< 使徒の働き 7 >

1 第三 ステファノの説教 時に司祭長、是等の事果して然るか、と云ひしかば、
Mme Moperesiti yo Mogolo a mmotsa a re, “A mafoko a, a boammaaruri?”
2 ステファノ云ひけるは、聞かれよ、兄弟にして父たる人々、我等の父アブラハム、カランに住居するに先だちて、メソポタミアに在りし時、光榮の神之に現れて、
Mme Setefane a araba ka boleele a re, “Mo-dimo o o galalelang o ne wa iponatsa mo go rraetsho Aberahame mo Iraka pele ga a ya kwa Seria,
3 曰ひけるは、汝國を去り親族を離れて、我が示さん地に至れ、と。
mme wa mo raya wa re a tloge mo lefatsheng la ga gabo, a laele ba gagabo a ba a tloge a ye kwa lefatsheng le Modimo o tlaa le mo kaelang.
4 斯てアブラハムカルデア人の地を出でてカランに住みしが、其父の死後、神は彼處より、汝等が現に住める地に彼を移し給ひ、
Hong a tswa mo lefatsheng la Bakaladea a ya go nna mo kgaolong ya Harana, mo Seria, go fitlhelela rraagwe a a swa. Mme Modimo wa mmusetsa mono lefatsheng la Iseraele,
5 足踏立つる許の地だに、其地にては遺産を賜はざりき。然れど其地を所有として之に與へ、其時は未だ子あらざりしも、後を子孫に與へん事を約し給ひ、
ga wa ka wa mo naya sepe sa dilo tsa gagwe, le fa e le setsha se sennye sa lefatshe. Le fa go ntse jalo Modimo wa mo solofetsa gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe le ditlogolwana tsa gagwe, le fa ka nako eo a ne a sena bana!
6 神之に曰ひけるは、「其子孫は他國に住み、人々之を奴隷と為し、四百年の間虐待せん、
“Mme Modimo wa mo raya gape wa re, ditlogolwana tsa gago di tlaa tswa mo lefatsheng leo di ye go nna mo lefatsheng la seeng mme koo di nne batlhanka, selekanyo sa dingwaga di le makgolo a mane.
7 然れども我彼等の仕へし所の國民を審くべし、斯て後彼等其國を出でて、此處にて我を禮拝せん、と主曰へり」、と。
Mme Modimo wa ba raya wa re, ‘Ke tlaa otlhaya Chaba e e tlaa ba dirang batlhanka mme morago ga moo batho ba me ba tlaa boela mo lefatsheng le la Iseraele ba nkobamela teng.’
8 アブラハム尚割禮の契約を賜はりしかば、イザアクを生みて八日目に之に割禮を施し、イザアクはヤコブを生み、ヤコブ十二人の太祖を生めり。
“Gape Modimo wa neela Aberahame kgolagano ya bogwera ka nako eo; e le kgolagano fa gare ga Modimo le batho ba ga Aberahame, mme Isake, morwa Aberahame a rupisiwa fa a le malatsi a fera bobedi a tshotswe. Isake a tsala Jakobe, Jakobe a tsala ditlhogo di le lesome le bobedi tsa lotso lwa Sejuta.
9 太祖等妬みてヨゼフをエジプトに売りたれど、神之と共に在して、
Mme batho ba, ba ne ba fufegela Josefa thata ba bo ba mo rekisa go ya go nna motlhanka kwa Egepeto. Mme Modimo o ne wa nna nae,
10 凡ての患難より救出し、エジプト國王ファラオンより寵愛を得させ、且智恵を賜ひしに由り、ファラオンはエジプトと己が家とを挙げて之に宰らしめたり。
o ne wa mo golola mo tlalelong yotlhe ya gagwe, wa mo naya tlotlego mo go Farwe Kgosi ya Egepeto. Gape Modimo wa naya Josefa botlhale jo bogolo, mo Farwe o ileng a mo tlhopha go nna molaodi mo Egepeto yotlhe, a bo a mmaya motlhokomedi wa ditiro tsotlhe tsa segosi.
11 然るに全エジプト及カナアンに飢饉と大いなる災難と起り、我等の先祖食物を求め得ざりしに、
“Mme ga nna leuba mo Egepeto le Kanana, mme ga nna le bohutsana jo bogolo mo go borraetsho. Erile fa dijo tsa bone di setse di fedile,
12 ヤコブエジプトに麦あるを聞きて、先我等の先祖等を遣はし、
Jakobe a utlwa fa go sa ntse go na le mabele kwa Egepeto, jalo a romela bomorwawe go ya go a reka.
13 次の度にヨゼフ其兄弟に知られ、其族はファラオンに知られたり。
Erile fa ba ya labobedi, Josefa a itshenolela bomogolowe, mme ba itsisiwe Farwe.
