< Johane 14 >

1 “A dipelo tsa lona di se fuduege. Lo ikanya Modimo, jaanong inkanyeng le nna.
Let not your heart be troubled: believe in God, believe also in me.
2 Go na le malapa a le mantsi kwa godimo kwa Rara o nnang teng, mme ke ya go a baakanyetsa go tla ga lona. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng. Fa go ne go sa nna jalo nkabo ke lo boleletse sentle fela.
In my Father’s house are many mansions; if it were not so, I would have told you; for I go to prepare a place for you.
3
And if I go and prepare a place for you, I come again, and will receive you unto myself; that where I am, [there] ye may be also.
4 Mme lo itse kwa ke yang teng le tsela e e yang teng lo a e itse.”
And whither I go, ye know the way.
5 Thomase a mo raya a re, “Nnyaa, ga re itse, ga re na kitso epe ya kwa o yang teng, jaanong re ka itse tsela jang?”
Thomas saith unto him, Lord, we know not whither thou goest; how know we the way?
6 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna Tsela, ee, le Boammaaruri le Botshelo. Ga go na ope yo o ka tlang kwa go Rara fa e se ka nna.
Jesus saith unto him, I am the way, and the truth, and the life: no one cometh unto the Father, but by me.
7 Fa lo ne lo itsile gore ke mang, hong lo ka bo lo itsile gore Rre ke mang. Go tloga fano lo a mo itse, ebile lo mmonye!”
If ye had known me, ye would have known my Father also: from henceforth ye know him, and have seen him.
8 Filipo a mo raya a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tlaa bo go re lekanye.”
Philip saith unto him, Lord, show us the Father, and it sufficeth us.
9 Jesu a fetola a re, “A ga o ise o nkitse Filipo, le fa ke sa bolo go nna le wena ka lobaka lo lo kana? Le fa e le mang yo o mponyeng o bonye Rre! Jaanong ke eng fa o kopa go mmona?
Jesus saith unto him, Have I been so long time with you, and dost thou not know me, Philip? he that hath seen me hath seen the Father; how sayest thou, Show us the Father?
10 A ga o dumele gore ke mo go Rara yo o agileng mo go nna. Ebile o dira tiro ya gagwe ka nna.
Believest thou not that I am in the Father, and the Father in me? the words that I say unto you I speak not from myself: but the Father abiding in me doeth his works.
11 Dumela fela gore ke mo go Rara ebile le Rara o mo go nna. E seng jalo dumela ka ntlha ya dikgakgamatso tse dikgolo tse o mponyeng ke di dira.
Believe me that I am in the Father, and the Father in me: or else believe me for the very works’ sake.
12 “Ka boammaaruri jo bo feletseng ke lo bolelela gore, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o tlaa dira dikgakgamatso tse ke di dirileng, gonne ke ya go nna le Rara. Lo ka mo kopa sengwe le sengwe lo dirisa leina la me, mme ke tlaa se dira, gonne mo go tlaa lere kgalaletso kwa go Rara ka ntlha ya se nna, Morwa, ke tlaa se lo direlang.
Verily, verily, I say unto you, He that believeth on me, the works that I do shall he do also; and greater [works] than these shall he do; because I go unto the Father.
And whatsoever ye shall ask in my name, that will I do, that the Father may be glorified in the Son.
14 Ee, lopang le fa e le eng lo dirisa leina la me mme ke tlaa se dira!”
If ye shall ask anything in my name, that will I do.
15 “Fa e le gore lo a nthata, inkokobeletseng;
If ye love me, ye will keep my commandments.
16 mme ke tlaa kopa Rara mme o tlaa lo naya Mogomotsi yo mongwe, mme ga a kitla a lo tlogela. (aiōn g165)
And I will pray the Father, and he shall give you another Comforter, that he may be with you for ever, (aiōn g165)
17 Mogomotsi yoo ke Mowa O O Boitshepo, Mowa o o gogelang mo boammaaruring jotlhe. Lefatshe ka bophara ga le ka ke la o amogela, gonne ga le o batle ebile ga le o itse. Mme lona lo a mo itse gonne o nna le lona gompieno, mme mo malatsinyaneng a a latelang o tlaa bo o le mo go lona.
