< コリント人への手紙第二 6 >

1 我等は[キリストの]助手として、汝等が神の恩寵を徒に受けざらん事を勧む、
Mme jaaka badiri le Modimo re lo kopa gore lo se phaile molaetsa o o hakgamatsang wa bopelonomi jo bogolo ja Modimo.
2 蓋曰はく、「我宜き時に汝の願を聴き救の日に汝を助けたり」と。今こそは宜き時なれ、今こそは救の日なれ。
Gonne Modimo wa re, “Selelo sa lona se tsile mo go nna ka nako e e tshwanetseng, fa dikgoro tsa kamogelo di ne di atlhame. Ke lo thusitse ka letsatsi le poloko e neng e abiwa ka lone.” Gone jaanong Modimo o ipaakanyeditse go lo amogela. Gompieno o ipaakanyeditse go lo boloka.
3 我等聖役を譏られざらん為に誰の意をも損はず、
Re leka go tshela ka tsela e e siameng gore ope a se ka a dira molato kgotsa a boela kwa morago mo go batleng Morena ka tsela e re dirang ka yone, gore ope a se ka a re bona molato a ba a o baya mo Moreneng.
4 却て萬事に於て己を神の役者として顕す。即ち大いなる堪忍を以て、患難にも、困窮にも、苦悩にも、
Mme tota, mo go sengwe le sengwe se re se dirang, re leka go supa gore re baruti ba boamaaruri ba Modimo. Ka bobelotelele re itshokela pogiso le mathata matshwenyego a mefuta yotlhe.
5 負傷するも、監獄に在るも、騒亂にも、勞働にも、徹夜にも、断食にも。
Re iteilwe, ra tsenngwa mo dikgolegelong, ra lebagana le bo nko-di-aboga, ra dira thata, ra nna re lebeletse mo masigong re sa robale, ra ba ra ikitsa dijo.
6 貞潔と學識と、耐忍と温良と、聖霊[の好果]と僞なき愛と、
Re itshupile go nna se re se ipitsang ka matshelo otlhe a rona le ka go tlhaloganya Efangele le ka bobelotelele jwa rona. Re ntse re le tshiamo le boamaaruri jwa lorato le go tladiwa ka Mowa O O Boitshepo.
7 眞理の言と神の御力と、左右に持る義の武器とを以て、
Re ntse re le boammaaruri ka nonofo ya Modimo e re thusa mo go tsotlhe tse re di dirang. Ditlhabano tsotlhe tsa motho yo o boifang Modimo, ditlhabano tsa phemelo, le ditlhabano tsa go tlhasela, e ntse e le tsa rona.
8 又尊榮と耻辱、惡評と好評とを以て、人を惑はす者の如くにして而も眞實に、知られざるが如くにして而も人に知られ、
Re emetse Morena ka boammaaruri le fa bangwe ba re tlotla kgotsa ba re nyatsa, le fa ba re tshwaya diphoso kgotsa ba re baka. Re a ikanyega, mme ba re bitsa baaki.
9 死するに似て而も活くる事斯の如く、懲さるるに似て而も殺されず、
Lefatshe le a re itlhokomolosa, mme re itsiwe ke Modimo; re tshela gaufi le loso, mme ke rona ba, re santse re itekanetse. Re ne ra bolaesega mme ra bolokesega mo losong.
10 憂ふるが如くなるも常に喜び、乏しきが如くなるも多くの人を富ましめ、有する所なきが如くにして一切を有し、[以て神の役者として己を顕すなり]。
Dipelo tsa rona di botlhoko, mme le fa gontse jalo re na le boitumelo jwa Morena. Re humanegile, mme re abela ba bangwe dimpho tse di kgolo tse di humileng tsa semowa. Ga re a itsholela sepe, mme le fa go ntse jalo re itumelela sengwe le sengwe.
11 嗚呼コリント人よ、我等の口は汝等に開き、我等の心は広くなれり、
Oo, ditsala tsa me tsa Korintha! “Ke lo boleletse maikutlo ame otlhe; ke lo rata ka pelo yame yotlhe”.
12 汝等が我等の中に狭めらるるには非ず、汝等の腸こそ狭きなれ。
Botsididi jo bo sa leng teng mo gare ga rona ga se ka ntlha ya tlhaelo epe ya lorato ka fa ntlheng ya me, mme ka gore lorato lwa lona lo lo nnye thata jalo ga lo nkame go ntsenya mo teng.
13 我わが子に謂ふが如くに語らん、我に等しく報いん為に汝等も開かれよ。
Ke bua le lona jaa-nong jaaka ekete lo bana ba e leng ba me. Re buleleng dipelo tsa lona! Re supegetseng lorato!
14 汝等不信者と軛を同じうする事勿れ、蓋義と不義と何の與る所かあらん、光と闇と何の與する所かあらん、
Lo se tlhakane le ba ba sa rateng Morena, gonne batho ba Modimo ba ka tlhakanela eng le baleofi? Lesedi le ka nna jang le lefifi?
15 キリストとベリアルと何の約する所かあらん、信者と不信者と何の關る所かあらん、
Mme ke bokopano bofe jo bo ka nnang mo gare ga ga Keresete le Diabolo. Mokeresete o ka nna le botsalano jang le motho yo o sa dumeleng.
16 神殿と偶像と何の一致する所かあらん、神の曰へる如く、汝等は活ける神の[神]殿なり、曰く、「我彼等の中に住み、彼等の間に歩まんとす、而して我彼等の神となり、彼等我民となるべし」、
Mme go ka nna le bokopano bofe fa gare ga Tempele ya Modimo le medimo ya disetwa? Gonne lo Tempele ya Modimo, legae la Modimo o o tshelang, mme Modimo o buile kaga lona jaana wa re, “Ke tlaa nna mo go bone, ke bo ke tsamaya mo go bone, mme ba tlaa nna batho bame le nna ke tlaa nna Modimo wa bone.”
17 又、「主曰はく、然れば汝等彼等の中より出でて之を離れよ、不潔なるものに触る事勿れ、
Ke gone ka mo Morena o boileng a re, “Ba leseng; ikgaoganyeng le bone; lo se ka lwa ama dilo tsa bone tse di maswe (makgapha), mme ke tlaa lo amogela,
18 斯て我汝等を承けて汝等の父となり、汝等わが子女とならん、と全能の神曰へり」と。
Ke tlaa nna Rraalona, le lona lo tlaa nna bomorwaake le bo-morwadiake.”

< コリント人への手紙第二 6 >