< コリント人への手紙第一 16 >

1 聖徒等の為にする據金に就きては、我がガラチアの諸教會に命ぜし如く、汝等も亦然せよ。
Mme jaanong se ke ditsela dingwe kaga madi a lo a kgobokanyang go a romelela Bakeresete ba ba kwa Jerusalema; mme se ke ditsela tse di tshwanang le tse ke neng ka di neela diphuthego kwa Galatia.
2 我が汝等の許に至りて後據金せざらん為に、一週間の初の日毎に、汝等各成功に應じて自宅に貯金すべし。
Ka Tshipi yo mongwe le yo mongwe, mongwe le mongwe wa lona a beele fa thoko sengwe mo go se o se amogetseng mo bekeng, mme lo se dirisetse mpho e. Tlhwatlhwa e ya fela ka fa Morena o go thusitseng ka gone. Lo se lete go fitlhelela ke tsena koo mme lekang go a phutha otlhe gangwe fela.
3 斯て我汝等の許に至りなば、添書して汝等の選まん人々を遣はし、汝等の恵をエルザレムに齎さしめん。
E tlaa re fa ke tla ke tlaa romela mpho ya lona e ntle ka lokwalo kwa Jerusalema, go ya go tsewa gone ke barongwa ba ba tshephegang ba lona lo tlaa ba tlhophang.
4 若我も行くべき價値あらば、彼等は我と共に行くべきなり。
Mme fa go ntshiametse gore le nna ke tsamaye, jalo re ka tsamaya rotlhe.
5 我はマケドニアを通らんとする故に、マケドニアを通りて汝等の許に至り、
Ke tlaa lo etela ke sena go etela kwa Masedonia pele, mme ke tlaa nna koo ka lobakanyana fela.
6 多くは汝等と共に留り、或は冬を過す事もあらん。是何處に行くも汝等より送られん為なり。
Go ka nna ga diragala gore ke nne le lona lobaka lo loleele, gongwe mariga otlhe, mme ke gone lo ka nthomelang kwa ke tshwanetseng go ya teng gape.
7 其は我路の次に汝等を見る事を好まず、主の許し給はば暫く汝等の中に留らん事を希望すればなり。
Ka nako e ga ke batle gore ke fete fela; ke batla go tla ke nna lobakanyana, fa Morena a ka ntetla.
8 ペンテコステまではエフェゾに留らんとす、
Ke tlaa nna mono Efeso go fitlhelela letsatsi la boikhutso la Pentekosete,
9 其は広くして且貢献あるべき門、我前に開け、又敵對する者多ければなり。
gonne kgoro e bulegile ya gore ke rere ke bo ke rute mono. Dilo tse dikgolo di a direga, mme go na le baganetsi ba le bantsi.
10 チモテオ汝等の許に至らば、注意して懼るる所なからしめよ。彼は我と齊しく主の業を行へる者なればなり。
Fa Timotheo a tla, dirang gore a nne ka phuthologo, gonne o dira tiro ya Morena jaaka nna.
11 故に誰も彼を蔑にせず、途中を安らかに送りて我方に來る事を得しめよ、蓋我は彼と兄弟等とを待てるなり。
A go se nne le ope yo o mo nyatsang kgotsa a mo itlhokomolosa, [a le mmotlana], mme lo mmusetse kwa go nna a itumeletse go nna le lona; ke mo lebeletse go mmona ka bonako, le ba bangwe ba ba bowang nae.
12 兄弟アポルロの事を告げんに、我篤く彼が兄弟等と共に汝等の許に至らん事を願ひたれど、彼今は行く事を肯ぜず、機よき時を以て行くならん。
Ke kopile Apolose go lo etela le ba bangwe, mme o akantse gore ga se go rata ga Modimo gotlhelele gore a tsamaye gompieno; o tlaa lo bona mo bogautshwaneng fa a na le lobaka.
13 汝等警戒して固く信仰に立ち、雄々しく挙動ひ、且堅固なれ。
Nnang lo itlhokometse mo matshwenyegong a semowa; emang ka boammaaruri mo Moreneng; dirang jaaka banna; lo nonofe;
14 汝等の業悉く愛を以て行はれよかし。
mme sengwe le sengwe se lo se dirang, se direng ka tshiamo le ka lorato.
15 兄弟等よ、我汝等に希ふ、ステファナの家はアカヤ州の初穂にして、聖徒等の世話に身を委ねたるは汝等の知る所なれば、
A lo gakologelwa Setefanese le ba ntlo ya gagwe? Ke bone ba ntlha go nna Bakeresete mo Akaia mme ba dirisa matshelo a bone mo go thuseng Bakeresete gongwe le gongwe.
16 汝等も斯の如き人々及び総て協力して働ける人々に服せよ。
Tswee-tswee tshegetsang ditaelo tsa bone mme lo direng sengwe le sengwe se lo se kgonang go ba thusa le ba bangwe botlhe ba ba tshwanang le bone ba ba lo direlang thata ka boineelo.
17 我ステファナ、フォルツナト、及びアカイコの此處に居るを喜ぶ、其は汝等の不在を補ひ、
Ke itumela thata gore Setefanese, Foretunalo, le Akaiko ba gorogile fano ba etile. Ba dirile thuso e lona lo sa kgoneng go e dira.
18 即ち我と汝等との精神を安んぜしめたればなり。然れば汝等斯の如き人物を重んぜよ。
Ba intumedisitse thata ebile ba nkgothaditse mo go hakgamatsang, jaaka ke tlhomamisa gore ba ne ba dira jalo le mo go lona. Ke solofela gore lo itumelela tiro ya banna ba ba ntseng jaaka ba.
19 [小]アジアの諸教會汝等に宜しくと言へり。アクィラとプリシルラ及び其家の教會は、主に於て懇に宜しくと言へり、(我彼等の家に宿る)。
Diphuthego mo Asia di a lo dumedisa. Akwila le Peresila ba romela lorato lwa bone le botlhe ba ba kopanelang tirelo mo malapeng a bone ba a dumedisa.
20 凡ての兄弟汝等に宜しくと云へり。聖なる接吻を以て互に宜しく傳へよ。
Ditsala tsotlhe fano di nkopile go lo di dumedisetsa. Mme lo dumedisane ka lorato fa lo kopana le ba bangwe.
21 我パウロ自筆を以て宜しく言ふ。
Ke tlaa kwala mafoko a bofelo ka seatla se e leng sa me:
22 人若我主イエズス、キリストを愛せずば排斥せられよ。我主來り給ふ。
fa mongwe a sa rate Morena, motho yoo, o hutsegile. Morena Jesu tla!
23 願はくは我主イエズス、キリストの恩寵汝等と共に在らん事を。
A lorato le tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona.
24 我愛はキリスト、イエズスに於て汝等一同と共に在るなり、アメン。
Lorato lwa me go botlhe, gonne rotlhe re ba ga Jesu Keresete. Kele, Wa lona ruri Paulo

< コリント人への手紙第一 16 >