< コリント人への手紙第一 15 >

1 第一項 復活を證す 兄弟等よ、我が既に傳へし所の福音を今更に汝等に告ぐ、汝等は曩に之を受けて尚之に據りて立てり、
Jaanong mmang ke lo gakolole, bakaulengwe, gore Efangele tota ke eng, gonne ga e a fetoga, e ntse ke one Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng pele. Lo a amogetse mme le gompieno lo santse lo le mo go one, gonne tumelo ya lona e agilwe ka go lekalekana mo godimo ga molaetsa o o hakgamatsang o;
2 若徒に信じたるに非ずして、我が傳へし儘に之を守らば、汝等は之によりて救はるるなり。
mme ke Mafoko a a Molemo a, a a lo bolokang fa lo santse lo a dumela ka tlhomamo, fa e se fela fa lo ne lo se ka lwa a dumela lwa ntlha.
3 即ちわが第一に汝等に傳へしは、我自らも受けし事にて、キリストが聖書に應じて我等の罪の為に死し給ひし事、
Ke lo boleletse fela go tswa kwa tshimologong se ke se boleletsweng gore Keresete o swetse dibe tsa rona fela jaaka Dikwalo di boletse.
4 葬られ給ひし事、聖書に應じて三日目に復活し給ひし事、
Le gore o ne a fitlhwa le gore morago ga malatsi a le mararo o ne a tsoga mo phupung fela jaaka baporofiti ba boletse pele.
5 ケファに顕れ給ひ、其後又十二使徒に顕れ給ひし事、是なり。
O bonywe ke Petere mme morago a bonwa ke botlhe “ba ba lesome le bobedi”.
6 次に五百人以上の兄弟に一度に顕れ給ひしが、其中には永眠したる者あれども、今尚生存ふる者多し。
Morago ga moo o bonywe ke bakaulengwe mo Moreneng ba feta makgolo a matlhano ka nako e le nngwe fela, ba bontsi jwa bone bo santseng bo tshela, le fa ba bangwe ba setse ba sule.
7 次にヤコボに顕れ、次に凡ての使徒に顕れ、
Mme Jakobe a mmona mme morago a bonwa ke baaposetoloi botlhe.
8 最終には月足らぬ者の如き我にも顕れ給へり。
Morago ga bone botlhe le nna ka mmona, lobaka lo lo leele morago ga ba bangwe, jaaka e ka re ke tsetswe moragorago mabapi le se.
9 蓋我は神の教會を迫害せし者なれば、使徒中の最も小き者にして、使徒と呼ばるるに足らず。
Gonne ke mmotlana mo baaposetoloing botlhe, ebile ke ne ke sa tshwanela go bidiwa moaposetoloi gotlhelele ka ntlha ya ka fa ke neng ke bogisa phuthego ya Modimo ka teng.
10 然るに我が今の如くなるは、是神の恩寵に由れるなり、斯て其恩寵は我に於て空しからず、我は彼等一同よりも多く働けり。然れども是我に非ず、神の恩寵我と共に為る所なり。
Mme se ke leng sone gompieno, ke ka ntlha ya gore Modimo o tshetse bopelonomi jo bogolo le tshegofatso mo go nna, e seng kwa ntle ga maduo: gonne ke dirile thata go gaisa baaposetoloi ba bangwe botlhe, le fa go ntse jalo e ne e sa dirwe ke nna, mme Modimo o dira mo go nna, go ntshegofatsa.
11 即ち我にまれ彼等にまれ、我等は斯の如く宣傳へ、汝等も亦斯の如く信じたるなり。
Ga go na pharologanyo epe mo go yo o dirileng thata, nna kgotsa bone; selo sa botlhokwa ke gore re lo reretse Efangele, le gore lo e dumetse.
12 然てキリスト死者の中より復活し給へりと宣傳ふるに對して、死者の復活する事なしと云ふ人々、汝等の中に在るは何ぞや。
Mme mpolelelang se! Ka lo dumela se re se rerang, gore Keresete o ne a tsoga mo baswing, ke eng fa bangwe ba lona ba re baswi ga ba kitla ba rula?
13 死者の復活する事なくば、キリストも復活し給はざるべし。
Gonne fa go se na tsogo ya baswi, jalo Keresete o tshwanetse a bo a santse a sule.
14 若キリスト復活し給はざりしならば、我等の宣教は空しく、汝等の信仰も亦空しく、
Mme fa a santse a sule, go raya gore thero yotlhe ya rona ga e na molemo le go tshepa Modimo ga lona ga go reye sepe, ga go na thuso, ga go na tsholofelo;
15 而も我等は神の僞證人と成るべし。其は死者にして復活せざる者ならば、キリストを復活せしめ給はざりしものを、我等は神に反して之を復活せしめ給へりと證したればなり。
mme le rona baaposetoloi re maaka rotlhe ka gore re rile Modimo o tsositse Keresete mo phupung, mme moo ga se boammaaruri fa baswi ba sa rule.
