< テモテへの手紙第二 4 >

1 我神の御前、又生者と死者とを審判し給べきイエズス、キリストの御前に於て、其公顕と御國とに對して希ふ、
Mme jalo ke go kgothatsa ka tlhwaafalo fa pele ga Modimo le fa pele ga ga Jesu Keresete yo e tlaa reng letsatsi lengwe a bo a atlhola batshedi le baswi fa a tla go tlhoma bogosi jwa gagwe,
2 汝御言を宣傳へて、時なるも時ならざるも、切に勧め、忍耐を盡し、教理を盡して、且戒め且希ひ且威せ。
go rera Lefoko la Modimo ka tlhwaafalo ka nako tsotlhe, go le lobaka le go se lobaka, fa go siame le go sa siama. Siamisa o bo o kgalemele batho ba gago fa ba tlhoka kgalemelo, ba kgothatse go dira tshiamo, mme ka nako tsotlhe o ba otla ka Lefoko la Modimo ka bopelotelele.
3 蓋時至らば、人々健全なる教に堪へず、耳痒くして、私欲のまにまに己が為に教師を蓄へ、
Gonne go tlaa tla lobaka lo batho ba se kitlang ba reetsa boammaaruri, mme ba tlaa tsamaya ba batla baruti ba ba tlaa ba bolelelang fela se ba batlang go se utlwa.
4 耳を眞理に背け、身を寓言に委ぬるに至らん。
Ga ba kitla ba reetsa se Baebele e se buang mme ba tlaa latela megopolo ya bone e e foufetseng.
5 然れど汝は慎みて萬事を凌ぎ、福音師の業を為して己が[聖]役を盡せ。
Ema o tsepame, mme o se ka wa tshaba go bogela Morena. Tlisa ba bangwe kwa go Keresete. O se ka wa tlogela sepe se sa dirwa se o tshwanetseng go se dira.
6 蓋我は最早供物に濯がれ、去るべき時期切迫せり。
Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong.
7 我善き戰を戰ひ、走るべき道を果たし、信仰を保てり。
Ga ke bolo go tlhabanela Morena thata ka lobaka lo loleele, mme mo go tsone tsotlhe ke ntse ke le boammaaruri mo go ene. Mme jaanong lobaka lo fitlhile lwa gore ke khutlise ntwa ke itapolose.
8 殘る所は、正義の冠我為に備はれるのみ、正しき審判者にて在す主は、彼日に於て之を我に賜ふべく、而も獨り我のみならずして、其降臨を愛する人々にも賜ふべきなり。
Kwa legodimong serwalo se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.
9 結末 急ぎて我許に來れ、
Tswee-tswee tla ka bonako le ka bofefo jo o ka bo kgonang,
10 蓋デマスは此世を好み、我を棄ててテサロニケに行き、クレセンスはガラチアに、チトはダルマチアに行き、 (aiōn g165)
gonne Demase o ntlogetse. O ratile dilo tse dintle tsa lefatshe leno o ile Theselonika. Keresenese o ile Galalea, Tito o ile Dalamatia. (aiōn g165)
11 ルカ一人我と共に在り。汝マルコを誘ひて共に來れ、其は彼は[聖]役の為に我に益あればなり。
Ke Luke fela yo o nang le nna. Tla le Mareko fa o tla, gonne ke a mo tlhoka.
12 チキコは我之をエフェゾに遣はせり。
(Tukiko le ene o tsamaile, ke mo rometse kwa Efeso)
13 汝來る時、我がトロアデにてカルポの家に遺置きたる上衣と書物と、特に羊皮紙とを持來れ。
E re fa o tla, o se ka wa lebala go ntlela kobo e ke e tlogetseng kwa Teroase mo go mokaulengwe Karepo, le dikwalo, mme bogolo, thata tsa matlalo.
14 鍛冶屋アレキサンデル大いに我を悩せり、主は其業に應じて報い給ふべし、
Alekesanta mothudi wa kgotlho o nkutlwisitse botlhoko thata. Morena o tlaa mo otlhaya,
15 彼は甚しく我言に逆らひし者なれば、汝も之に遠ざかれ。
mme o mo tshabe, gonne o tlhabana le sengwe le sengwe se re se boletseng.
16 我初の弁護の時、我に立會ふ者一人もなく、皆我を棄てたり、願はくは其罪を彼等に歸せられざらん事を。
Erile lwa ntlha fa ke tlisiwa fa pele ga moatlhodi go ne go sena ope fano go nthusa, Mongwe le mongwe o ne a siile. Ke solofela gore ga ba kitla ba bewa molato kaga gone.
17 然れど宣教が我を以て全うせられ、凡ての異邦人の聴かん為に、主は我と共に立ちて我を堅固ならしめ給へり、斯て我は獅の口より救はれたるなり。
Mme Morena o ne a ema le nna, a nnaya lobaka lwa go rera thero yotlhe ke sena poifo gore lefatshe le utlwe. Mme o ne a mpoloka gore ke se latlhelwe mo ditaung.
18 主は我を一切の惡業より逃れしめ給ひ、尚其天國に於て我を救ひ給ふべし、主に世々光榮あれかし、アメン。 (aiōn g165)
Ee, Morena o tlaa nna a nkgolola ka nako tsotlhe mo bosuleng jotlhe mme o tlaa ntlisa mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. A kgalalelo e nne go Modimo ka metlha le metlha. Amen. (aiōn g165)
19 プリスカとアクィラとオネジフォロの家とに宜しく傳へよ。
Tswee-tswee “ntumedisetsa” Peresila le Akwila le ba ba nnang le Onesiforo.
20 エラストはコリントに留りしが、トロフィモは病ありて、我之をミレトに遺せり。
Eraseto o fetile a sala kwa Korintha, mme ke tlogetse Terofimose a lwala kwa Mileto.
21 冬に先ちて急ぎ來れ、ユウプロとプデンスとリノとクロオディアと凡ての兄弟と、汝に宜しくと言へり。
Leka gore o bo o le kwano pele ga mariga. Eubulo o a go dumedisa le Padense, le Lino, le Kalaudia le ba bangwe botlhe.
22 願はくは主イエズス、キリスト汝の霊と共に在し、恩寵汝等と共に在らん事を、アメン。
A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago. Sala sentle, ke le, Paulo.

< テモテへの手紙第二 4 >