< Tshenolo 8 >

1 Erile fa Kwana e sena go kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong lotlhe e ka nna selekanyo sa oura. 2 Mme ka bona baengele ba supa ba ba emang fa pele ga Modimo, mme ba neelwa ditorompeta di supa. 3 Mme moengele yo mongwe a tshotse leiswana la gauta a tla a ema fa sebesong; mme a neelwa maswalo a mantsi go a tlhakanya le dithapelo tsa batho ba Modimo, gore a a bee mo sebesong sa gauta e le setlhabelo fa pele ga setilo sa Bogosi. 4 Mme lonko lwa maswalo lo lo tlhakaneng le dithapelo lwa tlhatlogela kwa Modimong lo tswa mo sebesong mo moengele a neng a a tshetse teng. 5 Mme moengele a tlatsa leiswana ka molelo o o tswang mo sebesong mme a le latlhela mo lefatsheng; mme tumo ya maru ya thulana ya duma, logadima lwa phatsima, mme ga nna le thoromo e e maswe ya lefatshe. 6 Mme baengele basupa ba ba tshotseng ditorompeta ba ipaakanyetsa go di letsa. 7 Moengele wa ntlha a letsa torompeta ya gagwe, mme sefako le molelo di tlhakane le madi tsa latlhelwa mo lefatsheng. Karolo ya boraro ya lefatshe ya fisiwa gore karolo ya boraro ya ditlhare e bo e lailwe ke molelo, le bojang jotlhe jo bo tala. 8 Mme moengele wa bobedi a letsa torompeta ya gagwe, mme se se neng se bonala ekete thaba e kgolo e e tukang ya latlhelwa mo lewatleng, ya senya karolo ya boraro ya dikepe; mme karolo ya lewatle ya fetoga bohibidu jaaka madi; le karolo ya boraro ya ditlhapi ya bolawa. 9 10 Moengele wa boraro a letsa torompeta mme naledi e kgolo e e tukang ya wa kwa legodimong ya wela mo karolong ya boraro ya melapo le metswedi. 11 Naledi e e ne e bidiwa “Bogalaka” gonne e ne ya fetola karolo ya boraro ya metse otlhe mo lefatsheng, mme batho ba le bantsi ba a swa. 12 Moengele wa bone a letsa torompeta ya gagwe mme ka bofefo karolo ya boraro ya letsatsi ya senngwa ya ba ya fifadiwa, le karolo ya boraro ya ngwedi le dinaledi, mo phatsimo ya letsatsi e neng ya fifadiwa selekanyo sa karolo ya boraro mme ga nna lefifi le le boitshegang. 13 Ya re ke lebelela, ka bona ntsu a le esi a fofa go kgabaganya magodimo a lelela kwa godimo, a re, “Ija, Ija, Ija, a bo go latlhega batho ba lefatshe ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di tlaa tlogang di direga fa baengele ba bararo ba ba setseng ba letsa ditorompeta tsa bone.”

< Tshenolo 8 >