16 蓋死者にして復活する事なければ、キリストも復活し給ひし事なし。
Fa ba sa rule, jalo go raya gore Keresete o santse a sule,
17 キリスト復活し給ひし事なければ、汝等の信仰は空し、其は汝等尚罪に在ればなり。
ebile lo dieleele thata go tswelela lo tshepa Modimo go lo boloka, mme lo santse lo le ka fa tlase ga katlholo ya maleo a lona;
18 然らばキリストに於て永眠したる人々も亡びたるならん。
ka tsela eo, Bakeresete botlhe ba ba suleng ba latlhegile!
19 我等がキリストに於る希望若此世のみならば、我等は凡ての人よりも憫然なる者なり。
Mme fa go nna Mokeresete go re solegela molemo gompieno mo botshelong jo, re dibopiwa tse di tlhomolang pelo.
20 然れど現に、キリストは永眠せる人々の初穂として、死者の中より復活し給ひしなり。
Mme boammaaruri ke gore Keresete o tsogile mo baswing mme a nna wa ntlha wa batho ba ba didikadike ba ba tlaa rulang letsatsi lengwe.
21 蓋死は人に由りて來り、死者の復活も亦人に由りて來れり。
Loso lo tsile mo lefatsheng ka ntlha ya se motho a le esi (Adamo) o se dirileng, ebile ke ka ntlha ya se motho yo mongwe yo (Keresete) o se dirileng gore jaanong go nne le tsogo ya baswi.
22 一切の人アダンに於て死するが如く、一切の人亦キリストに於て復活すべし。
Mongwe le mongwe o a swa ka ntlha ya gore rotlhe re ba losika lwa ga Adamo, re le maloko a lotso lwa gagwe a sebe, mme gongwe le gongwe kwa go nnang le sebe, loso lo a diragala. Mme botlhe ba losika lwa ga Keresete ba tlaa tsoga gape.
23 但各其順序に從ひて、初穂はキリスト、次は其降臨の時キリストのものたる人々、
Mme le fa go ntse jalo mongwe le mongwe o tlaa tsoga ka fa thulaganong: Keresete o tsogile pele; mme fa Keresete a bowa, batho botlhe ba gagwe ba tlaa rula.
24 次は終にして、キリスト父にて在す神に國を付し給ひて、一切の権威、権能、権力を亡ぼし給ひたらん時なり。
Morago ga moo bokhutlo bo tlaa tla fa o tlaa busetsang bogosi kwa go Modimo Rara, a beile fa fatshe baba botlhe ba mefuta mengwe le mengwe.
25 彼凡ての敵を御足の下に置き給ふ迄は、王たらざるを得ざるなり。
Gonne Keresete o tlaa nna Kgosi go fitlhelela a fenya baba botlhe ba gagwe,
26 最終に亡ぼさるべき敵は死なり、是神はキリストの御足の下に萬物を服せしめ給ひたればなり。
mmogo le mmaba wa bofelo ebong, loso. Le lone lo tshwanetse go fenngwa lwa ba lwa khutlisiwa.
27 萬物之に服せりと曰へば、萬物を服せしめ給へるものは其數に入らざる事疑なし。
Gonne Keresete o neetswe puso le taolo mo dilong tsotlhe ke Rraagwe; fa e se fela gore, Keresete ga a buse Rara ka bo ene, yo o mo neileng nonofo ya go busa.
28 萬物己に服するに至らば、御子自らも亦、己に萬物を服せしめ給ひしものに服し給ふべし、是神は萬物に於て萬事となり給はん為なり。
Fa Keresete a sena go fenya baba ba gagwe mo ntweng, mme ene Morwa Modimo, o tlaa ipaya ka fa tlase ga ditaolo tsa ga Rraagwe, gore Modimo o o mo neileng phenyo mo go sengwe le sengwe o nne mogolo mo go tsotlhe.
29 若然らずして、死者全く復活する事なくば、死者の代に洗せらるる人々は何とかすべき、彼等が死者の代に洗せらるるは何故ぞ。
Fa baswi ba sa rule, jaanong go thusang gore batho ba kolobelediwe ba ba suleng? Ke eng fa lo go dira fa ele gore ga lo dumele gore letsatsi lengwe baswi ba tlaa tsoga.
30 又我等も時々刻々危険に遇へるは何の為ぞ。兄弟等よ、我は我主イエズス、キリストに於て、汝等に就きて我が[受くべき]名誉を指して誓言す、
Mme ke eng fa rona re aga re tsenya matshelo a rona mo diphatseng re lebagana le loso nako le nako?
