< 路加福音 13 >

1 在那時,來了幾個人把有關加利肋亞人的事,即比拉多把他們的血,與他們的祭品攙和在一起的事報告給耶穌。
Mme ya re ka lone lobaka lo a itsisiwe fa Pilatwe a bolaile Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa kwa Galalea fa ba ntsha ditlhabelo kwa Tempeleng mo Jerusalema.
2 他回答說:「你們以為這些加利肋亞人比其他所有的加利肋亞人更有罪,才遭此禍害嗎﹖
Mme a ba botsa a re, “A lo akanya gore e ne e le baleofi ba bagolo go feta batho botlhe ba ba tswang Galalea? A ke gone ka fa ba sotlegileng ka gone?
3 不是的。我告訴你們:如果你們不悔改,你們都要同樣喪亡。
Ga go a nna jalo! A ga lo lemoge gore le lona lo tlaa nyelela fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula lwa sokologela mo Modimong?
4 或如史羅亞塔倒下,而壓死的那十八個人,你們以為他們比耶路撒冷的其他一切居民罪債更大嗎﹖
“Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema?
5 不是的。我告訴你們:如困你們不悔改,你們都要同樣喪亡。」
Ga go a nna jalo! Mme le lona lo tlaa nyelela fa lo sa ikwatlhae.”
6 他講了這個比喻說:「有一個人曾將一棵無花果樹,栽在自己的葡萄園內。他來在樹上找果子,但沒有找到,
Hong a dirisa setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a tlhoma setlhare sa mofeige mo tshimong mme a tla gangwe le gape go tlhola gore a ga a ka ke a bona loungo lope mo go sone, mme o ne a aga a sa fitlhele sepe.
7 便對園丁說:你看,我三年來在這棵無花果樹上找果子,但沒有找到,你砍掉它罷,為什麼讓它荒廢土地﹖
Mme ya re kwa bofelong a raya motlhokomedi wa tshimo ya gagwe a re a se reme. A mo raya a re, ‘Ke letile dingwaga di le tharo ga go ise nke go nne le fa e le feige e le nngwe! Ke eng fa o se ngongoregela? se tsere phatlha e re ka bong re e dirisetsa sengwe gape.’
8 園丁回答說: 主人,再容它這一年罷! 待我在它周圍掘土,加上糞;
“Mme motlhokomedi wa tshimo a araba a re, ‘Se neye lobaka lo longwe gape. Se lese ngwaga e le nngwe, ke tlaa se tlhokomela ka go se tshela monontshane.
9 將來如果結果子就算了;不然的話,你就把它砍了。」
Fa re ka bona difeige ngwaga e e tlang go siame, mme fa go sa nne jalo ke tlaa se rema.’”
10 安息日,耶穌在一會堂裏施教。
Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng,
11 有一女人,病魔纏身已十八年了,傴僂著,完全不能直立。
ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa.
12 耶穌見了她,便叫她過來,給她說:「女人,你的病已消除了。」
Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!”
13 遂給她按手,她即刻就挺直起來,光榮天主。
A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo!
14 會堂長因氣惱耶穌在安息日治病,便給眾人說道:「有六天應該工作,你們在這些日子可來治病,但不可以在安息日這一天。」
Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!”
15 主回答他說:「假善人哪! 你們每一個人在安息日,有不解下槽上的牛驢,牽去飲水的嗎﹖
Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing.
16 這個女人原是亞巴郎的女兒,她被撒殫纏住已經有十八年了,安息日這一天,就不該解開她的束縛嗎﹖」
Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?”
17 當耶穌講這話時,所有對他的人,個個慚愧;一切民眾因他所行的種種輝煌事蹟,莫不歡喜。
Mo ga tlhabisa baba ba gagwe ditlhong. Mme batho botlhe ba itumelela tiro e ntle e o e dirileng.
18 耶穌又說:「天主的國相似什麼﹖我要把它比作什麼呢﹖
Jaanong a simolola go ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo; A ba botsa a re, “Bogosi jwa Modimo bo ka tshwantshiwa le eng? Ke ka bo tshwantsha le eng?
19 它相似一粒芥子,人取來種在自己的園中,它遂生長起來,成了大樹,天上的飛鳥都棲息在它的枝頭上。」
Bo tshwana le peo e nnye ya mosetara e e jetsweng mo tshimong; ya akofa ya gola ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa nna mo gare ga dikala tsa sone.
