< ՄԱՏԹԷՈՍ 19 >

1 Երբ Յիսուս աւարտեց այս խօսքերը, մեկնեցաւ Գալիլեայէն եւ գնաց Հրէաստանի հողամասը՝ Յորդանանի միւս կողմը:
Mme e rile Jesu a sena go fetsa mafoko a, a tswa mo Galalea a boela kwa morago kwa Judea go kgabaganya Noka ya Jorodane.
2 Մեծ բազմութիւններ հետեւեցան անոր, ու հոն բուժեց զանոնք:
Boidiidi jwa batho jwa mo sala morago, mme a fodisa malwetse a bone.
3 Փարիսեցիները մօտեցան անոր եւ փորձեցին զայն՝ ըսելով. «Արտօնուա՞ծ է, որ մարդ մը արձակէ իր կինը՝ որեւէ պատճառի համար»:
Bafarasai bangwe ba tla go buisanya nae, gape ba leka go mmeela seru gore a bue sengwe se se tlaa mo senyang. Ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?”
4 Ան ալ պատասխանեց անոնց. «Չէ՞ք կարդացեր թէ ա՛ն՝ որ սկիզբէն ստեղծեց, արու եւ էգ ստեղծեց զանոնք, ու ըսաւ.
Jesu a ba fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? Mo go tsone go kwadilwe gore mo tshimologong Modimo o tlhodile monna le mosadi,
5 “Այս պատճառով մարդը պիտի թողու հայրն ու մայրը, եւ պիտի յարի իր կնոջ, ու երկուքը պիտի ըլլան մէ՛կ մարմին”:
gore monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe. Mme bobedi jo bo tlaa nna bongwe fela, e sa tlhole e le bobedi, mme ele bongwe fela! a go se nne ope yo o kgaoganyang se Modimo o se kopantseng”.
6 Հետեւաբար ա՛լ երկու չեն, հապա՝ մէկ մարմին. ուրեմն մարդը թող չզատէ ինչ որ Աստուած իրարու միացուցած է»:
7 Ըսին իրեն. «Հապա ինչո՞ւ Մովսէս պատուիրեց ամուսնալուծումի վկայագիր տալ եւ արձակել»:
Ba botsa ba re, “Jaanong Moshe o ne a raya jang fa a re monna o ka tlhala mosadi wa gagwe ka go mo kwalela lokwalo lwa tlhalo fela?”
8 Ըսաւ անոնց. «Մովսէս ձեր սիրտին կարծրութեա՛ն համար արտօնեց ձեզի՝ որ արձակէք ձեր կիները. բայց սկիզբէն այնպէս չէր:
Jesu a fetola a re, “Moshe o dirile jalo ka ntlha ya go bona dipelo tsa lona tse di thata tse di bosula, mme tota e ne e se se Modimo o simolotseng o se ikaeletse.
9 Սակայն կը յայտարարեմ ձեզի. “Ո՛վ որ կ՚արձակէ իր կինը՝ առանց պոռնկութեան պատճառի, ու կ՚ամուսնանայ ուրիշի մը հետ՝ շնութիւն կ՚ընէ: Եւ ո՛վ որ արձակուածին հետ կ՚ամուսնանայ՝ շնութիւն կ՚ընէ”»:
Mme ke lo bolelela se, ka re, le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se fela ka kgokafalo, a bo a nyala yo mongwe, o dira kgoka falo.”
10 Իր աշակերտները ըսին իրեն. «Եթէ ա՛յդ է պարագան մարդուն եւ իր կնոջ միջեւ, օգտակար չէ ամուսնանալ»:
Barutwa ba ga Jesu ba mo raya ba re, “Fa e le gore go ntse jalo go botoka go sa nyaleng.”
11 Բայց ինք ըսաւ անոնց. «Բոլորը չեն ընդունիր ասիկա, հապա անոնք՝ որոնց տրուած է:
Jesu a fetola a re, “Ga se mongwe le mongwe yo o ka amogelang mafoko a, fa e se fela ka thuso ya Modimo.
12 Որովհետեւ կան ներքինիներ, որոնք ա՛յդպէս ծնան՝ իրենց մօր որովայնէն. կան ներքինիներ, որոնք մարդոցմէ՛ ներքինի եղան. ու կան ներքինիներ, որոնք իրենք զիրենք ներքինի ըրին՝ երկինքի թագաւորութեան համար: Ո՛վ որ կրնայ ընդունիլ՝ թող ընդունի»:
Banna bangwe ba tsetswe e le baopa, ba bangwe ba opafaditswe ke batho, gore ba seka ba nyala, ba bangwe ba ikgapa mo nyalong ka ntlha ya Bogosi jwa Legodimo. A yo o kgonag, a amogele mafoko a me.”
13 Այն ատեն մանուկներ բերուեցան իրեն, որպէսզի ձեռք դնէ անոնց վրայ եւ աղօթէ. իսկ աշակերտները կը յանդիմանէին զանոնք:
Mme ga tlisiwa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba beye diatla a ba rapelele. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba tlisitse bana. Ba ba raya ba re, “Se mo tshwenyeng.”
14 Յիսուս ըսաւ. «Թո՛յլ տուէք մանուկներուն, ու մի՛ արգիլէք զանոնք՝ որ գան ինծի, որովհետեւ երկինքի թագաւորութիւնը այդպիսիներունն է»:
Jesu a re, “Lesang banyana ba tle kwa go nna, se ba kganeleng. Gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.”
15 Եւ ձեռք դնելէ ետք անոնց վրայ՝ մեկնեցաւ անկէ:
Foo a ba baya diatla a ba segofatsa pele ga a tsamaya.