31 我は日々死の危険に遇ふなり。
Gonne ke boammaaruri gore ke lebagane le loso letsatsi le letsatsi; moo go boammaaruri fela jaaka boipelafatso jwa me mo go goleng ga lona mo Moreneng.
32 我唯人の如くにしてエフェゾに獣と闘ひしならば、我に何の益かあらん。死者果して復活せずば、我等いざ飲食せん、其は明日死ぬべければなり。
Mme go ne go na le thuso ya eng mo go lona go lwantsha dibatana tsa naga, ebong batho bale ba Efeso, fa e ne e le ka ntlha ya se ke se amogelang mo botshelong jono? Fa e le gore ga re kitla re tshela gape re sena go swa, le rona go ka nna botoka gore re tsamaye re ye go iitumedisa; a re jeng, re nweng, mme re itumeleng. Pharologanyo ke eng? Gonne ka moso re a swa, mme seo se lere sengwe le sengwe kwa bokhutlong.
33 汝等欺かるる事勿れ、惡き交際は善き風俗を腐敗せしむ。
Lo se ka lwa tsiediwa ke ba ba buang dilo tseo. Fa lo ba reetsa lo tlaa simolola go dira jaaka bone.
34 汝等誠實に警戒して罪を犯す事勿れ。我が言ふ所汝等の面目を傷くれども、汝等の中に神を知らざる者あるなり。
Itharabologelweng, lo tlogele go leofa. Gonne go tlhabisa ditlhong go re, bangwe ba lona ga se Bakeresete gotlhelele ebile ga ba ise ba ke ba itse Modimo.
35 第二項 復活に関する難問に答ふ 然れども人或は云はん、死者如何にして復活すべきか、如何なる體を以て來るべきか、と。
Mme mongwe o ka botsa a re, “Baswi ba tlaa rudisiwa jang? Ba tlaa nna le mebele e e ntseng jang?”
36 愚なる者よ、汝の蒔くものは先死なざれば活くること無し、
Ke potso ya boeleele jang! Fa o tsenya peo mo mmung ga e gole e nna setlhatshana fa e se gore e “swe” pele.
37 又其蒔くは将來あるべき體を蒔くに非ず、假令ば麦等の凡の種粒のみ。
Mme fa mogwang o motala o tswa mo teng ga peo, o pharologanyo thata le peo eo e o e jetseng lwa ntlha. Gonne se o se tsentseng mo mmung ke peo e nnye ya mabele e e omeletseng, kgotsa le fa e ka nna eng se o se jalang,
38 斯て神は思召す儘に之に體を與へ、各の種に固有の體を與へ給ふ。
fela jalo Modimo o e neye mmele o montle o mosha, mofuta fela o o batlang e nna le one; ditlhatshana tse di farologaneng di tswa mo mofuteng mongwe le mongwe wa peo.
39 凡ての肉は同じ肉に非ず、人肉あり、獣肉あり、鳥肉あり、魚肉ありて各相異なり。
Mme fela jaaka go na le mefuta e e farologanyeng ya dipeo le ditlhatshana, fela jalo go na le mefuta e e farologanyeng ya nama. Batho, diphologolo, ditlhapi le dinonyane tsotlhe di a farologana.
40 又天體あり、地上の體あり、然れど天上のものと地上のものとの光沢は相異なり。
Baengele ba ba mo legodimong ba na le mebele e e farologanyeng thata le ya rona, le bontle le kgalalelo ya mebele ya bone e farologanye le bontle le kgalalelo ya rona.
41 日の輝も、月の輝も、星の輝も異にして、星と星とは輝によりて相異なり。
Letsatsi le na le kgalalelo e le nngwe fa ngwedi le dinaledi di na le mofuta o mongwe. Mme dinaledi le tsone di farologanye le tse dingwe ka bontle jwa tsone le phatsimo.
42 死者の復活も亦然り。[身體は]腐敗に於て蒔かれ、不朽を以て復活せん、
Fela jalo, mebele ya rona ya selefatshe e e swang, e bo e bola, e farologanye le mebele e re tlaa nnang le yone fa re rula, gonne ga e kitla ee swa.
43 卑賤に於て蒔かれ、光榮を以て復活せん、虚弱に於て蒔かれ、力を以て復活せん、
Mebele e re nang nayo gompieno e a re bogisa gonne e a lwala ebile e a swa; mme e tlaa tlala kgalalelo fa re rula. Ee, e bokoa, mebele e e swang gompieno, mme fa re sena go rula e tlaa bo e tletse nonofo.
44 動物的身體に蒔かれ、霊的身體に復活せん。動物的身體あれば、霊的身體もあり、録して、
Ke mebele ya setho fela mo losong, mme fa e rula e tlaa bo e le mebele e e nonofileng thata. Gonne fela jaaka go na le mebele ya tlholego, go na le mebele e e nonofileng ya semowa.
