< 路加福音 14 >

1 息日,耶穌進了一個法利賽人首領的家中吃飯;他們就留心觀察他。
Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong.
2 在他面前有一個患水臌症的人。
3 耶穌對法學士及法利賽人說道:「安息日不許治病﹖」
Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”
4 他們都默然不語。耶穌遂扶著那人,治好他,叫他走了。
Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya.
5 然後向他們說:「你們中間,誰的兒子或牛掉在井裏,在安息日這一天,不立拉上來呢﹖」
Hong a retologela kwa go bone: A botsa a re, “Ke ofe wa lona yo o sa direng ka letsatsi la Sabata? Fa kgomo ya gago e wela mo sedibeng, a ga o ka ke wa tswelela pele go e ntsha ka bonako?”
6 他們這話不能答辯。
Gape ba tlhoka karabo.
7 耶穌注意到被邀請的人,如何爭選首席,便對他們講了一個比喻說:「
Mme erile fa a lemoga fa batho botlhe ba ba tsileng dijong ba leka go nna gaufi le lomati lwa bojelo, a ba gakolola a re:
8 幾時你被人請去赴婚筵,不要坐在首席上,怕有比你更尊貴的客也被他請來,
“Fa lo laleditswe modiro wa nyalo, lo se ka lwa aga lo lwela go nna kwa mannong a a botoka. Gonne fa mongwe yo o tlotlegang thata go lo gaisa a goroga,
9 那請你而又請他的人要來向你說:請讓坐給這個人! 那時,你就要含羞地去坐末席了。
ene yo o laleditseng o tlaa mo lere fa o ntseng gone mme a re, ‘A monna yoo a nne fa mo boemong jwa gago’. Mme wena, ka ditlhong o tlaa tshwanelwa ke go nna mo setilong se se setseng kwa morago ga lomati lwa bojelo!
10 你幾時被請,應去坐末席,等那請你的人走來給你說: 朋友,請上坐罷! 那時,在你同席的眾人面前,你才有光彩。
“Jaanong dira se mo boemong jwa seo, simolola kwa morago; mme fa yo o go laleditseng a go bona, o tlaa tla a go raya a re, ‘Tsala, re go bonetse bonno jo bo botoka go na le jo! Hong o tlaa tlotlega fa pele ga balalediwa ba bangwe botlhe!
11 因為凡高舉自己的,必被貶抑;凡貶抑自己的,必被高舉。」
Gonne mongwe le mongwe yo o lekang go itlotla o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ikokobetsang o tlaa tlotlwa.’”
12 耶穌也向請他的人說:「幾時你設午宴或晚宴,不要請你的朋友、兄弟、親戚及富有的鄰人,怕他們也要回請而還報你。
Hong a retologela kwa go yo o mo laleditseng a re, “E re fa o dira dijo, o se ka wa laletsa ditsala, bomorwarrago, bagaeno, le bahumi! Gonne le bone ba tlaa go laletsa.
13 但你幾時設宴,要請貧窮的、殘廢的、瘸腿的、瞎眼的人。
Mme mo boemong jwa mo, o laletse bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.
14 如此,你有福了,因為他們沒有可報答你的;但在義人復活的時候,你必能得到償報。」
Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.”
15 有一個同席的聽了這些話,就向耶穌說: 「將來能在天上的國裏吃飯的,才是有福的! 」
Erile monna mongwe yo o neng a ntse fa lomating lwa bojelo le Jesu a utlwa dilo tse a goa a re, “Go tlaa nna boitumelo jo bo kae go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”
16 耶穌給他說: 「有一個人設了盛宴,邀請了許多人。
Mme Jesu a fetola ka setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a baakanya modiro o mogolo mme a dira ditaletso tse dintsi.
17 到了宴會的時刻,他便打發僕人去給被請的人說: 請來罷! 已經齊備了。
Erile fa gotlhe go siame, a roma motlhanka wa gagwe go itsise balalediwa gore ke nako ya gore ba tle.
18 眾人開始一致推辭。第一個給他說:我買了一塊田地,必須前去看一看,請你原諒我。
Mme botlhe ba simolola go dira diipato. Mongwe a re, ke gone fela o neng a reka tshimo mme o batla go ya go e bona, mme a kopa go itshwarelwa.
