< Johane 14 >

1 “A dipelo tsa lona di se fuduege. Lo ikanya Modimo, jaanong inkanyeng le nna. 2 Go na le malapa a le mantsi kwa godimo kwa Rara o nnang teng, mme ke ya go a baakanyetsa go tla ga lona. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng. Fa go ne go sa nna jalo nkabo ke lo boleletse sentle fela. 3 4 Mme lo itse kwa ke yang teng le tsela e e yang teng lo a e itse.” 5 Thomase a mo raya a re, “Nnyaa, ga re itse, ga re na kitso epe ya kwa o yang teng, jaanong re ka itse tsela jang?” 6 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna Tsela, ee, le Boammaaruri le Botshelo. Ga go na ope yo o ka tlang kwa go Rara fa e se ka nna. 7 Fa lo ne lo itsile gore ke mang, hong lo ka bo lo itsile gore Rre ke mang. Go tloga fano lo a mo itse, ebile lo mmonye!” 8 Filipo a mo raya a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tlaa bo go re lekanye.” 9 Jesu a fetola a re, “A ga o ise o nkitse Filipo, le fa ke sa bolo go nna le wena ka lobaka lo lo kana? Le fa e le mang yo o mponyeng o bonye Rre! Jaanong ke eng fa o kopa go mmona? 10 A ga o dumele gore ke mo go Rara yo o agileng mo go nna. Ebile o dira tiro ya gagwe ka nna. 11 Dumela fela gore ke mo go Rara ebile le Rara o mo go nna. E seng jalo dumela ka ntlha ya dikgakgamatso tse dikgolo tse o mponyeng ke di dira. 12 “Ka boammaaruri jo bo feletseng ke lo bolelela gore, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o tlaa dira dikgakgamatso tse ke di dirileng, gonne ke ya go nna le Rara. Lo ka mo kopa sengwe le sengwe lo dirisa leina la me, mme ke tlaa se dira, gonne mo go tlaa lere kgalaletso kwa go Rara ka ntlha ya se nna, Morwa, ke tlaa se lo direlang. 13 14 Ee, lopang le fa e le eng lo dirisa leina la me mme ke tlaa se dira!” 15 “Fa e le gore lo a nthata, inkokobeletseng; 16 mme ke tlaa kopa Rara mme o tlaa lo naya Mogomotsi yo mongwe, mme ga a kitla a lo tlogela. (aiōn g165) 17 Mogomotsi yoo ke Mowa O O Boitshepo, Mowa o o gogelang mo boammaaruring jotlhe. Lefatshe ka bophara ga le ka ke la o amogela, gonne ga le o batle ebile ga le o itse. Mme lona lo a mo itse gonne o nna le lona gompieno, mme mo malatsinyaneng a a latelang o tlaa bo o le mo go lona. 18 Nnyaa, ga ke na go lo latlha kgotsa go lo tlogela lo le masiela mo setsuatsueng, ke tlaa tla kwa go lona. 19 Mo lobakanyaneng ke tlaa bo ke tsamaile ke dule mo lefatsheng, mme ke tlaa bo ke sa ntse ke na le lona. Gonne ke tlaa tshela gape, mme le lona lo tlaa tshela. 20 E tlaa re fa ke boela mo botshelong gape, lo tlaa itse gore ke mo go Rre, mme lona lo mo go nna le nna ke mo go lona. 21 Ene yo o inkobelang ke ene yo o nthatang; mme ka ntlha ya gore o a nthata, Rara o tlaa mo rata; mme le nna ke tlaa mo rata, ke tlaa mo itshenolela.” 22 Judase, (eseng Judase Isekariota, mme e leng morutwa yo mongwe wa gagwe yo o bidiwang ka leina leo le ene) a mo raya a re, “Morena, ke eng fa e le gore o tlaa itshenolela rona barutwa fela e seng lefatshe ka bophara?” 23 Jesu a fetola a re, “Gonne ke tlaa itshenolela ba ba nthatang le ba ba inkobelang. Rara le ene o tlaa ba rata, mme re tlaa tla kwa go bone go nna nabo. 24 Le fa e le mang yo o sa inkobelang ga a nthate. Mme gakologelwang, ga se nna ke arabang potso ya lona ka go bua jaana! Ke karabo e e tswang mo go Rara yo o nthomileng. 25 Ke lo bolelela dilo tse gompieno ke sa ntse ke na le lona. 26 Mme fa Rara a roma Mogomotsi mo boemong jwa me, mme ka Mogomotsi ke raya Mowa O O Boitshepo, o tlaa lo ruta go le go ntsi thata, le go lo gakolola sengwe le sengwe se nna ke se lo boleletseng. 27 “Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa. 28 Gakologelwang se ke se lo boleletseng, ke a tsamaya, le gale ke tlaa boela kwa go lona gape. Fa e le gore lo a nthata, lo tlaa intumelela, gonne jaanong nka ya kwa go Rara, yo o leng mogolo mo go nna. 29 Ke lo boleletse dilo tse pele ga di diragala gore ere di diragala, lo tle lo ntumele. 30 “Ga ke nako e ntsi ya go bua le lona, gonne Kgosana e e bosula ya lefatshe leno e a atamela. Ga e na nonofo epe mo go nna, 31 mme ke tlaa dira ka kgololesego se Rara o se batlang mo go nna gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara. Tlang, a re tsamayeng.”

< Johane 14 >