< San Mateo 25 >

1 Entonces el reino de los cielos será semejante a diez vírgenes, que tomando sus lámparas, salieron a recibir al esposo.
“Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi.
2 Y las cinco de ellas eran prudentes, y las cinco insensatas.
Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo.
3 Las que eran insensatas, tomando sus lámparas, no tomaron aceite consigo.
4 Mas las prudentes tomaron aceite en sus vasos, juntamente con sus lámparas.
5 Y tardándose el esposo, cabecearon todas, y se durmieron.
“Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’
6 Y a la media noche fue oído un clamor, que decía: He aquí, el esposo viene, salíd a recibirle.
7 Entonces todas aquellas vírgenes se levantaron, y aderezaron sus lámparas.
“Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima.
8 Y las insensatas dijeron a las prudentes: Dádnos de vuestro aceite, porque nuestras lámparas se apagan.
9 Mas las prudentes respondieron, diciendo: Porque no nos falte a nosotras y a vosotras, id antes a los que venden, y comprád para vosotras.
“Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’
10 E idas ellas a comprar, vino el esposo; y las que estaban apercibidas, entraron con él a las bodas; y se cerró la puerta.
“Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa.
11 Y después vinieron también las otras vírgenes, diciendo: Señor, señor, ábrenos.
Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’
12 Mas respondiendo él, dijo: De cierto os digo, que no os conozco.
“Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’
13 Velád pues, porque no sabéis el día ni la hora, en la cual el Hijo del hombre ha de venir.
“Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me.”
14 Porque el reino de los cielos es como un hombre que partiéndose lejos, llamó a sus siervos, y les entregó sus bienes.
“Gape, Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa ka polelo ya monna yo o kileng a ya kwa lefatshing lengwe, yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba neela madi go a mo atisetsa a sa ntse a seyo.
15 Y a éste dio cinco talentos, y al otro dos, y al otro uno; a cada uno conforme a su facultad, y se partió luego lejos.
A neela wa ntlha madi a selekanyo sa ditalenta di le tlhano, yo mongwe a mo neela ditalenta di le pedi, mme wa bofelo a mo neela talenta e le nngwe fela, a a kgaoganya ka fa nonofong ya bone, mme hong a simolola loeto lwa gagwe.
16 Y partido él, el que había recibido cinco talentos, granjeó con ellos, e hizo otros cinco talentos.
“Monna yo o amogetseng ditalenta di le tlhano a simolola go reka a rekisa mme a dira lesome.
17 Semejantemente también el que había recibido dos, ganó también él otros dos.
Monna yo o tshotseng ditalenta tse pedi a tlhamalalela kwa tirong, le ene a dira ditalenta tse pedi tse dingwe.
18 Mas el que había recibido uno, fue, y cavó en la tierra, y escondió el dinero de su señor.
“Mme monna yo o amogetseng talenta e le nngwe a e epela mosima a e fitlha mo teng gore e bolokesege.
19 Y después de mucho tiempo vino el señor de aquellos siervos, e hizo cuentas con ellos.
Morago ga nako e telele monnga-bone a boa mo loetong lwa gagwe, mme a ba biletsa kwa go ene go arabela madi a gagwe.
20 Y llegando el que había recibido cinco talentos, trajo otros cinco talentos, diciendo: Señor, cinco talentos me entregaste; he aquí, otros cinco talentos he ganado con ellos.
Monna yo o neng a mo neetse ditalenta di le tlhano a mo neela ditalenta di le some.
21 Y su señor le dijo: Bien está, buen siervo y fiel: sobre poco has sido fiel, sobre mucho te pondré: entra en el gozo de tu señor.
Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me.”
22 Y llegando también el que había recibido dos talentos, dijo: Señor, dos talentos me entregaste; he aquí, otros dos talentos he ganado sobre ellos.
“Lwa bobedi ga tla monna yo a neng a amogetse ditalenta di le pedi ka polelo e e reng, ‘Morena, o nneetse ditalenta di le pedi go di dirisa, mme ke menagantse gabedi.’
23 Su señor le dijo: Bien está, buen siervo y fiel: sobre poco has sido fiel, sobre mucho te pondré: entra en el gozo de tu señor.
“Monngagwe a mo raya a re, ‘O dirile tiro e ntle, O motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang. O ntse o ikanyega mo go bolokeng bonnyennyane jo, mme jaanong ke go neela go le gontsi.’
24 Y llegando también el que había recibido un talento, dijo: Señor, yo te conocía que eres hombre duro, que siegas donde no sembraste, y coges donde no derramaste:
Hong monna yo o tshotseng talenta e le nngwe a tla mme a re, ‘Morena ke go itse o le motho yo o pelo e thata, mme ke ne ka tshaba gore o tlaa ntseela se ke se boneng ka go atisa madi, jalo ka fitlha madi a gago mo mmung, mme ke a!’
25 Por tanto tuve miedo, y fui, y escondí tu talento en la tierra: he aquí, tienes lo que es tuyo.
26 Y respondiendo su señor, le dijo: Mal siervo y negligente, sabías que siego donde no sembré, y que cojo donde no derramé.