14 ヨゼフ人を遣はして、父なるヤコブ及び其家族、総て七十五人を呼來らししにより、
“Mme Josefa a romela bangwe go ya go tsaya rraagwe ebong Jakobe le ba malwapa a bomogolowe botlhe go tla Egepeto, botlhe e ne e le batho ba le masome a supa le botlhano.
15 ヤコブエジプトに下り、其身も我等の先祖等も、彼處に死して、
Jalo Jakobe a tla Egepeto, kwa o neng a swela teng, le bana botlhe ba gagwe.
16 シケムに送られ、アブラハムが曾てシケムに於てヘモルの子等より銀銭を以て買受けし墓地に葬られたり。
Mme botlhe ba ne ba isiwa kwa Shekema ba fitlhwa mo lebitleng le Aberahame o neng a le rekile mo go bomorwa Hamore, rraagwe Shekema.
17 斯て神のアブラハムに誓ひ給ひし約束の時近づきしに、民の數増して大いにエジプトに繁殖したれば、
Mme erile fa nako e atamela e Modimo o neng o tlaa diragatsa tsholofetso ya one mo go Aberahame go golola bana ba gagwe mo botlhankeng, Bajuta ba ntsifala thata mo Egepeto; mme ga tlhongwa kgosi e e neng e sena tlotlo mo segopotsong sa ga Josefa.
18 ヨゼフを知らざる他の王起るに及びて、
19 惡計を以て我等の種族に當り、我等の先祖を悩まして、其生子の存へざらん為に之を棄てしめたり。
Kgosi e ya nna kgatlhanong le losika lwa rona, ya pateletsa batsadi go latlhela bana ba bone mo masimong.
20 モイゼ此時に當りて生れたりしが、神に美しくして父の家に育てらるる事三月、
“Mme ka nako eo Moshe a tsalwa, ngwana yo o neng a bonala a na le bontle jwa Se-Modimo. Batsadi ba gagwe ba mo fitlha mo lwapeng se-lekanyo sa dikgwedi tse tharo,
21 然て遂に棄てられしをファラオンの女取挙げて、己が子として養育したり。
mme ya re kwa bofelong ba sa tlhole ba kgona go mo fitlha, ebile ba tshwanelwa ke go mo latlha, morwadia Farwe a mmona mme a mo ikgodisetsa e le ngwana wa gagwe,
22 斯てモイゼはエジプト人の學術を悉く教へられ、言行共に力ありしが、
mme a mo ruta botlhale jotlhe jwa Baegepeto, mme a nna kgosana e kgolo le sebui se se tumileng.
23 満四十歳の時、己が兄弟たるイスラエルの子孫を顧みんとの心起り、
“Mme erile letsatsi lengwe fa a atamela bo-tsalo jwa letsatsi la gagwe la dingwaga tse di masome a mane, a tlelwa ke mogopolo wa go etela ba ga gabo, batho ba Iseraele.
24 或人の害せらるるを見て之を防ぎ、エジプト人を討ちて被害者の讐を返せり。
Mo loetong lo a bona Moegepeto a sotla Moiseraele. Jalo Moshe a bolaya Moegepeto.
25 モイゼは兄弟等が、神の我手によりて己等を救ひ給ふべきを必ず悟るならんと思ひしに、彼等之を悟らざりき。
Moshe o ne a gopola gore ba ga gabo ba tlaa lemoga gore Modimo o mo rometse go tla go ba thusa, mme ba se ka ba lemoga.
26 翌日彼等の相争へる處に顕れて和睦を勧め、人々よ、汝等は兄弟なるに何ぞ相害するや、と云ひしかば、
“Ka letsatsi le le latelang a ba etela gape mme a fitlhela banna ba le babedi ba Baiseraele ba lwa. Mme a leka go ba letlanya a re ‘Banna, lo bana ba monna ga lo a tshwanela go lwa jaana! Ga go a siama.’
27 其近き者を害せる人、之を押退けて云ひけるは、誰か汝を立てて我等の司とし判官とせしぞ、
“Mme monna yo o molato a raya Moshe a re, ‘Re tlhokomologe o tlhokomele tsa gago. Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’
28 汝は昨日エジプト人を殺しし如く我を殺さんとするか、と。
A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole maabane?
29 此言によりモイゼ脱走してマヂアン地方に旅人と成り、彼處にて二人の子を挙げたり。
“Mme ka ntlha ya lefoko le, Moshe a tswa mo Egepeto, a tshabela kwa lefatsheng la Mediana, kwa o neng a tsala bana ba basimane ba le babedi gone.
30 四十年を経てシナイ山の荒野に於て、燃ゆる茨の焔の中に天使之に現れければ、
“Morago ga dingwaga di le masome a mane, mo sekakeng gaufi le Thaba ya Senai, moengele a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo mo setlhareng.
