< コリント人への手紙第二 2 >

1 然て我心の中に、再び悲を以て汝等に至らじと定めたり、
Ke ne ka ithaya ka re “Nnyaa, ga nke ke go dira. Ga ke na go ba utlwisa botlhoko ka loeto lo longwe lo lo botlhoko”.
2 蓋我もし汝等を悲しましめば、我が悲しましむる其者ならで誰か我を喜ばしめんや。
Gonne fa ke lo utlwisa botlhoko, ke mang yo o tlaa intumedisang? Ke lona ba lo tshwanetseng go go dira, mme lo ka intumedisa jang fa ke lo utlwisa botlhoko?
3 我が曩に汝等に書遣りしも、至らん時我を喜ばすべき筈の人々に由りて、却て悲に悲を重ぬる事なからん為にして、我喜は汝等一同の喜なりと、汝等一同に就きて信ずる故なり。
Ke gone ka moo ke kwadileng jaaka ke ne ka kwala mo lokwalong lwa bofelo, gore lo tle lo tlhamalatse dilo pele ga ke tla. Mme fa ke tla, ga ke na go utlwisiwa botlhoko ke ba ba tshwanetseng go intumedisa thata. Ke ne ka tlhomamisa gore boitumelo jwa lona ke selo se le sengwe fela le jwa me gore ga lo kitla lo itumela fa e se ke tla ka boitumelo.
4 蓋我大いなる患難と心痛とにより、多くの涙を以て汝等に書遣れり、是汝等を悲しましめんとには非ず、汝等に對する我寵の殊に深きを知らしめん為なりき。
Oo, kana ke ne ke sa rate jang go kwala lokwalo lole! Go batlile go mphatlola pelo thata mo ebileng ke lo bolelela ka boammaaruri gore ke ne ka lela. Ke ne ke sa batle go lo utlwisa botlhoko, mme ke ne ke tshwanetse go lo bontsha gore ke lo rata go le kae le go lo tlhokomela kaga se se neng se lo diragalela.
5 若悲しましめたる人あらば、其は我[のみ]を悲しましめたるに非ずして、幾許か汝等一同を悲しましめたるなり、我は激しく責めじとて斯く言ふ。
Gakologelwang gore monna yo ke neng ke kwala kaga gagwe, yo o tsositseng matshwenyego otlhe, ga a nkhutsafatsa jaaka lona lotlhe, ntswa ke na le seabe mo go sone le nna. Ga ke batle go nna thata mo go ene go feta jaaka ke tshwanetse. O otlhailwe thata ke go mo gana ga lona.
6 然る人は多くの人より受けたる譴責にて事足れり。
7 汝等は寧之を宥恕し且慰めよ、恐くは其人堪へ難き悲しみに沈むべければ、
Jaanong ke nako ya go mo itshwarela le go mo gomotsa. Fa go sa nne jalo o ka galakega thata a bo a ngodiega mo a se ka keng a fola.
8 我は汝等が彼に對して、愈愛を加へん事を希ふ。
Tsweetswee, mmontsheng gore lo santse lo mo rata thata.
9 曩に書遣りしも是が為にして、汝等が萬事に從へるや否やを試に知らんとてなりき。
Ke lo kwaletse jaaka ke ne ka dira gore ke tle ke bone go re go ka lo tsaya lobaka lo lo kae go nkutlwa.
10 抑汝等何事をか人に赦したらば我も然せん、我が赦したる事あるも汝等に對してキリストの御前に赦したるなり。
Fa lo itshwarela mongwe, ke a mo itshwarela le nna. Mme le fa e le eng se ke se itshwaretseng, (mo e leng gore le nna go nkamile) go itshwaretswe ka tetlelelo ya ga Keresete le gone go lo solegela molemo.
11 是は我等サタンの謀を知らざるに非ざれば、之に籠絡せられざらん為なり。
Lebaka le lengwe la boitshwarelo ke go ikgapha mo go tsiediweng ke Satane; gonne re itse se o lekang go se dira.
12 然我キリストの福音の為トロアデ[町]に至りしに、主我に門を開き給ひたれど、
Jalo e rile ke fitlha bokgakaleng jwa motse wa Terase, Morena a nnaya dinako tse di ntle tsa go rera Efangele.
13 我は我兄弟チトに遇はざるによりて心安からず、別を彼等に告げてマケドニアに出發せり。
Mme Tito, Mokaulengwe wa me yo o rategang, o ne a seyo go nkgatlhantsha, mme ka se ka ka nna le boiketlo mo pelong, ke hakgamatse gore o kae le gore o diragaletswe ke eng. Mme ka laela ka tlhamalalela kwa Masedonia go leka go mmona.
14 我等をして何時もキリスト、イエズスによりて勝を得させ、且我等を以て彼を知る事の香を何處にも顕し給へる神に感謝し奉る。
Mme a go lebogwe Modimo! ka se Keresete a se dirileng, ka go re naya phenyo gore gongwe le gongwe fa re tsamayang teng a re dirise go bolelela ba bangwe kaga Morena le go anamisa Efangele jaaka setlolo se se monate.
15 蓋救はるる人にも亡ぶる人にも、我等は神の御為キリストの馨しき香なり、
Ka ntlha ya Modimo go na le monko o o monate mo matshelong a rona. Ke monko o o monate wa ga Keresete mo go rona, monko o o monate mo go ba ba bolokilweng le ba ba sa bolokwang mo tikologong yotlhe ya rona.
16 或人には死の香にして死に至らしむれど、或人には生の香にして生に至らしむ。而も、誰か此等の任に勝へたる者ぞ。
Mo go ba ba sa bolokwang, re bonala jaaka monko o o boitshegang wa loso le tshenyego fa mo go ba ba itseng Keresete re le setlolo se se nayang botshelo. Mme ke mang yo o nonofetseng tiro e e ntseng jaaka e.
17 蓋我等は多くの人の如くに神の御言を僞造せず、眞實の儘に神より出づる如く、神の御前にキリストに於て語る。
Ke bao fela ba ba tshwanang le rona, batho ba ba itekanetseng ba ba romilweng ke Modimo, ba bua ka nonofo ya ga Keresete, le leitlho la Modimo le re okame. Ga re tshwane le ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, ebile ba bantsi thata, ba megopolo ya bone mo go tsamaiseng Efangele e leng ipapalelo ka yone.

< コリント人への手紙第二 2 >