< 使徒の働き 21 >

1 我等は漸く彼等に別れて船に乗り、コス[島]に直航して翌日ロデ[島]に至り、其よりパタラ[市]に往きしが、
Mme erile re sena go kgaogana le ba golwane ba Efeso, ra tlhamalalela kwa Kosa, letsatsi le le latelang ra goroga mo Rodesa ra ba ra tswelela ra ya Patara.
2 フェニケアへ渡海する船に遇ひたれば、之に乗りて出帆し、
Mme foo ra tshwara sekepe se se yang kwa Siria mo kgaolong ya Finikia.
3 クプロ[島]沖に至り、之を左に見てシリアに渡り、チロに至れり。其は其處にて船荷を卸すべければなり。
Re ne ra bona setlhake sa Kopero, mme ra se feta ka fa molemeng ra ema mo Ture, kwa Siria, kwa sekepe se neng sa ololelwa teng.
4 然て弟子等を尋出して、其處に留る事七日なりしが、彼等は[聖]霊によりて、パウロにエルザレムへ上ること勿れ、と謂ひ居たり。
Mme re ne ra fologa mo sekepeng, ra bona badumedi, mme ra nna le bone selekanyo sa beke. Barutwa ba ba ne ba tlhagisa Paulo, Mowa O O Boitshepo o porofesa ka bone gore a seka a ya Jerusalema.
5 七日の後出發して往きけるに、彼等皆妻子と共に市外まで送りしかば、我等は海岸に跪きて祈り、
Mme erile bofelo ja beke fa re boela kwa mokorong, phuthego yotlhe mmogo le basadi le bana ba ya le rona kwa lotshitshing kwa re neng ra rapela ra bo ra ba sadisa sentle.
6 互に別を告げて、我等は船に乗り彼等は家に歸れり。
Mme rona ra palama sekepe bone ba boela gae.
7 斯て我等チロより海を渡り終てて、プトレマイスに上陸し、兄弟等に挨拶して彼等の許に留る事一日、
Mme kwa re neng ra ema teng gape go tloga kwa Ture ke kwa Potolomaia kwa re neng ra dumedisa badumedi teng mme ra tlhola nabo le-tsatsi le le lengwe fela.
8 翌日出立してカイザリアに至り、彼七人の一人なるフィリッポ福音師の家に入りて其許に留りしが、
Hong ra tswelela ra ya Kaesarea ra nna kwa lwapeng lwa ga Filipo wa Moefangele, mongwe wa batiakone ba ntlha ba ba supa.
9 是に童貞なる四人の女ありて、皆預言しつつありき。
O ne a na le bana ba basetsana ba le bane ba ba sa nyalwang ba ba neng ba na le mpho ya go porofesa.
10 我等が數日此處に止れる間に、アガポと云へる一人の預言者ユデアより來り、
Mme erile re santse re ntse malatsinyana, monna mongwe yo o neng a bidiwa Agabo, yo le ene o neng a na le mpho ya go porofesa, o ne a goroga a tswa Judea,
11 我等に近づきてパウロの帯を取り、己が手足を縛りて云ひけるは、聖霊曰はく、エルザレムに於て斯の如く、ユデア人此帯の主をば縛りて異邦人に付さん、と。
mme a re etela. O ne a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo ka one mme a re, “Mowa O O Boitshepo ware, mme fela jalo mong wa moitlamo o, o tlaa bofiwa ke Bajuta kwa Jerusalema a bo a isiwa Roma!”
12 之を聞きて、我等も土地の人々も、エルザレムに上ること勿れと願ひ居たれど、
Mme erile re utlwa mo, rona rotlhe badumedi ba mo gae le bapati ba gagwe ba o tsamayang nabo, ra kopa Paulo gore a seka a ya Jerusalema.
13 パウロ答へて云ひけるは、汝等何為ぞ泣きて我心を憂ひしむる、我は主イエズスの御名の為には、エルザレムに於て縛らるる耳ならず、死ぬる覚悟をさえ為せるなり、と。
Mme ene a re, “Lo lelelang? Lo mphatlola pelo! Gonne ke ipaakanyeditse gore ke se ka ka tshwarwa fela kwa Jerusalema, mme le gore ke swe ka ntlha ya Morena Jesu.”
14 我等は終に説得ずして、主の御旨の儘に成れかし、と云ひて止みたり。
Mme erile fa re bona gore ga a ka ke a rapelesega, ra itlhoboga mme ra re, “A go rata ga Morena go diragadiwe.”
15 數日の後、我等は旅支度してエルザレムに上る時、
Mme ya re morago ga moo ra phutha dilwana tsa rona ra ya kwa Jerusalema.
