< Tshenolo 2 >

1 “Kwalela moeteledipele wa phuthego e e kwa Efeso lokwalo o mmolelele se: ke kwala ke go itsise molaetsa o o tswang mo go yo o tsamayang mo gare ga diphuthego a tsholetsa baeteledipele ba tsone ka seatla sa gagwe se segolo. O go raya a re:
Och skrif den församlings Ängel i Epheso: Detta säger han, som hafver sju stjernor i sine högra hand, den der vandrar midt ibland de sju gyldene ljusastakar.
2 ke itse dilo tse di molemo tse o di dirang. Ke bonye tiro ya gago e e bokete e o e dirileng le bopelotelele jwa gago, ke a itse gore ga o itshokele boleo mo malokong a phuthego ya gago, ebile o sekasekile ka kelotlhoko ba ba ipitsang baaposetoloi mme e se bone. O bonye ka fa ba akang ka teng.
Jag vet dina gerningar, och ditt arbete, och ditt tålamod, och att du icke må lida de onda, och hafver försökt dem som säga att de äro Apostlar, och äro dock icke, och hafver befunnit dem ljugare.
3 O mpogetse ka bopelotelele o sa lape.
Och du lider och hafver tålamod, och arbetar för mitt Namns skull, och är icke trött vorden.
4 “Le fa go ntse jalo go na le sengwe se se sa siamang; ga o nthate jaaka lwa ntlha!
Men jag hafver emot dig, att du den första din kärlek öfvergifvit hafver.
5 A ko o akanye ka dipaka tsa lorato lwa gago lwa ntlha (gore go pharologanyo jang gompieno)! Mme o boele gape kwa go nna o dire jaaka pele; kgotsa e seng jalo ke tlaa tla mme ke tlose setlhomo sa lobone lwa gago mo mannong a sone mo gare ga diphuthego.
Betänk derföre hvaraf du fallen äst, och bättra dig, och gör de första gerningarna; hvar det icke sker, då varder jag dig snarliga kommandes, och skall bortstöta din ljusastaka af sitt rum, utan du bättrar dig.
6 “Mme go na le selo sengwe ka ga gago se se molemo: o ila ditiro tse di makgapha tsa Banikolaitane, fela jaaka ke di ila.
Men detta hafver du, att du hatar de Nicolaiters verk, hvilka jag ock hatar.
7 “A molaetsa o o thothomele mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe yo o utlwang se Mowa o se buang le diphuthego: mongwe le mongwe yo o fenyang, ke tlaa mo naya loungo lo lo tswang mo setlharing sa Botshelo mo Paradaiseng ya Modimo.
Den der öra hafver, han höre hvad Anden säger församlingarna: Den der vinner, honom vill jag gifva äta af lifsens trä, som är i Guds Paradis.
8 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Semerena lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa mo go ene yo e leng Tshimologo le Bokhutlo, yo o neng a sule mme a rula.
Och skrif den församlings Ängel i Smirnen: Detta säger den förste och den siste, den död var, och är lefvandes vorden:
9 “Ke itse ka fa o bogelang Morena ka teng, e bile ke itse gotlhe ka khumanego ya gago (mme o na le dikhumo tsa selegodimo)! Ke itse kgobololo ya ba ba go ganetsang, ba ba reng ke Bajuta, bana ba Modimo, mme e se bone, gonne ba eme nokeng maikaelelo a ga Satane.
Jag vet dina gerningar och din bedröfvelse, och din fattigdom (men du äst rik), och hädelse af dem som sig säga vara Judar, och äro icke, utan äro Satans hop.
10 Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.
Frukta intet för något, som du lida skall. Si, djefvulen skall kasta några af eder i fängelse, på det I skolen försökte varda, och hafva bedröfvelse i tio dagar. Var trofast intill döden, så skall jag gifva dig lifsens krono.
11 A mongwe le mongwe yo o utlwang, a reetse se Mowa o se buang le diphuthego: yo o fenyang ga a kitla a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.