Mme monngagwe a fetola a re, ‘Motlhanka yo o bosula! Lekgoba le le setshwakga! Ka o no o itse ke tlaa batla ga mofufutso wa phatla ya gago,
27 Por tanto te convenía dar mi dinero a los banqueros, y viniendo yo, recibiera lo que es mío con usura.
O ka bo bogolo o ne wa baya madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso wa one
28 Quitádle pues el talento, y dád lo al que tiene diez talentos.
Tsayang madi a mo monneng yo lo a neele monna yo o nang le ditalenta di le some.
29 Porque a cualquiera que tuviere le será dado, y tendrá más; pero al que no tuviere, aun lo que tiene le será quitado.
Gonne motho yo o dirisang se a se neetsweng sentle o tlaa neelwa go le go tona, mme o tlaa nna le letlotlo, mme motho yo o sa ikanyegeng, le e leng tshwanelo e potlana e a nang nayo e tlaa tsewa mo go ene.
30 Y al siervo inútil echádle en las tinieblas de afuera: allí será el llorar, y el crujir de dientes.
Mme fa e le motlhanka yo o senang molemo yo o tlaa latlhelwa kwa ntle mo lefifing kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno.’
31 Cuando el Hijo del hombre vendrá en su gloria, y todos los santos ángeles con él, entonces se sentará sobre el trono de su gloria.
“Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo.
32 Y serán juntadas delante de él todas las naciones, y los apartará los unos de los otros, como aparta el pastor las ovejas de los cabritos;
Mme dichaba tsotlhe di tlaa phuthelwa fa pele ga me. Mme ke tlaa kgaoganya batho jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipudi;
33 Y pondrá las ovejas a su derecha, y los cabritos a la izquierda.
Ke baya dinku ka fa lebogong le legolo, dipudi ka fa go la molema.
34 Entonces el Rey dirá a los que estarán a su derecha: Veníd, benditos de mi Padre, poseéd el reino aparejado para vosotros desde la fundación del mundo;
“Hong nna Kgosi ke tlaa raya ba ba ka fa lebogong la me le legolo ke re, ‘Tlang, basegofadiwa ba ga Rre mo Bogosing jo lo bo baakanyeditsweng go tsweng kwa tlholegong ya lefatshe.
35 Porque tuve hambre, y me disteis de comer: tuve sed, y me disteis de beber: fui extranjero, y me recogisteis:
Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka nyorwa mme lwa nnosa; ke ne ka nna moeng mme lwa ntaletsa mo malwapeng a lona;
36 Desnudo, y me cubristeis: enfermo, y me visitasteis: estuve en la cárcel, y vinisteis a mí.
“Ke ne ke sa apara mme lwa nkapesa; ke ne ke lwala ka ba ka nna mo kgolegelong, mme lwa tla go ntlhola.’
37 Entonces los justos le responderán, diciendo: Señor, ¿cuándo te vimos hambriento, y te sustentámos? ¿o sediento, y te dimos de beber?
“Hong basiami ba tlaa fetola ba re, ‘Morena re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala mme ra go fa dijo? Kgotsa o nyorilwe mme ra go nosa?
38 ¿Cuando te vimos extranjero, y te recogimos? ¿o desnudo, y te cubrímos?
Kgotsa o le moeng mme ra go thusa? Kgotsa o sa apara mme ra go apesa?
39 ¿O cuándo te vimos enfermo, o en la cárcel, y vinimos a ti?
Re kile ra go bona leng o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra go etela?’
40 Y respondiendo el Rey, les dirá: De cierto os digo, que en cuanto lo hicisteis a uno de estos mis hermanos pequeñitos, a mí lo hicisteis.
“Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!
41 Entonces dirá también a los que estarán a la izquierda: Idos de mí, malditos, al fuego eterno, que está aparejado para el diablo y sus ángeles; (aiōnios g166)
Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe. (aiōnios g166)
42 Porque tuve hambre, y no me disteis de comer: tuve sed, y no me disteis de beber:
Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa seka lwa mpha dijo; ka nyorwa mme lwa seka lwa nneela le fa e le sepe go se nwa.
43 Fui extranjero, y no me recogisteis: desnudo, y no me cubristeis: enfermo, y en la cárcel estuve, y no me visitasteis.
Ka nna moeng mme lwa seka lwa ntshola; ke ne ke sa apara mme ga lo a ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo kgolegelong ga lo a ka lwa tla go ntlhola.’
44 Entonces también ellos le responderán, diciendo: Señor, ¿cuándo te vimos hambriento, o sediento, o extranjero, o desnudo, o enfermo, o en la cárcel, y no te servimos?
“Hong ba tlaa fetola ba re ‘Morena, re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala kgotsa o tshwerwe ke lenyora kgotsa o le moeng kgotsa o sa apara kgotsa o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra se ka ra go thusa?’
45 Entonces les responderá, diciendo: De cierto os digo, que en cuanto no lo hicisteis a uno de estos pequeñitos, ni a mí lo hicisteis.
“Mme ke tlaa araba ke re, ‘E rile fa lo gana go direla bakaulengwe ba ba botlana ba, lo no lo gana go direla nna.’
46 E irán estos al suplicio eterno, y los justos a la vida eterna. (aiōnios g166)
“Mme ba tlaa ya kwa kwatlhaong e e sa khutleng; mme basiami ba tla a ya mo botshelong jo bo sa khutleng.” (aiōnios g166)

< San Mateo 25 >