16 カイザリアよりの弟子數人、來りて我等に伴ひ、ムナソンと云へるクプロ生れの古き弟子の許に宿らせんとて、其家に伴ひ行けり。
Barutwa bangwe kwa Kaesarea ba tsamaya le rona, mme fa re goroga re ne re le baeng kwa lwapeng lwa ga Monasone; mongwe wa badumedi ba pele, yo o tlholegileng a tswa Kupero
17 第五項 エルザレムに於るパウロ就縛 エルザレムに至りしかば、兄弟等は我等を歓迎せり。
mme le badumedi botlhe kwa Jerusalema ba re amogela ka boitumelo.
18 翌日パウロ我等と共にヤコボの家に入りしに、長老等皆集りしかば、
Letsatsi la bobedi Paulo o ne a re tsaya go ya go kopana le Jakobe le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema.
19 パウロ彼等に接吻して、己が聖役に由りて異邦人の中に神の為し給ひし事を具に語りけるに、
Mme morago ga re dumedisana, Paulo a bolela gape dilo tse dintsi tse Modimo o di diretseng Badichaba ka tirelo ya gagwe.
20 彼等聞きて神を賞賛し、且パウロに謂ひけるは、兄弟よ、汝の見る如く、ユデア人の中信じたる者幾萬に及びて、皆律法の熱心家なるが、
Ba ne ba galaletsa Modimo mme ba re, “O a itse, mokaulengwe yo o rategang, gore go dumetse Bajuta ba le dikete tse kae. Mme ba gatelela thata gore Bajuta ba badumedi ba tshwanetse go sala ngwao ya bone morago.
21 彼等は、汝が異邦人中のユデア人に向ひ、面々の男子等に割禮を授くるに及ばず、慣例に從ふに及ばず、と云ひてモイゼに遠ざかる事を教ふるを聞けり。
Bakeresete ba rona ba Sejuta mono Jerusalema ba setse ba boleletswe gore lo kgatlhanong le melao ya ga Moshe, le ngwao ya rona ya Sejuta, le gore lo itsa bana ba bone go rupa.
22 然て如何にかすべき、彼等は汝が來れる事を聞くべければ、必ず夥しく來集るならん。
Mme jaanong go ka dirwang? Gonne ba tlaa utlwa gore lo tsile.
23 然れば我等が汝に告ぐる所を為せ、我等に誓願を有せる人四人あり、
“Rona re akanya jaana: Re na le banna ba le bane fano ba ba ipaakanyeditseng go ipeola le go ikana.
24 汝彼等を引取りて共に身を潔め、且費用を弁じて其頭を剃り得させよ、然せば人皆、汝に就きて聞きし所の僞にして、汝自ら律法を守りつつ歩める事を知るべし、
Tsamayang le bone kwa Tempeleng le lona lo fete lo ipeole, mme lo ba duelele go ipeola. Mme mongwe le mongwe o tlaa itse gore lo dumalana le Bakeresete ba Sehebera le gore le lona lo obamela melao ya Sejuta mme lo akanya jaaka rona mo dilong tse.
25 異邦人にして信じたる人々に関しては、我等議定して、唯、偶像に献げられし物と血と絞殺されしものと私通とを避くべし、と書贈れり、と。
Mme mo Bakereseteng ba Badichaba ga re ba laolele gore ba sale dingwao tse tsa Sejuta morago gotlhelele, fa e se tse re di ba kwaletseng kaga gore ba seka ba a ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa, ba seka ba a ja nama e e sa tshololwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng, le gore ba seka ba dira boaka.”
26 斯てパウロ彼人々を引取り、翌日身を潔めて共に[神]殿に入り、面々の為に供物を為さんとて、潔の期日を定めたり。
Mme jalo Paulo o ne a dumalana le kopo ya bone mme letsatsi le le latelang a tsamaya le banna a ya kwa Tempeleng, a dira gore maikano a gagwe a itsege ka go ntsha setlhabelo morago ga malatsi a supa le ba bangwe. Malatsi a supa a ne a tloga a fela fa Bajuta bangwe ba ba tswang Asia ba mmona mo Tempeleng mme ba tsosa mokubukubu mo bathong kgatlhanong nae. Ba ne ba mo tshwara,
27 七日の終らんとする時、[小]アジアよりのユデア人、パウロを[神]殿の内に見しかば、人民を煽動し、彼に手を懸けて叫びけるは、
28 助けよ、イスラエルの男子等、是至る處に人民と律法と此所とに反する事を人々に教へ、而も異邦人を[神]殿に入らしめて、此聖所を穢せる者なり、と。
ba goa ba re, “Banna ba Iseraele! Thusang! Monna yo ke ene yo o rerang kgatlhanong le batho ba rona a ba raya a re ba tlole melao ya Sejuta. Ebile o bua kgatlhanong le Tempele ebile a e leswafatsa ka go tsenya Badichaba mo teng.”
