< コリント人への手紙第一 5 >

1 第一項 近親相婚者の事件 取総て聞く所によれば、汝等の中に私通あり、而も異邦人の中にも在らざる程の私通にして、或人は其父の妻を娶れりと云ふ。
Mongwe le mongwe o bua kaga selo se se maswe se se diragetseng koo mo gare ga lona, sengwe se se bosula thata se le e leng bone baheitane ba sa se direng! Lo na le motho mongwe mo phuthegong ya lona yo o tshelang mo sebeng le mosadi wa ga rraagwe.
2 斯ても汝等は驕るか、之を行へる人の汝等の中より除かれん事を望みて嘆かざるか。
Mme a lo santse lo ipelafatsa, lo re lo ba “Semowa?” Ke eng fa lo sa lele ka khutsafalo le ditlhong, le gore lo bone gore motho yo o ntshiwa mo botokololong jwa lona?
3 我身こそは其處に在らざれど、精神にては其處に在りて躬之に臨めるが如く、然行ひし人を既に裁判せり。
Le fa ke se na le lona koo, ke ntse ke akanya thata kaga se mme mo leineng la Morena Jesu Keresete ke setse ke ntse ke akanya thata kaga se ke ka se dirang, fela jaaka ekete ke koo. Lo tshwanetse go phutha phuthego, mme nonofo ya Morena Jesu e tlaa nna le lona fa lo kopana, mme le nna ke tlaa bo ke le teng mo moweng,
4 即ち我主イエズス、キリストの御名に由り、汝等と我精神と相合して、我主イエズス、キリストの権力を以て、
5 斯る輩をサタンに付す。是肉體は亡ぶるも、精神は我主イエズス、キリストの日に於て救はれん為なり。
mme lo kgaole motho yo mo bolokong jwa phuthego, lo mo tsenye mo diatleng tsa ga Satane, go mo otlhaya, mo tsholofelong ya gore mowa wa gagwe o tle o bolokwe fa Morena Jesu Keresete a bowa.
6 汝等の誇れるは善き事に非ず、僅の酵は麪の全體を膨らすと知らずや。
Mo kana go hakgamatsa jang gore lo bo lo ipelafatsa kaga boitshekiso jwa lona, mme le fa go ntse jalo lo letla selo sa go nna jaana go tswelela pele. A ga lo itse gore fa motho a le mongwe fela a letlelelwa go tswelela mo sebeng, ka bofefo go tlaa ama batho botlhe?
7 汝等既に無酵麪となりし如く、古き酵を除きて新しき麪たるべし。其は、我等が過越[の犠牲]たるキリストは屠られ給ひたればなり。
Tlosang sefatlhi se se maswe se, motho yo o bosula yo, mo gare ga lona, gore lo nne lo le phepa. Keresete, Kwana ya Modimo re mmolaetswe.
8 故に我等は古き麪酵、及び惡事と不義との麪酵を用ひずして、純粋と眞實との無酵麪を用ひて祝はざるべからず。
Jalo a re jeng moletlo o mo dipelong tsa rona mo go ene re gole thata mo botshelong jwa Sekeresete, re tlogele gotlhe kwa morago, botshelo jo bogologolo ka mafufa otlhe a jone le bosula. Mo boemongjwa seo, a re jeng moletlo wa senkgwe se se itshekileng sa tlotlo le bopelo-e-phepha le boammaaruri.
9 我曾て書簡にて私通者に交る勿れと書贈りしが、
Erile fa ke lo kwaletse la ntlha ke rile lo seka lwa tlhakana le batho ba ba bosula.
10 是は此世の私通者、或は貪欲者、或は掠奪者、或は偶像崇拝者に交る勿れとには非ず、若然らば、汝等此世を去らざるを得ざりしならん。
Mme erile fa ke bua jalo ke ne ke sa bue kaga batho ba ba sa dumeleng ba ba tshelelang mo boakeng, kgotsa difatlha tsa batsietsi le magodu le baobamedi ba medimo ya disetwa. Gonne ga lo ka ke lwa nna mo lefatsheng leno kwa ntle ga batho ba ba ntseng jalo.
11 然れども交る勿れと今書贈るは、若兄弟と名けらるる人にして、私通者、或は貪欲者、或は偶像崇拝者、或は侮辱者、或は酩酊者、或は掠奪者ならば、斯る人と食事を共にする事勿れとなり。
Se ke neng ke se raya ke gore ga lo a tshwanela go tsalana le mongwe yo o ipitsang Mokeresete mme e le moakafadi, kgotsa sefatlha, kgotsa motsietsi, kgotsa moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa letagwa, kgotsa mokgadi. Lo se ka lwaa ja le motho yo o ntseng jalo.
12 其は我争でか外に在る人を審く事あらんや。汝等の審くは内なる人に非ずや。
Ga se tiro ya rona go atlhola ba ba kwa ntle. Mme ke tiro ya rona tota go atlhola le go dirana thata le ba e leng ditokololo tsa phuthego, le ba ba leofang.
13 蓋外に在る人をば神ぞ審き給ふべき。惡人を汝等の中より取除け。
Modimo o le osi ke moatlhodi wa ba ba ka kwa ntle mme lona ka bo lona lo tshwanetse go dirana le motho yoo gore lo mo kgaole mo phuthegong ya lona.

< コリント人への手紙第一 5 >