< コリント人への手紙第一 6 >

1 第二項 信者間の訴訟 汝等の中に相関係せる事件ある時、其審判を聖徒に願はずして、正しからざる人々に願ふ事を敢てする者あるは何ぞや。
Go ka nna jang fa o na le sengwe kgatlha nong le Mokeresete yo mongwe, o “ya kwa Molaong” o ya go kopa tshekelo ya boheitane go go atlholela mo boemong jwa go e tseela kwa Bakereseteng ba bangwe go ya go atlhola gore ke ofe wa lona yo o siameng?
2 聖徒は此世を審くべき者なりと知らずや、然れば世は汝等より審かるべきに、汝等は、極めて些細なる事を審くに足らざるか。
A ga lo itse gore letsatsi lengwe rona Bakeresete re tlaa atlhola re be re busa lefatshe? Jalo ke eng fa lo sa kgone go atlhola le tsone dilonyana tse di nnye tse di mo gareng ga lona.
3 知らずや我等は天使等を審くべき者なり、况や世の事をや。
A ga lo lemoge gore rona Bakeresete re tlaa atlhola re bo re duela baengele ba ba mo legodimong. Jalo lo tshwanetse go atlhola matshwenyego a lona mono lefatsheng ka bomotlhofo jo bogolo.
4 故に若審くべき此世の事件あらば、之を審く為に教會内の卑しき人々を立てよ。
Ke eng fa jaanong lo ya kwa baatlhoding ba ba kwa ntle ba e seng Bakeresete?
5 斯く言へるは汝等を辱しめんとてなり。然らば其兄弟の間の事を審くべき賢き者、汝等の中に一人も在らざるか。
Ke leka go lo tlhabisa ditlhong. A ga go na ope mo phuthegong yo o botlhale thata go atlhola dingongorego tse?
6 然るを兄弟兄弟を相手取りて、而も不信者の前に訴訟を起す。
Mme mo boemong jwa se, Mokeresete o isa yo mongwe tshekong mme a sekise mokaulengwe wa gagwe fa pele ga batho ba ba sa dumeleng.
7 互に訴訟のある事すら、既に疑もなく汝等の中の失態なり。何故に寧不義を受けざる、何故に寧害を忍ばざる、
Go nna le ditshekisano tse di ntseng jalo lo le Bakeresete go raya gore lo fentswe e le ruri. Ke eng fa lo sa ineele mo patikong? Mme lwa tlogela go ntse jalo? E tlaa bo e le tlotlo e kgolo mo Moreneng fa lo ineela go tsiediwa.
8 却て汝等自ら不義と詐欺とを為し、而も兄弟に對して之を為せるは何ぞや。
Mme mo boemong jwa gone moo, lona ka bolona ke lona ba lo dirang phoso, lo tsietsa ba bangwe, le e leng bone ba bakaulengwe ba lona tota.
9 不義者は神の國を得る事なしと知らずや。誤ること勿れ、私通者も、偶像崇拝者も、姦淫者も、
A ga lo itse gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na seabe mo Bogosing jwa Modimo? Lo se ka lwa itsietsa. Ba ba tshelang botshelo jo bo makgapha, ba ba obamelang medimo ya disetwa, bagokagadi kgotsa banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ka bone ga ba na seabe mo bogosing jwa one. Le fa e le magodu, kgotsa batho ba ba bohula, matagwa, bakgadi kgotsa baikgagapedi.
10 男娼も、男色者も、盗賊も、貪慾者も、酩酊者も、侮辱者も、掠奪者も、神の國を得ざるべし。
11 汝等の中の或人々、曩には斯の如き者なりしかど、我主イエズス、キリストの御名により、又我神の霊によりて、既に洗潔められ、聖とせられ、義とせられたり。
Nako nngwe bangwe ba lona ba kile ba bo ba ntse jalo mme jaanong dibe tsa lona di tlhatswitswe, mme lo beetswe fa thoko go nna ba Modimo, mme o lo amogetse ka ntlha ya se Morena Jesu Keresete le Mowa wa Modimo o lo se diretseng.
12 何事も我に可なりと雖も、皆益あるには非ず。何事も我に可なりと雖も、我は決して何物の奴隷ともならじ。
Ke ka dira sengwe le sengwe se ke se batlang fa Keresete a sa nkganele, mme dilo dingwe tsa dilo tse ga di a ntshiamela. Le fa ke letlelelwa go di dira, ke tlaa gana go di dira fa ke akanya gore di ka dira sekgopi se se ntseng jalo mo go nna se ke se ka keng ka se kganela motlhofo fa ke batla go se kganela.
13 食物は腹の為、腹は食物の為なれども、神は此も彼も共に亡ぼし給ふべし。肉體は私通の為に非ずして主の為なり、主も亦肉體の為なり。
A ke re, tsaya kgang ya go ja, Modimo o re neile go nna le keletso ya dijo le mpa go di sila. Mme moo ga go reye gore re tshwanetse go ja go feta jaaka re batla. Se akanyeng gore go ja go botlhokwa, ka gore letsatsi lengwe Modimo o tlaa di nyeletsa tsoo pedi, mpa le dijo. Mme boaka ga bo a siama: mebele ya rona ga e a direlwa moo, mme e diretswe Morena, mme Morena o batla go tlatsa mebele ya rona ka bo ene.
14 抑神は主を復活せしめ給ひたれば、御能力を以て我等をも亦復活せしめ給ふべし。
Le gone Modimo o tlaa tsosa mebele ya rona mo baswing ka nonofo ya gagwe fela jaaka a tsositse Morena Jesu Keresete.
15 汝等の體はキリストの肢なりと知らずや、然らばキリストの肢を奪ひて娼婦の肢と為さんか、[否々]。
A ga lo lemoge gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? Jalo a ke tshwanetse go tsaya tokololo ya ga Keresete ka e kopanya le seaka? Le goka!
16 娼婦に着く人は之と一體になると知らずや、即ち曰く、「二人一體に在らん」と、
Le gone a ga lo itse gore fa monna a ikopanya le seaka o nna tokololo ya sone le sone se nna tokololo ya gagwe? Gonne Modimo o re bolelela mo Dikwalong gore ka fa ponong ya one bobedi bo nna motho a le mongwe.
17 然れど主に着く人は一の霊となるなり。
Mme fa o ineela mo Moreneng wena le Keresete lo a kopana lo nna motho a le mongwe.
18 私通を避けよ、人の犯す罪は何れも身の外に在れども、私通する人は己が身を犯すなり。
Ke gone mo ke lo rayang ke re tshabang boaka. Ga go na sebe sepe se se amang mmele jaaka sebe se.
19 又汝等の五體は神より賜はりて、汝等の中に在す聖霊の神殿なる事、汝等が汝等自らのものに非ざる事を知らざるか。
A ga lo ise lo ithute gore mmele wa lona ke legae la Mowa O O Boitshepo o Modimo o lo o neileng, le gore o nne mo teng ga lona? Mmele o e leng wa lona ga se wa lona.
20 蓋汝等は高價を以て買はれたり、己が身に於て神に光榮を歸し奉れ。
Gonne Modimo o o rekile ka tlhwatlhwa e kgolo. Jalo dirisang bontlha bongwe le bongwe jwa mmele wa lona go galaletsa Modimo, ka gore ke wa one.

< コリント人への手紙第一 6 >