< 使徒の働き 5 >

1 第二 アナニアとサフィラとの事件 然るにアナニアと呼ばるる人、其妻サフィラと共に一枚の畑を売りしが、妻も同意にて畑の價を詐り、
Mme ga bo go le monna a bidiwa Ananiase (le mosadi wa gagwe Safira) ba ba neng ba a rekisa bontlha-bongwe jwa setsha,
2 其幾分を持來りて使徒等の足下に置きしかば、
mme ba tlisa bontlhabongwe fela jwa madi, ba kaya fa e le tlhwatlhwa e e feletseng (mosadi wa gagwe o ne a dumalana tsietso e).
3 ペトロ云ひけるは、アナニアよ、何故サタンに心を誘はれて聖霊を欺き、畑の價を詐りたるぞ。
Mme Petere a re, “Ananiase, Satane o tladitse pelo ya gago ka maaka fa o bolela gore tlhwatlhwa e ke yone yotlhe, o ne o aketsa Mowa O O Boitshepo.
4 其畑の有りし時は汝の物にして、売られて後も[價は]汝の権内に属したるに非ずや、何ぞ斯る事を心に企てしぞ、汝の欺きしは人に非ずして神なり、と。
Setsha e ne e le sa gago go se rekisa kgotsa nnyaa, go ya fela ka fa o neng o rata ka teng. Mme morago ga o sena go se rekisa, e ne e le ga gago go bona gore o ntsha bokae. Ke eng fa o ne o dira jaana? Ga oa aketsa rona o akeditse Modimo.”
5 アナニア此言を聞くや、倒れて息絶えしかば、聞きたる人皆大いに懼を懐き、
Erile fela fa Ananiase a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe a swa! Mongwe le mongwe a tlewa ke poifo e kgolo,
6 青年等立ちて之を取上げ、舁出して葬れり。
mme makau a mo phutha ka letsela a mo tsaya a ya go mo fitlha.
7 約三時間を経て其妻、事の起りしを知らずして入來るに、
Erile morago ga dioura di le tharo mosadi wa gagwe a tla, a sa itse se se diragetseng.
8 ペトロ之に謂ひけるは、婦よ、汝等が畑を売りし金は其だけなるか、我に告げよ、と。彼、然り其だけなり、と答へしかば、
Petere a mmotsa are, “A lo rekisitse setsha sa lona ka bokana?” A araba are “Ee, re se rekisitse ka bokalo.”
9 ペトロ之に向ひ、汝等何為れぞ共謀して主の霊を試みんとしたるや、看よ、汝の夫を葬りし人々の足は戸口に在り、汝をも舁出すべし、と云ひければ、
Mme Petere a re, “Ke eng fa wena le monna wa gago lo ka akanya go dira selo se se ntseng jaana, lo leka maano a bosula go leka nonofo ya Mowa wa Modimo go itse se se diragalang? Ka kwa ntle ga kgoro ele go na le makawana a a tswang go boloka monna wa gago, mme le wena ba tlaa tla go go rwala ba ya go go boloka.”
10 婦忽ち其足下に倒れて息絶えたり。青年等入來りて其死せるを見、之を舁出して夫の傍に葬りければ、
Erile gone fela foo a wela fa fatshe, a swa, mme makawana a tsena mo teng, ya re ba mmona gore o sule, ba mo tsaya ba ya go mmoloka go bapa le monna wa gagwe.
11 全教會及び是等の事を聞ける人々、皆大いに懼を懐けり。
Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le ba bangwe botlhe ba ba utlwileng se se diragetseng.
12 第三 使徒等奇蹟を行ひて信者の數増加す 數多の徴と不思議とは、使徒等の手によりて民間に行はれ、[信者]皆心を一にしてサロモンの殿廊に在りしが、
Ka sebaka seo, Baaposetoloi ba ne ba kopane mo lefelong le le bidiwang mathudi a ga Solomone, mme ba dira ditshupo tse di bonalang le dikgakgamatso mo matlhong a batho.
13 他人は敢て此中に交る者なく、人民彼等を稱賛して、
Badumedi ba bangwe ba seka ba kgatlhega go kopana le bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba ba tlotla thata.
14 主を信仰する男女の群衆益増加し、
Mme badumedi ba oketsega thata mo Moreneng, bontsi jwa banna le basadi.
