< ՄԱՏԹԷՈՍ 24 >

1 Երբ Յիսուս՝ տաճարէն դուրս ելլելով՝ կը մեկնէր, աշակերտները գացին անոր քով՝ ցուցնելու անոր տաճարին շէնքերը:
Mme ya re fela fa Jesu a tswa mo patlelong ya Tempele, barutwa ba gagwe ba mo sala morago ba tla go mo tsamaisa ba mo kaetsa dikago tse di farologanyeng tsa Tempele.
2 Յիսուս ըսաւ անոնց. «Չէ՞ք տեսներ այդ բոլորը. ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի. “Քար քարի վրայ պիտի չմնայ, ամէնը պիտի քակուի”»:
Mme a ba raya a re, “Dikago tse tsotlhe di tlaa digelwa fa fatshe, lentswe lepe le sa tlogelwe le tlhatlaganye le le lengwe!”
3 Ու երբ ան նստած էր Ձիթենիներու լեռը, աշակերտները գացին իրեն՝ առանձին, եւ ըսին. «Ըսէ՛ մեզի, ե՞րբ պիտի ըլլայ ատիկա, ու ի՞նչ պիտի ըլլայ նշանը քու գալուստիդ եւ աշխարհի վախճանին»: (aiōn g165)
Mme ya re morago fa barutwa ba gagwe ba ntse fa fatshe mo thoteng ya Thaba ya Lotlhware, ba mmotsa ba re, “mo go diragala leng? Ditshupo tse di tlaa supang go boa ga gago le bokhutlo jwa lefatshe ke dife?” (aiōn g165)
4 Յիսուս պատասխանեց անոնց. «Զգուշացէ՛ք որ ո՛չ մէկը մոլորեցնէ ձեզ:
Jesu a fetola a re, “Se letleng ope go lo timetsa.
5 Որովհետեւ շատե՜ր պիտի գան իմ անունովս եւ ըսեն. “Ե՛ս եմ Քրիստոսը”, ու պիտի մոլորեցնեն շատերը:
Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipitsa gore ke bone BoMesia, mme ba timetsa ba le bantsi.
6 Պիտի լսէք պատերազմներու մասին, եւ պատերազմներու տարաձայնութիւններ. զգուշացէ՛ք՝ որ չվրդովիք, որովհետեւ պէ՛տք է որ այս ամէնը ըլլայ, բայց դեռ վախճանը չէ:
Fa lo utlwa ka go simologa ga dintwa, mo go tlaa bo go sa supe go boa ga me; mo go tshwanetse go diragala, mme bokhutlo bo tlaa bo bo ise bo tle.
7 Որովհետեւ ազգ ազգի դէմ պիտի ելլէ, ու թագաւորութիւն՝ թագաւորութեան դէմ. եւ տեղ-տեղ սովեր, ժանտախտներ ու երկրաշարժներ պիտի ըլլան:
Dichaba le Mebuso ya lefatshe di tlaa tsogologelana, go tlaa nna mauba le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi.
8 Սակայն ասոնք բոլորը ցաւերուն սկիզբն են:
Mme gotlhe mo e tlaa bo e le tshimologo ya ditlalelo tse di tlang fela.”
9 Այն ատեն պիտի մատնեն ձեզ տառապանքներու, պիտի սպաննեն ձեզ, ու բոլոր ազգերուն ատելի պիտի ըլլաք իմ անունիս համար:
“Hong lo tlaa tlhokofadiwa, lo bolawe, lo bo lo ilwe ke lefatshe lotlhe ka ntlha ya gore lo ba me.
10 Եւ այն ատեն շատե՜ր պիտի գայթակղին, պիտի մատնեն զիրար ու պիտի ատեն զիրար:
Mme ba le bantsi ba lona ba tlaa boela mo sebeng, ba okane ba bo ba ilane.”
11 Շա՛տ սուտ մարգարէներ պիտի ելլեն, եւ պիտի մոլորեցնեն շատերը:
Mme go tlaa nna le baporofiti ba le bantsi ba eseng bone mme ba tlaa timetsa bontsi.
12 Անօրէնութեան բազմանալուն համար՝ շատերո՜ւն սէրը պիտի պաղի:
Sebe se tla ntsifala thata gongwe le gongwe, se tsidifatse lorato lwa ba le bantsi.