45 「第一の人アダンは活ける魂とせられたり」、とあるが如く、最後のアダンは活かす霊とせられたり。
Dikwalo di bolela gore motho wa ntlha Adamo, o ne a neilwe mmele wa tlholego, mme Keresete o feta moo, gonne o ne a le Mowa o o nayang botshelo.
46 始よりあるは霊的のものに非ず、動物的のものにして、霊的のものは後に在り。
Lwa ntlha, re na le mebele e ya setho mme moragonyana Modimo o tlaa re naya mebele ya semoya ya selegodimo.
47 第一の人は土より出でて土に属し、第二の人は天より出でて天に属す。
Adamo o ne a dirilwe ka lorole lwa lefatshe, mme Keresete o dule kwa legodimong.
48 土に属する人々は土に属せる彼のものの如く、天に属する人々は天に属せる彼のものの如し。
Motho mongwe le mongwe o na le mmele o o tshwanang fela le wa ga Adamo, o dirilwe ka lorole, mme botlhe ba ba nnang ba ga Keresete ba tlaa nna le mmele o o tshwanang le wa gagwe mmele o o tswang kwa legodimong.
49 然れば我等は土に属するものの形を帯びし如く、天に属するものの形をも帯ぶべし。
Fela jaaka mongwe le mongwe wa rona a na le mmele o o tshwanang le wa ga Adamo, jalo e tlaa re letsatsi lengwe re bo re na le mmele o tshwanang le wa ga Keresete.
50 兄弟等よ、我は言はん、血肉は神の國を嗣ぐ能はず、又腐敗は不朽を得べからず、と。
Ke lo bolelela se, bakaulengwe: mmele wa selefatshe o o dirilweng ka nama le madi ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo. Mebele e ya rona e e swang ga e a siamela go ka tshelela ruri.
51 看よ、我汝等に奥義を語らん、我等は皆永眠すべきに非ざれども、皆變化すべき者なり。
Mme ke lo bolelela sephiri se se sa tlwaelesegang se, se se hakgamatsang: ga re kitla re e swa rotlhe, mme re tlaa newa mebele e mesha rotlhe!
52 即ち倐忽の間、瞬く間、終の喇叭の鳴らん時、蓋喇叭は鳴るべく、死者は不朽の者に復活すべく、我等も變化すべきなり。
Go tlaa diragala gotlhe ka nakonyana ka ponyo ya leitlho, fa torompeta ya bofelo e lela. Gonne go tlaa nna le go galaotega ga torompeta mo loaping mme Bakeresete botlhe ba ba suleng ba tlaa rula, ka mebele e mesha e e se kitlang e tlhola ee swa; mme rona ba re sa ntseng re tshela re tlaa akofa re nna le mebele e mesha.
53 其は此腐敗すべきもの不朽を帯び、此死すべきもの不死を帯ぶべければなり。
Gonne mebele ya rona ya selefatshe, e re nang nayo gompieno e e swang, e tlaa tshwanelwa ke go fetolelwa mo mebeleng ya selegodimo e e se ka keng ya a swa mme e tlaa tshela ka bosakhutleng.
54 此死すべきもの不死を帯びたらん時、録されたる言は成就せん、[曰く]、「死は勝利に呑まれたり」、
Fa se se direga, mme kwa bofelong lokwalo lo lo tlaa diragadiwa, lo lo reng, “Loso lo meditswe ke phenyo.”
55 「死よ、汝の勝利は何處にかある、死よ、汝の針は何處にかある」と。 (Hadēs g86)
Loso ana phenyo ya gago e kae? Go loma ga gago go kae? Gonne sebe, lobolela lo lo dirang loso, lo tlaa bo lo nyeletse; mme molao o o senolang dibe tsa rona o tlaa bo o sa tlhole o le moatlhodi wa rona. (Hadēs g86)
56 而して死の針は罪なり、罪の力は律法なり、
57 我主イエズス、キリストを以て我等に勝利を賜ひたる神に感謝し奉る。
Re leboga Modimo jang ka mo! Ke one o o re dirileng gore re fenye ka Jesu Keresete Morena wa rona.
58 然れば我が愛する兄弟等よ、確固として動かず、汝等の勞働が主に於て空しからざる事を覚りて、絶えず力を主の業に盡せ。
Jalo bakaulengwe ba me, e re ka phenyo e e tlang e tlhomamisega, nonofang lo nitame, lo tshwaragane mo tirong ya Morena ka nako tsotlhe, gonne lo itse gore ga go sepe se lo se direlang Morena se se senyegang jaaka go ne go ka nna fa go ne go sena tsogo ya baswi.

< コリント人への手紙第一 15 >