15 終には、人々病人を衢に舁出し、ペトロの來らん時、一人にもあれ其蔭になりとも覆はれ(て病を醫され)んとて、寝台若くは舁台に之を載置くに至り、
Balwetse ba ntshediwa kwa mebileng ba le mo malaong le mo diphateng gore bogolo moriti wa ga Petere o wele bangwe ba bone fa a feta!
16 又近傍の町々より病人、或は汚鬼に悩まさるる者等を携へて、人々夥しくエルザレムに馳集ひ居たりしが、彼等悉く醫されつつありき。
Mme bontsi jwa batho jwa tla bo tswa mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetse ba bone le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe; mme mongwe le mongwe wa bone a fola.
17 第四 迫害起りて使徒等益奮發す 然れば司祭長及び其徒、即ちサドカイ派、皆妬ましさに堪へず、
Mme Moperesiti yo mogolo le botlhe ba losika le ditsala tsa gagwe mo Basadukaing ba tlala lefufa,
18 起ちて使徒等を捕へ、之を監獄に入れたり。
mme ba tshwara baaposetoloi, ba ba tsenya mo kgolegelong.
19 然れど主の使、夜中に監獄の門を開きて彼等を出し、
Mme moengele wa Morena a tla bosigo, a bula dikgoro tsa kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle. Mme a ba raya a re,
20 汝等往きて、[神]殿に立ち、此生命の言を悉く人民に語れ、と云ひしかば、
“Tsamayang lo ye mo Tempeleng lo rere kaga Botshelo jo!”
21 彼等之を聴き、黎明に[神]殿に入りて教へたり。然て司祭長及び之に伴へる人々、議員及びイスラエル人の長老一同を[衆議所に]召集し、使徒等を引來らせんとて、人を監獄に遣はししに、
Mme ba goroga mo Tempeleng e ka ne e le ka nako ya letsatsi le tlhaba mme ka bonako ba simolola go rera! Moragonyana mo mosong oo, Moperesiti yo Mogolo le botlhe ba lekgotla ba tsena mo Tempeleng, ba bitsa Lekgotla le legolo la bagolwane ba Puso, ba romela batho go ya go bitsa baaposetoloi go tla go sekisiwa.
22 下役等至りて監獄を開き、彼等の在らざるを見て立歸り、告げて、
Mme erile fa mapodisi a tsena kwa kgolegelong, banna ba bo ba seyo, jalo ba boela kwa Lekgotleng ba bega gore
23 云ひけるは、監獄が堅く閉ぢ、看守が門前に立てることは、我等之を見届けたれども、之を開けば内には誰も見えざりき、と。
“Dikgoro tsa kgolegelo di ne di tswetswe, mme batlhokomedi ba ne ba eme ka kwa ntle, mme erile fa re bula dikgoro, ga bo go sena ope!”
24 神殿の司及び司祭長、是等の談を聞くや、使徒等に就きて、其成行如何にと當惑せるに、
Mme erile fa molaodi wa mapodisi le baperesiti ba bagolwane ba utlwa se, ba akabala, ba hakgametse thata gore go tlaa diragalang le gore mo gotlhe go tlaa felela kae!
25 或人來りて、汝等が監獄に入れし人々は、今[神]殿に立ちて人民を教へつつあり、と告げしかば、
Mme mongwe a goroga ka mafoko a a reng banna ba ba neng ba le mo kgolegelong ba mo Tempeleng ba rerela batho!
26 神殿の司、下役等を從へ行きて使徒等を連來れり、然れど人民より石を擲たれん事を恐れて、暴力を加ふる事なかりき。
Mme Mogolwane wa mapodisi a tsamaya le mapodisi ba ba tshwara kwa ntle ga mokubukubu, (gonne ba ne ba tshaba batho gore ba tlaa ba bolaya fa ba ka gakalela barutwa) mme ba ba lere fa pele ga Lekgotla.
27 然て連來りて議會の中に立たせ、司祭長尋問して、
28 彼名によりて教ふること勿れとは、我等が、厳しく命ぜし所なるに、汝等は其教をエルザレムに満たせ、彼人の血を我等に負はしめんとするに非ずや、と云ひしかば、
Moperesiti yo Mogolo a bua a re, “A ga re a lo bolelela gore lo seka lwa tlhola lo ruta kaga Jesu yo? Mme mo boemong jwa go khutlisa go rera kaga Jesu lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona mme lo ikaelela go re baya molato ka loso lwa monna yo!”