13 Բայց ո՛վ որ տոկայ մինչեւ վախճանը՝ անիկա՛ պիտի փրկուի:
Mme ba ba itshokang go ya bokhutlong ba tlaa bolokwa.
14 Այս արքայութեան աւետարանը պիտի քարոզուի ամբողջ երկրագունդին մէջ՝ իբր վկայութիւն բոլոր ազգերուն, եւ ա՛յն ատեն վախճանը պիտի գայ»:
“Mme mafoko a a molemo a Bogosi a tlaa rerwa mo lefatshing lotlhe gore dichaba tsotlhe di utlwe, mme hong lwa bofelo bokhutlo bo tlaa tla.
15 «Ուրեմն երբ սուրբ տեղը հաստատուած տեսնէք աւերողին պղծութիւնը՝՝, - որու մասին Դանիէլ մարգարէին միջոցով խօսուած է, - (ո՛վ որ կարդայ՝ թող հասկնայ, )
Jalo, fa lo bona selo se se makgapha, (se se boletsweng ke Moporofeti Daniele, a mmadi a tlhaloganye se se buiwang!)
16 այն ատեն Հրէաստանի մէջ եղողները լեռնե՛րը թող փախչին:
hong ba ba mo Judea ba patelesega go tshabela kwa dithabeng tsa Judea.
17 Ա՛ն որ տանիքին վրայ է՝ թող չիջնէ իր տունէն որեւէ բան առնելու,
“Ba ba mo maribelong a matlo a bone ba seka ba tsena mo teng go phutha dilwana pele ga ba tshaba.
18 եւ ա՛ն որ արտին մէջ է՝ թող չվերադառնայ իր հանդերձները առնելու:
Ba ba kwa masimo ba seka ba boela kwa magaeng a bone go tsaya diaparo.
19 Բայց վա՜յ այդ օրերը յղի եղողներուն ու ծիծ տուողներուն:
“Mme a bo go tlaa bo go latlhega basadi ba baimana le ba ba nang le masea mo malatsing ao.
20 Աղօթեցէ՛ք՝ որ ձեր փախուստը ձմեռը չըլլայ, ո՛չ ալ Շաբաթ օրը.
Mme lo rapele gore go sia ga lona go seka ga nna mariga, kgotsa go le Sabata
21 քանի որ այն ատեն այնպիսի՛ մեծ տառապանք պիտի ըլլայ, որուն նմանը՝ աշխարհի սկիզբէն մինչեւ հիմա եղած չէ, ո՛չ ալ պիտի ըլլայ:
Gonne go tlaa nna pogisego e lefatshe le iseng le ke le e bone pele mo tshimologong ya lone go fitlha nako eno, mme ga e kitla e tlhola e bonwa gape.”
22 Եթէ այդ օրերը չկարճնային, ո՛չ մէկ մարմին պիտի փրկուէր. բայց ընտրեալներուն համար՝ այդ օրերը պիտի կարճնան:
“Mme tota fa malatsi ao a sa khutshwafadiwe, batho botlhe ba tlaa nyelela, mme a tlaa khutshwafadiwa ka ntlha ya batho ba Modimo o ba itshenketseng.”
23 Այն ատեն եթէ մէկը ըսէ ձեզի. “Ահա՛ հո՛ս է Քրիստոսը”, կամ. “Հո՛ն է”, մի՛ հաւատաք:
“Hong fa mongwe a lo raya a re ‘Mesia o gorogile kwa lefelong lengwe, kgotsa o bonetse fano kgotsa fale, kgotsa mo motseng o kgotsa ole,’ se dumeleng.
24 Որովհետեւ սուտ Քրիստոսներ ու սուտ մարգարէներ պիտի ելլեն, եւ ցոյց պիտի տան մեծ նշաններ ու սքանչելիքներ, որպէսզի՝ եթէ կարելի ըլլայ՝ մոլորեցնեն ընտրեալնե՛րն իսկ:
Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe.
25 Ահա՛ նախապէս ըսի ձեզի:
Bonang, ke lo tlhagisitse.
26 Ուրեմն եթէ ըսեն ձեզի. “Ահա՛ անապատին մէջ է”, մի՛ երթաք. կամ. “Ահա՛ ներքին սենեակներուն մէջ է”, մի՛ հաւատաք:
“Mme ke gone fa mongwe a lo raya a re Mesia o boile mme o ile kwa sekakeng, lo se ka lwa eletsa go tsamaya lo ya go bona, kgotsa, gore o iphitlhile golo gongwe, se dumeleng!
