< 使徒の働き 12 >

1 第三項 ヘロデ、アギリッパ第一世教會を迫害す 當時ヘロデ王は、教會の或人々を悩まさんとして手を下し、
Mme ka nako e o Kgosi Herode o ne a nna kgatlhanong le badumedi bangwe,
2 刃を以てヨハネの兄弟ヤコボを殺ししが、
mme a bolaya moaposetoloi Jakobe (mogoloa Johane).
3 其がユデア人の心に適へるを見て、亦ペトロをも捕へたり。時は無酵麪の祭日なりしかば、
Erile fa Herode a bona gore go itumedisa baeteledipele ba Bajuta jang, a tshwara Petere ka modiro wa Tlolaganyo,
4 之を捕へて監獄に入れ、過越祭の後人民の前に出さん心構にて、四人組の兵卒四組に之を守らせたり。
mme a mo tsenya mo kgolegelong, a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya masole a le lesome le borataro. Maikaelelo a ga Herode e ne e le go isa Petere kwa Bajuteng gore a bolawe morago ga modiro wa Tlolaganyo.
5 斯てペトロは監獄に守られつつあるに、教會は頻に彼が為に神に祈りを為し居たり。
Mme thapelo e e nonofileng e tswa mo phuthegong e ne ya tsena kwa Modimong gore Petere a babalesege ka nako tsotlhe fa a sa ntse a le mo kgolegelong.
6 然てヘロデが彼を出さんとする其前の夜、ペトロ二個の鎖に繋がれて二人の兵卒の間に眠り、看守等門前に在りて監獄を守り居たるに、
Bosigo pele ga nako e o neng a tshwanetse go bolawa ka yone, o ne a robetse, a bofilwe thata ka keetane a le fa gare ga masole a le mabedi le ba bangwe ba eme ba tlhokometse fa pele ga kgoro ya kgolegelo,
7 折しも主の使傍に現れ、光明室内に輝きたり。天使ペトロの脇を叩きて之を覚まし、急ぎ起きよ、と云ひければ、鎖其手より落ちたり。
fa ka tshoganetso go nna lesedi mo ntlwaneng ya kgolegelo mme moengele wa Morena a ema fa thoko ga ga Petere! Moengele a mo itaya fa lotlhakoreng go mo tsosa, a mo raya a re, “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe!
8 天使又、汝帯を締めて履物を穿け、と云ひしに、ペトロ然為ししかば、又、上衣を身に纏ひて我に随へ、と云へり。
Mme moengele a mo raya a re, “Apara o rwale ditlhako tsa gago.” Mme a dira jalo. Moengele a re, “Apara seaparo sa gago o ntshale morago!”
9 ペトロ出でて之に随ひ居たりしが、天使より為らるる事の眞なるを知らず、幻影を見る心地し居たり。
Mme Petere a tlogela ntlwana ya kgolegelo, a sala moengele morago. Mme ka nako yotlhe o ne a gopola gore ke toro kana ponatshegelo mme o ne a sa dumele gore tota go a direga.
10 然て第一第二の番所を過ぎて、市に通ずる鉄の門に至りしかば、其門自ら彼等の為に開け、共に出でて一筋の街を往きしに、天使俄に彼を去れり。
Ba ne ba feta ntlwana ya kgolegelo ya bobedi, mme ba tla fa kgorong ya tshipi fa mmileng, mme ya ba bulegela ka bo yone! ba feta ba tsamaya botlhe, mme moengele a mo tlogela.
11 其時ペトロ我に還りて、主が其使を遣りて我をヘロデの手、及びユデア人民の待設けし凡ての事より救出し給ひたるを今ぞ眞に覚りたる、と言ひて、
Mme kwa morago Petere a lemoga se se diragetseng; O ne a ithaya a re, “Ke boammaaruri! Morena o romile moengele wa gagwe ebile o mphaloditse mo go Herode le mo go se Bajuta ba neng ba ikemiseditse go se dira ka nna!”
12 思案しつつ、マルコと呼ばるるヨハネの母マリアの家に至れり。多くの人此處に集りて祈り居けるを、
Morago ga a itharabologelwa a ya kwa lwapeng lwa ga Marea, mmaagwe Johane Mareko, kwa ba le bantsi ba neng ba kgobokanetse thapelo teng.