[even] the Spirit of truth: whom the world cannot receive; for it beholdeth him not, neither knoweth him: ye know him; for he abideth with you, and shall be in you.
18 Nnyaa, ga ke na go lo latlha kgotsa go lo tlogela lo le masiela mo setsuatsueng, ke tlaa tla kwa go lona.
I will not leave you desolate: I come unto you.
19 Mo lobakanyaneng ke tlaa bo ke tsamaile ke dule mo lefatsheng, mme ke tlaa bo ke sa ntse ke na le lona. Gonne ke tlaa tshela gape, mme le lona lo tlaa tshela.
Yet a little while, and the world beholdeth me no more; but ye behold me: because I live, ye shall live also.
20 E tlaa re fa ke boela mo botshelong gape, lo tlaa itse gore ke mo go Rre, mme lona lo mo go nna le nna ke mo go lona.
In that day ye shall know that I am in my Father, and ye in me, and I in you.
21 Ene yo o inkobelang ke ene yo o nthatang; mme ka ntlha ya gore o a nthata, Rara o tlaa mo rata; mme le nna ke tlaa mo rata, ke tlaa mo itshenolela.”
He that hath my commandments, and keepeth them, he it is that loveth me: and he that loveth me shall be loved of my Father, and I will love him, and will manifest myself unto him.
22 Judase, (eseng Judase Isekariota, mme e leng morutwa yo mongwe wa gagwe yo o bidiwang ka leina leo le ene) a mo raya a re, “Morena, ke eng fa e le gore o tlaa itshenolela rona barutwa fela e seng lefatshe ka bophara?”
Judas (not Iscariot) saith unto him, Lord, what is come to pass that thou wilt manifest thyself unto us, and not unto the world?
23 Jesu a fetola a re, “Gonne ke tlaa itshenolela ba ba nthatang le ba ba inkobelang. Rara le ene o tlaa ba rata, mme re tlaa tla kwa go bone go nna nabo.
Jesus answered and said unto him, If a man love me, he will keep my word: and my Father will love him, and we will come unto him, and make our abode with him.
24 Le fa e le mang yo o sa inkobelang ga a nthate. Mme gakologelwang, ga se nna ke arabang potso ya lona ka go bua jaana! Ke karabo e e tswang mo go Rara yo o nthomileng.
He that loveth me not keepeth not my words: and the word which ye hear is not mine, but the Father’s who sent me.
25 Ke lo bolelela dilo tse gompieno ke sa ntse ke na le lona.
These things have I spoken unto you, while [yet] abiding with you.
26 Mme fa Rara a roma Mogomotsi mo boemong jwa me, mme ka Mogomotsi ke raya Mowa O O Boitshepo, o tlaa lo ruta go le go ntsi thata, le go lo gakolola sengwe le sengwe se nna ke se lo boleletseng.
But the Comforter, [even] the Holy Spirit, whom the Father will send in my name, he shall teach you all things, and bring to your remembrance all that I said unto you.
27 “Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa.
Peace I leave with you; my peace I give unto you: not as the world giveth, give I unto you. Let not your heart be troubled, neither let it be fearful.
28 Gakologelwang se ke se lo boleletseng, ke a tsamaya, le gale ke tlaa boela kwa go lona gape. Fa e le gore lo a nthata, lo tlaa intumelela, gonne jaanong nka ya kwa go Rara, yo o leng mogolo mo go nna.
Ye heard how I said to you, I go away, and I come unto you. If ye loved me, ye would have rejoiced, because I go unto the Father: for the Father is greater than I.
29 Ke lo boleletse dilo tse pele ga di diragala gore ere di diragala, lo tle lo ntumele.
And now I have told you before it come to pass, that, when it is come to pass, ye may believe.
30 “Ga ke nako e ntsi ya go bua le lona, gonne Kgosana e e bosula ya lefatshe leno e a atamela. Ga e na nonofo epe mo go nna,
I will no more speak much with you, for the prince of the world cometh: and he hath nothing in me;
31 mme ke tlaa dira ka kgololesego se Rara o se batlang mo go nna gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara. Tlang, a re tsamayeng.”
but that the world may know that I love the Father, and as the Father gave me commandment, even so I do. Arise, let us go hence.

< Johane 14 >