31 モイゼ見て其見る所を怪しみ、見届けんとして近づきけるに、主の聲ありて曰く、
Moshe a bona tiragalo e, mme a hakgamala gore ke eng, mme ya re a sianela go ya go bona, lentswe la Morena la bua nae le re,
32 我は汝の先祖等の神、即ちアブラハムの神、イザアクの神、ヤコブの神なり、と。モイゼ戰慄きて、敢て注視ず、
‘Ke Modimo wa bo-rraeno mogolwagolwane, Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Moshe a roroma ka poifo e kgolo mme a se ka a batla go leba.
33 主之に曰はく、足の履物を脱げ、汝の立てる所は聖地なればなり、
“Mme Morena a mo raya a re, ‘Rola ditlhako tsa gago, gonne o eme mo mmung o o boitshepo.
34 我はエジプトに在る我民の難を顧み、其嘆を聴きて彼等を救はん為に降れり、卒來れ、我汝をエジプトに遣はさん、と。
Ke bonye kutlobotlhoko ya batho ba me ba ba kwa Egepeto ebile ke utlwile selelo sa bone. Ke tsile go ba golola. Tla, ke tlaa go romela kwa Egepeto.’
35 斯て彼等が、誰か汝を立てて我等の司とし判官と為ししぞ、と云ひて拒みし此モイゼをば、神は茨の中に現れし天使の手を以て、司とし救人として遣はし給ひしなり。
“Mme jalo Modimo wa romela ene tota motho yo ba ga bone ba kileng ba mo gana ka go mo raya ba re, ‘Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’ Moshe o ne a rometswe go ya go nna molaodi le mmoloki wa bone.
36 モイゼ彼等を導き出して、エジプトの地に紅海に又荒野に、四十年の間奇蹟と徴とを行ひしが、
Mme ka dikgakgamatso tse dintsi a ba ntsha mo Egepeto a ba kgabagantsha Lewatle le le Hibidu, a bo a ba ralatsa sekaka selekanyo sa dingwaga di le masome a mane.
37 是ぞイスラエルの子等に向ひて、神は汝等の中より我如き一人の預言者を起し給はん、汝等之に聴くべし、と云ひし其モイゼなる。
“Moshe ka boene o ne a raya batho ba Iseraele a re, ‘Modimo o tlaa tsosa moporofiti yo o tshwanang le nna mo gare ga bo-morwa rraa lona.’
38 是即ち曾て荒野に會せし時、シナイ山にて共に語りし天使、及び我等の先祖と共に在りし人、我等に授くべき生命の言を授かりし人なり。
Mme se se ne sa supega se le boammaaruri, gonne mo sekakeng, Moshe e ne e le ene yo o fa gare, motsereganyi fa gare ga batho ba Iseraele le moengele yo o neng a ba naya molao wa Modimo, Lefoko le le Tshelangmo thabeng ya Senai.
39 我等の先祖は之に從ふことを拒み、却て彼を斥けて心をエジプトに転じ、
“Mme borraetsho ba ne ba gana Moshe, ba batla go boela kwa Egepeto.
40 アアロンに謂へらく、汝は我等に先んずべき神々を我等の為に造れ、蓋我等をエジプトの地より導き出しし彼モイゼに就きては、其如何になりしかを知らず、と。
“Ba raya Arone ba re, ‘Re direle medimo ya disetwa, gore re tle re nne le medimo e e re etelelang pele go boela kwa morago; gonne ga re itse gore go rileng kaga Moshe yo o re ntshitseng mo Egepeto.’
41 斯て彼等其時に當りて犢を造り、偶像に犠牲を献げ、己が手の業によりて喜びたりしかば、
Mme ba dira modimo wa namane mme ba o ntshetsa ditlhabelo, mme ba itumelela selo se, se ba se dirileng.
42 神は彼等を眷み給はず、其天軍に事ふるに任せ給へり。即ち預言者等の書に録したるが如し、[曰く]「イスラエルの家よ、汝等荒野に於て、四十年の間犠牲と供物とを我に献げしか、
Mme Modimo wa ba huralela wa ba tlogela, mme wa ba lesa ba direla letsatsi, ngwedi le dinaledi jaaka medimo ya bone! Mo lokwalong lwa polelelopele ya ga Amose, Modimo o botsa jaana wa re, ‘Iseraele, a o ne o direla nna setlhabelo mo sekakeng selekanyo sa dingwaga di le masome a mane?
43 汝等はモロクの幕屋、及び汝等の神とせるレンファの星形、即ち禮拝せんとて自ら造れる像を舁廻れり、然れば我汝等をバビロンの彼方に移すべし」と。
Nnyaa, tota kgatlhego ya gago e ne e le mo medimong ya seheitane ebong Sakutlhe, le modimo wa naledi Kaiwae, le mo ditshwantshong tsotlhe tse o di dirileng. Jalo ke tlaa go isa botshwarong kgakala go feta Babelone.’