13 ペトロ門の扉を叩きければ、ロデと云へる下女聞きに出で、
O ne a kokota fa setswalong, se se kwa ntle, mme mosetsana yo o bidiwang Roda a tla go bula.
14 ペトロの聲を聞知るや、喜の餘り門を開かずして奥に駈入り、ペトロ門前に立てり、と告げしかば、
Erile fa a lemoga lentswe la ga Petere, a itumela thata mo a neng a tabogela mo teng go bolelela mongwe le mongwe gore Petere o eme kwa ntle mo mmileng.
15 人々ロデに向ひ、汝は心狂へり、と云ひたれど、下女は、其なりと断言するに、人々、其はペトロの天使ならん、と云ひ居たり。
Ga ba a ka ba mo dumela. Ba ne ba re, “O a tsenwa,” mme erile a tlhomamisa ba re, “E tshwanetse ya bo e le moengele wa gagwe. (Ba tshwanetse ba bo ba mmolaile).”
16 然れどペトロ叩きて止まざれば、人々門を開き、彼を見て驚きしが、
Ka lobaka loo Petere ene o ne a tsweletse a kokota.
17 彼手眞似にて人々を静め、主の己を監獄より取出し給ひし次第を語り、是等の事をヤコボ及び兄弟等に告げよ、と云ひて、出でて他の處に往けり。
A ya kwa go bone a ba didimatsa mme a ba bolelela se se diragetseng le ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. Erile a tsamaya are, “Bolelelang Jakobe le ba bangwe se se diragetseng.”
18 拂暁に及びて、ペトロは如何にせしぞ、とて兵卒中の騒一方ならず、
Mme ya re fa bosigo boo sa, ga tsoga pheretlhego e kgolo kwa kgolegelong. Batlhabani ba botsanya gore Petere o ile kae?
19 ヘロデはペトロを索めて之を見出さざりしかば、看守を審問して死罪に處し、斯てユデアよりカイザリアに下りて、其處に留れり。
Erile fa Herode a romela gore a Petere a ye go bidiwa mme a utlwa gotwe ga a yo, a laola gore batlhokomedi ba ba lesome le borataro ba tshwarwe, mme ba bolawe. Erile kwa morago a tsamaya go ya go nna kwa Kaesarea ka lobakanyana.
20 然てチロ及シドンの人々、ヘロデの怒に触れしにより、心を合せて彼が許に至り、王室の侍從プラストの紹介を得て和睦を求めたり、其は彼等の地方は王の國によりて糊口すればなり。
Erile a ntse a le mo Kaesarea, ga tla barongwa ba ba neng ba tswa Ture le Sidoma ba tsile go mmona. Ga a ka a itumelela batho ba metse e mebedi eo, mme barongwa ba itsalanya le Belaseto, mokwaledi wa bogosi, ba bo ba kopa kagiso, gonne mo kgwebong, metse ya bone e ne e ikaegile thata mo lefatsheng la ga Herode.
21 期日に當りてヘロデ王服を着し、高座に就きて彼等に談話を為しけるを、
Go ne ga dirwa tumalano ya go buisanya le Herode, mme erile fa letsatsi leo le tla, a apara diaparo tsa gagwe tsa bogosi, a nna mo setilong sa gagwe mme a bua nabo.
22 人民、是神の聲なり、人の聲に非ず、と稱讃せるに、
Mme erile kwa bokhutlong batho ba duduetsa ba re, “Ke lentswe la Modimo e seng la motho!”
23 ヘロデ神に光榮を歸せざりければ、忽ち主の使に打たれ、蟲に喰まれて死せり。
Ka bonako, moengele wa Morena a otlhaya Herode ka bolwetse mo e leng gore o ne a jewa ke diboko a ntse a tshela mme a swa ka gonne o ne a amogela kobamelo ya batho go na le gore a galaletse Modimo.
24 斯て、主の御言榮え広がりつつありしが、
Mafoko a Modimo a a Molemo a ne a anama ka bofefo mme go ne ga nna badumedi ba basha ba le bantsi.
25 バルナバとサウロとは聖役を終へ、マルコとも呼ばるるヨハネを携へてエルザレムより歸れり。
Mme Barenabase le Paulo ba ne ba etela Jerusalema, mme ya re ba sena go fetsa tiro ya bone, ba boela kwa Antioka, ba tsaya Johane Mareko.

< 使徒の働き 12 >