27 Քանի որ ինչպէս փայլակը կ՚ելլէ արեւելքէն ու կ՚երեւնայ մինչեւ արեւմուտք, ա՛յնպէս պիտի ըլլայ մարդու Որդիին գալուստը:
Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime go kgabaganya loapi go tsweng botlhabatsatsi go ya bophirima, go tla ga me go tlaa nna jalo, fa nna Morwa Motho ke boa.
28 Որովհետեւ ո՛ւր որ դիակ կայ, հո՛ն պիտի հաւաքուին արծիւները»:
Mme gongwe le gongwe kwa go nang le setoto, manong a phuthegela gone.
29 «Եւ այդ օրերու տառապանքէն անմի՛ջապէս ետք՝ արեւը պիտի խաւարի ու լուսինը պիտի չտայ իր փայլը. աստղերը պիտի իյնան երկինքէն, երկինքի զօրութիւնները պիտի սարսին,
“E tlaa re ka bofefo morago ga pogiso ya malatsi letsatsi le tlaa fifadiwa, le ngwedi o tlaa ntshofala, le dinaled di bonala o ka re di wa mo magodimong, le dinonofo tse di khuromeditseng lefatshe di tlaa reketlisiwa.
30 եւ ա՛յն ատեն մարդու Որդիին նշանը պիտի երեւնայ երկինքի մէջ: Այն ատեն երկրի բոլոր տոհմերը պիտի հեծեծեն, ու պիտի տեսնեն մարդու Որդին՝ որ կու գայ երկինքի ամպերուն վրայ, զօրութեամբ ու մեծ փառքով:
“Mme kwa bofelong sesupo sa go tla ga me se tlaa bonala mo magodimong, mme go tlaa nna khutsafalo e kgolo mo tikologong ya lefatshe lotlhe, mme dichaba tsa lefatshe di tlaa mpona ke goroga ka maru a legodimo, ka nonofo le kgalalelo e kgolo.
31 Եւ ան պիտի ղրկէ իր հրեշտակները բարձրաձայն փողով, ու պիտի հաւաքեն իր ընտրեալները չորս հովերէն, երկինքի մէկ ծայրէն մինչեւ միւս ծայրը»:
Mme ke tlaa roma baengele ba me ka tumo ya torompeta e kgolo, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba me go tsweng dikhutlong tsa lefatshe le legodimo.
32 «Թզենիէ՛ն սորվեցէք առակ մը. երբ անոր ոստերը կակուղնան եւ տերեւները ցցուին՝ կը հասկնաք թէ ամառը մօտ է:
“Jaanong ithuteng thuto ka setlhare sa mofeige. Fa kala ya sone e le nana matlhare a simolola go kukunya, lo itse gore selemo se setse se gorogile.
33 Նո՛յնպէս դուք՝ երբ տեսնէք այս բոլոր բաները, գիտցէ՛ք թէ մօտ է՝ դռներուն քով:
Fela jalo, fa lo bona dilo tse tsotlhe di simolola go diragala, lo ka itse gore go boa ga me go gaufi, go fela fa mojakong.
34 Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի. “Այս սերունդը պիտի չանցնի, մինչեւ որ այս բոլոր բաները ըլլան”:
Hong kwa bofelong lobaka lo lo tlaa tla mo bokhutlong jwa lone.
35 Երկինք ու երկիր պիտի անցնին, բայց իմ խօսքերս բնա՛ւ պիտի չանցնին»:
“Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme mafoko a me a tla nna ka bosenabokhutlo.”
36 «Իսկ այդ օրն ու ժամը՝ ո՛չ մէկ մարդ գիտէ, ո՛չ ալ երկինքի հրեշտակները, հապա՝ միա՛յն իմ Հայրս:
“Mme ga go ope yo o itseng letsatsi le fa e le nako e bokhutlo bo tlaa tlang ka yone, le fa e le baengele. Nnyaa, le fa e le Morwa Modimo tota. Ke Rara fela a le esi yo o itseng.
37 Բայց ինչպէս Նոյի օրերուն պատահեցաւ, այնպէս ալ պիտի ըլլայ մարդու Որդիին գալուստը:
“Lefatshe le tlaa bo le iketlile, le le mo tlhapeding ya meletlo batho ba a ja ba a nwa, ba nyala ba nyadisa, jaaka go ne go ntse ka nako ya ga Noa pele ga go tla ga tshoganetso ga morwalela.