19 另一個說:我買了五對牛,要去試試牠們,請你原諒我。
Yo mongwe a re ke gone fela a neng a reka sepane sa dipholo tse some mme o batla go di lekeletsa.
20 別的一個說:我才娶了妻,所以不能去。
Yo mongwe e ne e le gone fela a neng a nyala, ka lebaka leo ga aa ka a tla.
21 僕人回來這事告訴了主人。家主就生了氣,給僕人說:你快出去,到城中的大街小巷,把那些貧窮的、殘廢的、瞎眼的、瘸腿的,都領到這裏來。
“Motlhanka a boa a ya go bolelela mong wa gagwe se ba se buileng. Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.
22 僕人說:主,已經照你的吩咐辦了,可是還有空位子。
Mme ga bo go santse go na le phatlha.
23 主人對僕人說:你出去,到大道以及籬笆邊,勉強人進來,子坐滿我的屋子。
“Mong wa gagwe a re, ‘Go siame, jaanong tswela mo diferwaneng tsa motse le mo morago ga dikgoro o kope mongwe le mongwe yo o mmonang go tla, gore ntlo e tle e tlale.
24 我告訴你們:先前被請到的那些人,沒有一個能嘗我這宴席的。」
Gonne ga go ope mo go ba ke ba laleditseng pele yo o tlaa itatswang mo go se ke se ba baakanyeditseng.’”
25 有許多群眾與耶穌同行,耶穌轉身向他們說:「
Mme batho ba bantsi ba ne ba mo setse morago. Hong a retologa a ba raya a re,
26 如果誰來就我,而不惱恨自己的父親、母親、妻子、兒女、兄弟、姊妹,甚至自己的性命,不能做我的門徒。
“Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.
27 不論誰,若不背著自己的十字架,在我後面走,不能做我的門徒。
Ebile ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa sikare mokgoro wa gagwe a ntshala morago.
28 你們中間誰願意建造一座塔,而不先坐下籌算費用,是否有力完成呢﹖
“Mme lo se ka lwa simolola go fitlhelela lo bala tlhwatlhwa. Gonne e mang yo o ka simololang kago, kwa ntle ga go bona pele tekanyo le go bona gore a o na le madi a a lekanyeng go duela melato.
29 免得他奠基以後,竟不能完工,所有看見的人都要譏笑他,
E seng jalo, o ka kgona go fetsa motheo pele ga a tlhaelelwa ke madi. Mme ka ntlha ya moo mongwe le mongwe o ka mo tshega jang!
30 說這個人開始建造,而不能完工。
“Mme ba tlaa mo sotla ba re, ‘A lo bona motho yo o fa yole? O simolotse kago ele mme o tlhaeletswe ke madi pele ga a e fetsa!’
31 或者一個國王要去同別的國王交戰,那有不先坐下運籌一下,能否以一萬人,去抵抗那領著兩萬來攻打他的呢﹖
“Kgotsa ke efe kgosi e e ka lorang go ya ntweng pele ga e nna fa fatshe le bagakolodi ba yone ba buisanya gore a masole a selekanyo sa dikete tse di lesome a itekanetse go ka fenya a a dikete tse di masome a mabedi a a kgatlhanong nae?
32 如果不能,就得趁那國王離得尚遠的時候,派遣使節去求和平的條款。
Mme fa mogopolo o sa kgonege, e re fa masole a mmaba a sa le kgakala, e rome batsereganyi go buisanya ka mafoko a kagiso.
33 同樣,你們中不論是誰,如不捨棄他的有一切所,就不能做我的門徒。
Jalo ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa nna fa fatshe pele ga a bala masego a gagwe, mme a a latlhela otlhe mo go nna.
34 鹽原是好的,但如果鹽也失了味道,要用什麼來調和它呢﹖
Tshiamo ya letswai ke eng fa le latlhegetswe ke molodi?
35 既不利於土壤,又不適於糞料,惟有把它丟在外面。有耳聽的,聽罷! 」
Letswai le le senang molodi ga le na tiro le fa e le go nna monontshane. Ga le na tiro mme le tshwanetse go latlhelwa kwa ntle. Reetsang sentle, fa lo batla go tlhaloganya phuthololo ya me.”

< 路加福音 14 >