44 抑證明の幕屋は我等の先祖と共に荒野に在りて、神がモイゼに語りて、自ら見たりし式に從ひて之を造れ、と命じ給ひし如くなりき。
“Mme borraetsho mogolwagolwane ba ne ba tsamaya le motlaagana ba ralala sekaka. Mo teng ga one ba ne ba beile matlapa a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. Kago e, e ne e agilwe fela ka thulaganyo e Moshe o neng a e kaetswe ke moengele.
45 斯て異邦人、即ち神が我等の先祖の面前に追払い給ひし民の國を占有せし時に、我等の先祖は此幕屋を取りて、ヨズエと共に之を携へ入りて、ダヴィドの時代に至りしが、
Erile morago ga dingwaga, fa Joshua a eteletse pele dintwa kgatlhanong le Badichaba, Motlaagana o ba tsena nao mo lefatsheng le lesha, mme wa dirisiwa go fitlhelela mo lobakeng lwa ga Kgosi Dafide.
46 ダヴィドは神の御前に寵を得て、ヤコブの神の為に住處を設けん事を願ひければ、
“Modimo o ne wa segofatsa Dafide a kopa tetlelelo ya go agela Modimo wa ga Jakobe Tempele e e siameng.
47 サロモンは神の家を建てたり。
Mme tota e ne ya agiwa ke Solomone.
48 然れど最高き者は、手にて造れる所に住み給ふ者に非ず、
Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone?
49 即ち「主曰はく、天は我座なり、地は我足台なり、汝等如何なる家をか我に造らん、我が息む所は何處なるか、
50 是皆我手の造りたるものならずや」と預言者の云へるが如し。
A ga ke a dira legodimo le lefatshe?’
51 項強くして心にも耳にも割禮なき者よ、何時も聖霊に逆らふこと、汝等の先祖の為しし如く、汝等も亦然す、
“Baheitane ke lona ba lo thamo di thata! A lo tshwanetse go ganetsa Mowa O O Boitshepo ka bosakhutleng? Mme borraalona ba ne ba dira jalo, a le lona lo dira jalo!
52 汝等の先祖は、預言者の中の何れをか迫害せざりし、彼等は義者の來臨を預言せる人々を殺したるに、汝等は今此義者をば売り且殺したる者となれり。
Bolelang moporofiti mongwe yo borralona ba iseng ba ke ba mmogise! Ba bolaile le ene tota yo o ntshitseng polelelopele ya go tla ga Mosiami, Mesia yo lo mo okileng lwa ba lwa mmolaya.
53 又天使によりて律法を受けしも、汝等は之を守らざりき、と[述べたり]。
Ee, lo sentse Melao ya Modimo ka bomo, le fa lo ne lo e amogetse mo diatleng tsa baengele.”
54 第四 ステファノの最期 此等の事を聞きて、人々の胸は裂くるが如く、ステファノに向ひて切歯すれども、
Mme baeteledipele ba Sejuta ba tenwa thata ke go omanngwa ke Setefane ba bo ba mo shenela meno ka kgakalo.
55 彼は聖霊に満ちたれば、天を仰ぎて、神の光榮と神の右に立ち給へるイエズスとを見て、
Mme Setefane, a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba ka iketlo kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a ntse ka fa letsogong le legolo la Modimo.
56 云ひけるは、看よ、我天開けて、人の子が神の右に立ち給へるを見奉る、と。
Mme a ba raya a re, “Bonang, ke bona legodimo le bulegile mme Jesu Mesia a eme fa thoko ga Modimo, ka fa letsogong la one le legolo!”
57 其時彼等耳を覆ひ、聲高く叫びつつ一同に撃ちかかり、
Mme ba mo gagautlha, ba ikaba ditsebe, ba tima lentswe la gagwe ka go goa thata,
58 ステファノを市街より追出して石を擲ちしが、立會人はサウロと云へる若者の足下に己が上衣を置けり。
mme ba mo gogela kwa ntle ga motse go ya go mo kgobotletsa ka matlapa. Basupi ba bagolo le babolai ba apola dibaki tsa bone ba di baya fa dinaong tsa lekawana lengwe le le bidiwang Saulo.
59 斯て彼等が石を擲つ程に、ステファノ祈入りて云ひけるは、主イエズス我魂を受け給へ、と。
Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.”
60 又跪きつつ聲高く呼はりて云ひけるは、主よ、此罪を彼等に負はせ給ふこと勿れ、と。斯く言終りて主に眠りけるが、サウロは彼の死刑に賛成したりき。
Mme a wela fa fatshe ka mangole, a goa a re, “Morena o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jo!” Mme ka mafoko ao, a swa.

< 使徒の働き 7 >