< コリント人への手紙第二 7 >

1 然れば我至愛なる者よ、我等此御約束を得て己を霊肉の凡ての穢より潔め、神を畏れ奉りて聖となる事を全うすべし。
Ka re na le ditsholofetso tse di kgolo tse, ditsala tse di rategang, a re fulareleng sengwe le sengwe se se ka re leswefatsang, a e ka bo e le mo mmeleng kgotsa mo moweng mme re iphepafatse gore re nne mo poifong-Modimo ka botlalo, re ineele one o le nosi.
2 第五項 前書簡に関して説明を與へコリント人との親睦を全うせんとす 我等を承容れよ、我等は誰をも害せず、誰をも傷はず、誰をも掠めし事なし。
Tswee-tswee re buleleng dipelo tsa lona gape, gonne ga go ope wa lona yo re kileng ra mmogisa. Ga go ope wa lona yo re mo timeditseng. Ga re a tsietsa ope le fa e le go tseela ope sepe.
3 我が斯の如く言ふは汝等を咎めんとには非ず、其は生死を倶にすべく汝等我等の心に在りとは我が既に言ひたる所なればなり。
Ga ke bue se go lo omanya kgotsa go lo kgala, gonne jaaka ke setse ke buile, lo mo pelong ya me ka bosakhutleng, ebile ke tshela ke bo ke swa le lona.
4 我汝等を信用する事大いにして、汝等を以て誇とする事大いなり。我等が一切の患難の中に於て、我は慰に満ち喜に堪へず。
Ke lo ikantse thata, le boikgantsho jwa me mo go lona bo bogolo. Lo nkgothaditse thata; lo intumedisitse thata le mo dipogisong tsa me tsotlhe.
5 蓋マケドニアに至りし時、我等の肉身は聊も安き事なく、一切の患難に遇ひ、外には争、内には懼ありき。
Erile re goroga mo Masedonia re ne re sena boitapoloso; ka kwa ntle, matshwenyego a ne a le gongwe le gongwe a re dikaganyeditse; mo teng ga rona, dipelo tsa rona di ne di tletse letshogo le poifo.
6 然れど謙る人々を慰め給ふ神は、チトの來着に由りて我等を慰め給へり。
Mme Modimo o o nametsang ba ba dipelo di botlhoko wa re nonotsha ka go goroga ga ga Tito.
7 唯其來着に由りて耳ならず、尚彼が汝等の中に慰められし慰を以てせり。即ち汝等の我を慕ふ事、其歎、其熱心を我等に告げしかば、我喜は更に大いなりき。
E ne e se go bonala ga gagwe fela mo go neng ga re itumedisa, mme le mafoko a o neng a a tlisa ka lobaka lo lo ntle lo a neng a na le lona ka lone. Fa a mpolelela ka fa lo neng lo ntebeletse ka teng, le ka fa lo neng lo hutsahetse ka teng ka ga se se neng se diragetse, le kaga boammaaruri jwa lona le lorato mo go nna, jalo, ka itumela thata!
8 蓋我書簡を以て汝等を悲ましめたれども、之を後悔せず、假令其書簡が暫しにても汝等を悲ましめしを見て後悔したる事ありとも、
Ga ke tlhole ke utlwa botlhoko ka go bo ke lo romeletse lokwalo loo, ntswa ke ne ka utlwa botlhoko ka lobakanyana ke lemoga ka fa go neng go tlaa lo utlwisa botlhoko ka teng. Mme go ne go lo tlhokofaditse ka lobakanyana fela.
9 今は喜べり。是汝等の悲みし故に非ず、悲みて改心するに至りたる故なり。汝等の悲みしは神に順ひしものなれば、我等より何等の損害をも受けざるなり。
Jaanong ke a itumela ka ke lo lo romeletse, e seng ka ntlha ya gore e lo utlwisitse botlhoko, mme e leng ka ntlha ya gore le kutlo-botlhoko e lo buseditse mo Modimong. E ne e le khutsafalo e e siameng e lo e utlwileng, khutsafalo e Modimo o batlang batho ba one ba nna nayo gore ke se ka ka tla mo go lona ka kgakalo.
10 蓋神に順ひての悲は、悔なき救霊に至るべき改心を生じ、世間の悲は死を生ず。
Gonne ka dinako tse dingwe Modimo o dirisa bofutsana mo matshelong a rona go re thusa go ikwatlhaela sebe le go batla botshelo jo bosakhutleng. Re se ka ra utlwa botlhoko ka go bo romela ga one. Mme bohutsana jwa motho yo o seng Mokeresete ga se bohutsana jwa boikwatlhao jwa boammaaruri ebile ga bo kake jwa kganela loso lo lo sa khutleng.
11 看よ汝等が神に順ひて悲みしは、如何ばかりの奮發、而も弁駁、而も憤激、而も恐怖、而も愛慕、而も熱心、而も罪を責むる事を汝等の中に生じたるかを。汝等は萬事の上に此件に就きて穢に染まざる事を顕せり。
Bonang fela gore bo-molemo jwa khutsafalo e e tswang mo Modimong bo lo diretse go le kae! Ga lo tlhole lo kgotha magetla a lona mme lo ne lwa tlhwaafala lwa ba lwa ikanyega, lwa ba lwa tlhwaafalela thata go tlogela boleo jo ke lo kwale-tseng kaga jone.
12 然れば我が汝等に書遣りしは、害を為しし人の為に非ず、害を受けし人の為にも非ず、我等が汝等に對して神の御前に有てる奮發を顕さん為なり。
Lo ne lwa tshoga kaga se se neng sa diragala, lwa ba lwa tlhwaafalela go tla go thusa, lo ne lwa baakanya matshwenyego lwa ba lwa a fenya lwa otlhaya monna jaaka ke ne ka dira gore Morena a tle a ntshupegetse selekanyo se lo re tlhokometseng ka sone. Seo e ne e le maikaelelo a me go thusa monna yo o leofileng, kgotsa rraagwe yo o mo diretseng phoso.
13 斯て我等は慰を得、慰を得たる上に尚チトの喜によりて一層喜べり。其は彼の精神、汝等一同に由りて安んぜられたればなり。
Mo kgothatsong e lo re e neileng ka lorato lwa lona, re ne ra itumedisiwa ke boitumelo jwa ga Tito ka fa lo neng lwa mo amogela sentle ka teng lwa ba lwa dira gore a ikutlwe a le mo gae.
14 我曾て彼の前に汝等を以て誇とせしも耻とする所なく、我等が汝等に語りし所の皆眞なりし如く、チトの前に誇りし事も亦眞となれり。
Ke mmoleletse ka fa go tlaa nnang ka teng, ke mmoleletse pele ga a ntlogela ka boikgantsho jwa me ka lona, mme ga lo a ka lwa ntlhabisa ditlhong, ke ne ke aga ke lo bolelela boammaaruri ka metlha yotlhe, mme jaanong boikgantsho jwa me ka Tito le jone bo supile boammaaruri!
15 彼は汝等一同の從順と恐慄きつつ己を歓迎したる態とを思出して、其腸の汝等に向へる事更に深し、
O lo rata thata bogolo go gaisa fa a gakologelwa ka fa lo neng lo mo reeditse ka teng ka lorato, ebile lo mo amogetse ka tlhwaafalo le ka lorato lo lo hakgamatsang.
16 我萬事につけて汝等を信用するを喜ぶ。
Mo go intumedisa jang, ka ntlha ya gore jaanong ke tlhomamisa gore rotlhe go siame mo go rona, gape ke ka nna le boikanyo mo go lona.

< コリント人への手紙第二 7 >