29 蓋彼等はエフェゾ人なるトロフィモが彼と共に市中に在るを見て、パウロ之を[神]殿に入れたりと思ひしなり。
(Gonne mo motseng letsatsi leo, ba ne ba mmonye a na le Terofimo wa Modichaba yo o tlholegileng kwa Efeso, mme ba gopola gore o tsentswe ke Paulo mo Tempeleng.)
30 是に於て市中挙りて立騒ぎ、人民馳集りてパウロを捕へ、[神]殿の外に引出ししが、門は直に鎖されたり。
Baagi ba motse otlhe ba ne ba shakgadiwa thata ke melato e a e pegwang mme ga tsoga mokubukubu o mogolo. Paulo o ne a gogelwa kwa ntle ga Tempele, mme ga tswalwa mabati ka bonako a sena go tsena.
31 然て人々パウロを殺さんと謀りければ、軍隊の千夫長の許に、エルザレム全く亂れたりとの報告あり、
Erile fa ba ntse ba leka go mmolaya, lentswe la tla mo molaoding wa mophato wa masole a Roma gore motse otlhe wa Jerusalema o feretlhegile.
32 千夫長直に、兵卒及び百夫長らを率ゐて人民の所に馳來りしかば、人々千夫長と兵卒とを見て、パウロを打つ事を罷めたり。
Mme a akofa a laola masole a gagwe le baeteledipele gore ba tsene fa gare ga boidiidi. Erile fa baferetlhi ba bona mephato e tla, ba khutlisa go betsa Paulo.
33 千夫長近づきて之を捕へ、命じて二の鎖にて繋がせ、是は誰なるぞ、何を為ししぞ、と尋ぬるに、
Mme molaodi wa mephato a tshwara Paulo mme a laola gore a bofiwe gabedi ka dikeetane. Mme a botsa boidiidi jwa batho gore ke mang le gore o dirileng.
34 群衆の中より口々に彼是と叫び、騒がしさに事實を確むる事能はざれば、命じてパウロを兵営の内に牽入れしめしが、
Bangwe ba ne ba bua se, ba bangwe le bone ba bua se sele. Mme erile fa a sa tlhaloganye se ba mo pegang molato ka sone, a laola gore Paulo a isiwe kwa kagong ya ditlhabano.
35 階段に至り、パウロ人民の[押合ふ]勢の為、兵卒に舁上げらるるに及べり、
Mme erile fa ba fitlha fa mapalamong ga nna pheretlhego e kgolo thata mo e leng gore masole a ne a tsholetsa Paulo a mmaya mo magetleng a bone go mmabalela,
36 其は彼を殺せと叫びつつ、人民夥しく後を慕へばなり。
mme boidiidi jwa batho jwa salela kwa morago bo goa bo re, “A a bolawe! A a bolawe!”
37 パウロ牽かれて兵営に入らんとする時、千夫長に向ひ、我汝に語りて可きか、と云ひしかば彼云ひけるは、汝ギリシア語を知れりや、
Mme erile fa Paulo a tloga a tsenngwa mo teng a raya molaodi a re, “A nka bua nao?” Molaodi a botsa ka kgakgamalo a re, “A o itse Segerika? A ga o Moegepeto yo o neng a eteletse pele ditsuulodi dingwaganyana tse di fetileng a bo a tsaya maloko a babolai a le dikete tse nne a ya nabo kwa sekakeng?”
38 過日騒動を起して四千人の刺客を野に引出ししエジプト人は汝に非ずや、と。
39 パウロ之に謂ひけるは、我實はシリシア[州]のタルソ生れなるユデア人にして、隠れなき町の公民なり、乞ふ人民に言ふ事を許せ、と。
Paulo o ne a fetola a re, “Nnyaa, Nna ke Mojuta kwa Tareso mo Kilikia, motse o o seng mmotlana. Ke kopa tetlelelo go bua le batho ba.”
40 彼許ししかば、パウロ階段に立ちて人民に手眞似したるに、皆沈黙したりければ、ヘブレオ語にて語りけるは。
Mme molaodi o ne a dumela, jalo Paulo a ema mo mapalamong mme a gwetlha batho ka seatla gore ba didimale; ka bofefo ga nna tidimalo mo bathong, mme a bua le bone ka Sehebera a re:

< 使徒の働き 21 >