38 Որովհետեւ ինչպէս ջրհեղեղէն առաջ եղած այն օրերը՝ կ՚ուտէին, կը խմէին, կ՚ամուսնանային եւ ամուսնութեան կու տային, մինչեւ այն օրը՝ երբ Նոյ մտաւ տապանը,
39 ու չգիտցան՝ մինչեւ որ ջրհեղեղը եկաւ եւ քշեց տարաւ բոլորը, այնպէս ալ պիտի ըլլայ մարդու Որդիին գալուստը:
Batho ba ne ba sa dumele se se neng se ya go diragala go fitlhelela morwalela o tla o ba phaila botlhe. Jalo go tla ga me go tlaa nna fela jalo.
40 Այն ատեն եթէ երկու մարդիկ արտի մը մէջ ըլլան, մէկը պիտի առնուի եւ միւսը մնայ.
“Banna ba le babedi ba tlaa bo ba dira mo masimong, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwa.
41 ու եթէ երկու կիներ ջաղացքին մէջ աղան, մէկը պիտի առնուի եւ միւսը մնայ:
Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira tiro ya bone ya lolwapa, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.
42 Ուրեմն արթո՛ւն կեցէք, որովհետեւ չէք գիտեր թէ ձեր Տէրը ո՛ր ժամուն պիտի գայ:
Ke gone ipaakanyeng, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlang ka lone.
43 Բայց սա՛ գիտցէք թէ եթէ տանուտէրը գիտնար թէ գիշերուան ո՛ր պահուն գողը կու գայ, արթուն կը կենար եւ չէր թոյլատրեր՝ որ ծակեն իր տունը:
Fela jaaka motho a ka kganela matshwenyego a a leriweng ke magodu ka go nna a itlhokometse mo go one.
44 Ուստի դո՛ւք ալ պատրա՛ստ կեցէք, որովհետեւ մարդու Որդին պիտի գայ այնպիսի ժամու մը՝ որ դուք չէք ակնկալեր»:
Jalo lo ka kganela matshwenyego ka go nna malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go boa ga me mo go se kitlang go anamisiwa.
45 «Ուրեմն ո՞վ է այն հաւատարիմ եւ իմաստուն ծառան, որ իր տէրը նշանակեց իր ծառաներուն վրայ՝ որպէսզի ատենին կերակուր տայ անոնց:
“A o motlhanka yo o botlhale yo o ikanyegang wa Morena? a ke go neetse tironyana ya go laola ba ntlo ya me, go fepa bongwanake letsatsi le letsatsi?
46 Երանի՜ այդ ծառային, որ իր տէրը՝ եկած ատենը՝ պիտի գտնէ թէ ա՛յնպէս կ՚ընէ:
O sego fa e ka re ke boa ka fitlhela o dira tiro ya gago ka go ikanyega.
47 Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի թէ պիտի նշանակէ զայն իր ամբողջ ինչքին վրայ:
Ke tlaa dira ba ba ikanyegang jalo balaodi ba sengwe le sengwe se ke nang naso.
48 Հապա եթէ այդ չար ծառան ըսէ իր սիրտին մէջ. “Իմ տէրս կ՚ուշացնէ իր գալը”,
Mme fa o le bosula o bo o ithaya o re, ‘Morena wa me ga a na go tla ka bofefo,’
49 եւ սկսի ծեծել իր ծառայակիցները, ուտել ու խմել արբեցողներուն հետ,
o bo o simolola go gatelela batlhanka ka wena, o o ja o nwa o tagwa.
50 այդ ծառային տէրը պիտի գայ այնպիսի օր մը՝ երբ չի սպասեր, եւ այնպիսի ժամու մը՝ որ չի գիտեր,
Morena wa gago o tlaa goroga a sa anamisiwa e bile a sa solofelwa,
51 ու երկուքի պիտի կտրէ զայն եւ պիտի դնէ անոր բաժինը կեղծաւորներուն հետ. հոն պիտի ըլլայ լաց ու ակռաներու կրճտում »:
“Mme a ba a go kgwathisa thata a go lelekela katlholong ya baitimokanyi; kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno teng.”

< ՄԱՏԹԷՈՍ 24 >

The World is Destroyed by Water
The World is Destroyed by Water