16 Մէկը մօտենալով՝ ըսաւ անոր. «Բարի՛ վարդապետ, ի՞նչ բարիք գործեմ՝ որ ունենամ յաւիտենական կեանքը»: (aiōnios g166)
Mme mongwe a tla kwa go Jesu ka potso e e reng: “Morena yo o Molemo ke ka dira eng se se siameng go nna le botshelo jo bo sa khutleng?” (aiōnios g166)
17 Ան ալ ըսաւ անոր. «Ինչո՞ւ բարի կը կոչես զիս. մէկէ՛ն զատ բարի չկայ, որ Աստուած է: Եթէ կ՚ուզես մտնել կեանքը՝ պահէ՛ պատուիրանները»:
Jesu a mo raya a re fa o re, “Ke molemo o raya Modimo. Mme go araba potso ya gago ka re, o ka tsena kwa legodimong fa o tshegetsa ditaolo.”
18 Ըսաւ անոր. «Որո՞նք»: Յիսուս պատասխանեց. «Սպանութիւն մի՛ ըներ, շնութիւն մի՛ ըներ, գողութիւն մի՛ ըներ, սուտ վկայութիւն մի՛ տար,
Mme monna a mmotsa a re, “Ditaolo dife?” Mme Jesu a fetola a re “O seka wa bolaya motho, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka,
19 պատուէ՛ հայրդ ու մայրդ, եւ սիրէ՛ ընկերդ քու անձիդ՝՝ պէս»:
tlotla rrago le mmago, gape o rate mongwe ka wena jaaka o ithata!”
20 Երիտասարդը ըսաւ անոր. «Պահած եմ այդ բոլորը՝ պատանութենէս ի վեր. տակաւին ի՞նչ կը պակսի ինծի»:
Mme lekawana la fetola la re, “Ke sa le ke e tshegetsa yotlhe fela, ke tshwanetse go dirang gape?”
21 Յիսուս ըսաւ անոր. «Եթէ կ՚ուզես կատարեալ ըլլալ՝ գնա՛, ծախէ՛ ինչքդ եւ տո՛ւր աղքատներուն, ու գանձ պիտի ունենաս երկինքը. ապա հետեւէ՛ ինծի»:
Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”
22 Երբ երիտասարդը լսեց այս խօսքը՝ տրտմած գնաց, որովհետեւ շատ ստացուածք ունէր:
Mme e rile fa lekau le utlwa jaana, la tsamaya le nyemile moko ka bohutsana, ka gore le ne le humile thata.
23 Յիսուս ըսաւ աշակերտներուն. «Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի. “Հարուստը դժուարութեամբ պիտի մտնէ երկինքի թագաւորութիւնը”:
Hong a raya barutwa ba gagwe a re, “Ruri go thata mo mohuming go tsena mo Bogosing jwa Legodimo.
24 Դարձեալ կը յայտարարեմ ձեզի. “Աւելի դիւրին է որ ո՛ւղտը անցնի ասեղին ծակէն, քան թէ հարուստը մտնէ Աստուծոյ թագաւորութիւնը”»:
Mme ke ipoeletsa gape ke re, go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.”
25 Երբ աշակերտները լսեցին, չափազանց ապշեցան եւ ըսին. «Ուրեմն ո՞վ կրնայ փրկուիլ»:
Polelo e ya gakgamatsa barutwa. Mme ba botsa ba re, “Mme fa go ntse jalo, ke mang yo o ka bolokwang mo lefatshing?”
26 Յիսուս նայելով անոնց՝ ըսաւ. «Ատիկա անկարելի է մարդոց քով, բայց ամէն բան կարելի է Աստուծոյ քով»:
Hong Jesu a ba leba ka kelotlhoko a re, “Ka fa senameng ga go na ope.”
27 Այն ատեն Պետրոս ըսաւ անոր. «Ահա՛ մենք թողուցինք ամէն ինչ ու հետեւեցանք քեզի. ուրեմն ի՞նչ պիտի ըլլայ մեզի»:
Hong Petere a mo raya a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe gore re go sale morago. Re tlaa boelwa ke eng ka go dira jalo?”
28 Յիսուս ըսաւ անոնց. «Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի. “Դուք՝ որ հետեւեցաք ինծի, միւս գալուստին՝՝, երբ մարդու Որդին բազմի իր փառքի գահին վրայ, դո՛ւք ալ պիտի բազմիք տասներկու գահերու վրայ՝ դատելու Իսրայէլի տասներկու տոհմերը”:
Jesu a fetola a re, “E tlaa re nna, Morwa Motho, fa ke nna mo setilong se se galalelang sa Bogosi, lona barutwa ba me lo tlaa nna mo ditilong di le lesome le bobedi tsa puso go atlhola merafe e le lesome le bobedi ya Iseraele.
29 Ո՛վ որ թողուցած ըլլայ տուներ, եղբայրներ, քոյրեր, հայր, մայր, կին, զաւակներ, կամ արտեր՝ իմ անունիս համար, պիտի ստանայ հարիւրապատի՛կը եւ ժառանգէ յաւիտենական կեանքը: (aiōnios g166)
Mme le fa e le mang yo a tlogelang motse wa gagwe, bomonnawe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa dilwana go ntshala morago, o tlaa amogela galekgolo go menaganye, ebile o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
30 Բայց շատ առաջիններ պիտի ըլլան յետին, ու յետիններ՝ առաջին»:
Mme ba le bantsi ba e leng ba ntlha jaanong e tlaa nna ba morago ka nako eo: le bangwe ba e leng ba bofelo jaanong e tlaa nna ba ntlha.”

< ՄԱՏԹԷՈՍ 19 >