modimo o neela Aberahame tsholofetso ya one, o ne wa e dira ka boone o le nosi, kwa ntle ga go roma baengele kgotsa Moshe).
21 然れば律法は神の約束に反するか、否々、蓋若人を能く活かすべき律法を與へられたらんには、義は實に律法により出づべし
Jalo he, a melao ya Modimo le ditsholofetso tsa one di a ganetsanya? Ga go a nna jalo! Fa re ne re ka bolokwa ka melao ya one, jalo Modimo o ka bo o sa re naya tsela e sele go tswa mo botshwarong jwa sebe, gonne Dikwalo di gatelela gore re magolegwa a sebe. Tsela fela e re ka falolang ka yone ke ka tumelo mo go Jesu Keresete; tsela ya go falola e bulegetse botlhe ba ba dumelang mo go ene.
22 と雖も、聖書は萬物を罪の下に閉籠たり。是約束はイエズス、キリストに於る信仰に由りて、信ずる人に與へられん為なり。
23 信仰の來る前には、我等は律法の下に閉籠められて、顕れんとする信仰の來るまで衛られつつありき。
Go fitlhelela Keresete a tla re ne re disitswe ke molao, re beilwe mo tisong e e babalesegileng, go bua jalo ke gore, go fitlhelela re dumela mo Mmoloking yo o tlang.
24 然れば我等が信仰に由りて義とせられん為に、律法は我等をキリストに導く指導者となれり。
Mmang ke tlhalose ka tsela e nngwe. Melao ya Sejuta e ne e le moruti wa rona le mokaedi go fitlhelela Keresete a tla go re neela seemo se se nitameng mo Modimong ka tumelo ya rona.
25 然れど信仰既に來りては、我等は最早指導者の下に在らず、
Mme jaanong ka gore Keresete o tsile, ga re sa tlhole re tlhoka melao eo go re disa le go re etelela pele e re isa kwa go one.
26 其は汝等、キリスト、イエズスに於る信仰に由りて、皆神の子等なればなり。
Gonne jaanong rotlhe re bana ba Modimo ka tumelo mo go Jesu Keresete,
27 即ちキリストに由りて洗せられたる汝等は、悉くキリストを着せるなり。
ebile rona ba re kolobeditsweng go nna selo se le sengwe le Keresete, re mo apere.
28 斯てユデア人もなくギリシア人もなく、奴隷も自由の身もなく、男も女もなし、其は汝等キリスト、イエズスに於て皆一人なればなり。
Ga re sa tlhole re le Bajuta kgotsa Bagerika kgotsa makgoba kgotsa batho ba ba golotsweng, kgotsa banna fela kgotsa basadi, mme re tshwana fela rotlhe, re Bakeresete; re bangwe fela mo go Keresete Jesu.
29 汝等若キリストのものならば、是アブラハムの裔なり、約束の儘なる世嗣なり。
Mme jaanong ka gore re ba ga Keresete, re losika lwa ga Aberahame tota, mme ditsholofetso tsotlhe tse Modimo o di mo solofeditseng ke tsa rona.

< ガラテヤ人への手紙 3 >