29 ペトロ及び使徒等答へて云ひけるは、我等は人に[從ふ]よりは神に從はざるべからず。
Mme Petere le baaposetoloi ba araba ba re, “Re tshwanetse go obamela Modimo go na le batho.
30 我等が先祖の神は、汝等の木に磔けて殺ししイエズスを復活せしめ給へり。
Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o tsositse Jesu go tla mo botshelong gape morago ga lo sena go mmolaya ka go mo pega mo mokgorong.
31 神は改心と罪の赦とをイスラエルに賜はん為に、右の御手を以て、イエズスを君とし救主として立て給ひしなり。
Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe.
32 我等は是等の事の證人にして、神が総て己に從ふ人々に賜へる所の聖霊も、亦之を證し給ふなり、と。
Mme re basupi ba dilo tse, ga mmogo le Mowa O O Boitshepo, o o neetsweng botlhe ba ba obamelang Modimo.”
33 會衆之を聞きて憤に堪へず、使徒等を殺さんと思ひ居たりしが、
“Ya re ka ntlha ya go bua jalo, Lekgotla la gakala la ikaelela go ba bolaya.”
34 人民一般より尊ばるる律法學士ガマリエルと云へるファリザイ人、議會に立ち、命じて使徒等を暫く外に立たしめ、
Mme mongwe wa bone, Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele, (moitseanape wa molao wa tumelo a bile a itsege thata mo bathong) a ema a kopa gore baaposetoloi ba ntshediwe kwa ntle fa a sa ntse a bua.
35 會衆に謂ひけるは、イスラエル人よ、自ら彼人々に為さんとする所を慎め、
Mme a raya banna ba Lekgotla a re,
36 其は此間テオダ[なる者]起りて、自ら人物と稱し、之に與せし人の數約四百なりしも、彼殺されたれば、之を信用せし人々も悉く散りて皆無となれり。
“Motlha mongwe go kile ga bo go le Theudase, yo o neng a ipaya jaaka e ka re ke mongwe yo o kwa godimo. Bangwe ba ka nna makgolo a mane ba ikopanya nae, mme a bolawa, mme botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba phatlaladiwa kwa ntle ga kutlwelobotlhoko epe.
37 其後、人別調の時、ガリレアのユダ起りて人民を誘ひ、己に從はしめしが、彼も亡びたれば之に與せし人は悉く散りたりき。
“Morago ga gagwe, ka nako ya fa go kgethisiwa, ga bo go le Judase wa Galalea. A itatedisa batho bangwe go nna barutwa, mme le ene a swa, mme balatedi ba gagwe ba phatlalala.
38 今も我汝等に謂はん、彼人々に遠ざかりて之を措け、其は其計画若くは事業、人よりのものならば崩るべく、
“Mme jaanong kgakololo ya me ke e, tlogelang banna ba, mme fa se ba se rutang le se ba se dirang e le ga bone fela, ka bofefo se tlaa fedisiwa.
39 神よりのものならば、汝等之を壊すこと能はずして、恐らくは神にも逆らふ者と為らるべければなり、と。會衆之に賛成して、
Mme fa e le ga Modimo lo tlaa retelelwa ke go ba emisa, e sere kgotsa lona ka bo lona lwa iphitlhela lo tlhabantsha Modimo.”
40 使徒等を呼出し、之を鞭ちて後、イエズスの名によりて語る事を厳禁して還せり。
Lekgotla la dumalana le kgakololo ya gagwe, ba bitsa baaposetoloi, ba ba itaya, ba ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina la ga Jesu, mme morago ba ba lesa ba tsamaya.
41 使徒等イエズスの御名の為に恥辱を受くるに足る者と為られしを喜びつつ會衆の前を去りしが、
Ba tloga fa lekgotleng ba itumeletse gore Modimo o ba supile ba nonofile go tlontlologela leina la one.
42 日々神殿にて、又は家々を廻りて人を教へ、キリスト、イエズスの福音を宣べて止まざりき。
Mme ka malatsi otlhe mo Tempeleng le mo motsing, ba tswelela go ruta le go rera gore Jesu ke Mesia.

< 使徒の働き 5 >