20 他又說:「我要把天主的國比作什麼呢﹖
Bo tshwana le sebediso se se dubetsweng mo boupeng, se se dirang se sa bonwe go fitlhelela boupe bo gogomoga bo bo bo nna motlhofo.”
21 它相似酵母,女人取來藏在三斗櫃中,直到全部發酵。」
22 耶穌經過城市鄉村,隨處施教,朝著耶路撒冷走去。
Hong a tsamaya metse le metsana, a ruta fa a ntse a tsamaela kwa Jerusalema.
23 有一個人給他說:「主,得救的人果然不多嗎﹖」耶穌對他們說:「
Mongwe a mmotsa a re, “A go tlaa bolokwa ba se kae fela?” Mme a mo fetola a re,
24 你們竭力由窄門而入罷! 因為將來有許多人,我告訴你們: 要想進去,而不得入。
“Kgoro e e yang legodimong e tshesane. Lekang thata go tsena mo go yone, gonne boammaaruri ke gore ba le bantsi ba tlaa leka go tsena mme fa mong wa ntlo a setse a tswetse kgoro, nako e tlaa bo e setse e fetile. Mme e tlaa re fa lo eme kwa ntle lo kokota lo re, ‘Morena re bulele,’ o tlaa fetola a re, ‘Ga ke lo itse’. Hong lo tlaa re,
25 及至家主起來把門關上,你們在外面站著,開始敲門說: 主,請給我們開門罷! 他要回答你們說:我不認你們是那裏的。
26 那時,你們會說:我們曾在你面前吃過喝過;你也曾在我們的街市上施教過。
“Mme re jele le wena ebile o rutile mo mebileng ya rona.”
27 他要說:我告訴你們:我不認識你們是那裏的; 你們這些作惡的人,都離開我去罷!
“Mme o tlaa fetola a re, ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse. Ga lo ka ke lwa tla fa lo le molato jaana. Tsamayang.’
28 幾時你們望見亞巴郎、依撒格、雅各伯及眾先知在天主的國裏,你們卻被拋棄在外,那裏要有哀號和切齒。
“Mme go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno fa lo eme kwa ntle lo bona Aberahame, Isake le Jakobe le baporofiti botlhe mo Bogosing jwa Modimo,
29 將有從東從西,從南從北而來的人,在天主的國裏坐席。
gonne batho ba tlaa tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go tla go tsaya manno a bone.
30 看罷! 有最後的將成為最先的,也有最先的將成為最後的。」
Mme tlhokomelang se: Ba ba nyatsegang gompieno ba tlaa tlotlwa thata, ba ba tseetsweng kwa godimo gompieno ba tlaa ngotlafadiwa.”
31 這時刻,有幾個法利賽人前來給耶穌說: 「你離開這裏走罷! 因為黑落德要殺你。」
Mme ya re morago ga metsotso e se kae Bafarasai bangwe ba mo raya ba re, “Tloga fano fa o batla go tshela, gonne Kgosi Herode o go tsomile!”
32 耶穌給他們說: 「你們去告訴這個狐狸罷! 看,我今天明天驅魔治病,第三天就要完畢。
Jesu a ba fetola a re, “Tsamayang lo reye phokoje yoo lo re ke tlaa tswelela ke ntshetsa mewa e e maswe ntle, ke dira dikgakgamatso tsa phodiso gompieno le ka moso; mme ka letsatsi la boraro ke tlaa fitlha kwa ke yang teng.
33 但是,今天明天以及後天,我必須前行,因為先知不宜死在耶路撒冷之外。
Ee, gompieno, ka moso le ka letsatsi le le latelang! Gonne ga go ka ke ga direga gore moporofiti wa Modimo a bolawe ka kwa ntle ga Jerusalema!
34 耶路撒冷,耶路撒冷,你屢次殘殺先知,用石頭擊斃那些奉命到你這裏來的人;我多少次願意聚集你的子女,如母雞聚集自己的雛雞,在牠翅翼下,可是你們偏不願意。
“Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla.
35 看罷! 你們的房屋必給你們撇下;但是,我告訴你們:你們斷不能再看見我,直到你們說:因主名而來的,當受讚頌的時刻來到。」
Mme jaanong, ntlo ya gago e tlogetswe e le letlotla. Ga o kitla o mpona gape go fitlhelela o re, ‘A go bakwa yo o tlang mo leineng la Morena.’”

< 路加福音 13 >