Den der öra hafver, han höre hvad Anden säger församlingarna. Den der vinner, han skall ingen skada få af den andra döden.
12 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e kwa Perefamose lokwalo lo o re: molaetsa o tswa kwa go Ene yo o tshotseng chaka e e lootsegileng ntlha tsoopedi.
Och skrif den församlings Ängel i Pergamen: Detta säger han, som hafver det skarpa tveeggade svärdet:
13 Ke itse ka botlalo gore o nna mo motsing o setilo sa ga Satane sa Bogosi se leng mo go one, kwa bogareng jwa kobamelo ya ga Satane; mme le fa go ntse jalo o ntse o ikanyega mo go nna, wa ba wa gana go intatola, le motlhang Antipase, mosupi wa me yo o ikanyegang, a neng a bolaelwa tumelo mo go lona ke balatedi ba ga Satane.
Jag vet dina gerningar, och hvar du bor, att der Satans säte är; och du håller mitt Namn, och hafver icke nekat mina tro; och i de dagar är Antipas, mitt trogna vittne, dödader när eder, der Satan bor.
14 “Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa.
Men jag hafver något litet emot dig; ty du hafver der dem, som hålla Balaams lärdom, hvilken lärde genom Balak åstadkomma förargelse för Israels barn, till att äta af det afgudom offradt var, och bedrifva boleri;
15 Ee, o na le bangwe ba balatedi ba ga Balame!
Så hafver du ock dem, som hålla de Nicolaiters lärdom, hvilket jag hatar.
16 “Fetola mogopolo wa gago le maikutlo, e seng jalo ke tlaa tla kwa go wena ka tshoganetso ke ba tlhabantsha ka chaka ya molomo wa me.
Bättra dig; annars skall jag dig snarliga komma, och skall strida med dem, med mins muns svärd.
17 “A mongwe le mongwe yo o utlwang a reetse se mowa o se buang le diphuthego. Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa ja ga mana a a fitlhilweng, kotla e e sa itseweng e e tswang legodimong; mme e tlaa naya mongwe le mongwe leje le lesweu, mme mo lejeng go tlaa kwalwa leina le lesha le motho ope a sa le itseng fa e se fela yo o le amogelang.
Den der öra hafver, han höre hvad Anden säger församlingarna. Den der vinner, honom vill jag gifva äta af det fördolda Manna, och vill gifva honom ett godt vittnesbörd, och med det vittnesbörd ett nytt namn beskrifvet, det ingen känner, utan den det får.
18 “Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e kwa Thiatira Lokwalo lo o re: o ke molaetsa o o tswang kwa go Morwa Modimo, yo matlho a gagwe a ntseng jaaka dikgabo tsa molelo, yo dinao tsa gagwe di ntseng jaaka kgotlho e e phatshimang.
Ock skrif den församlings Ängel i Thyatira: Detta säger Guds Son, som ögon hafver såsom eldslåge, och hans fötter lika som messing;
19 Ke itse ditiro tsotlhe tsa gago tse di molemo, tshiamo ya gago mo bahumaneging, dimpho tsa gago le go ba direla, gape ke itse lorato lwa gago le tumelo le bopelotelele, e bile ke bona boiteko jwa gago jo bo tsweletseng pele mo dilong tsotlhe tse.
Jag vet dina gerningar, och din kärlek, och dina tjenst, och dina tro, och ditt tålamod, och dina gerningar, de sista flere än de första.
20 “Le fa go ntse jalo ke na le selo sengwe kgatlhanong le wena: o letlelela Jesebele, yo o ipitsang moporofiti wa sesadi, go ruta batlhanka ba me gore boaka ga se boleo jwa sepe; o ba kgothatsa go dira boaka le go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa.
Men jag hafver något litet emot dig, att du tillstädjer den qvinnan Jesabel, som säger att hon är en Prophetissa, lära och bedraga mina tjenare, bedrifva boleri, och äta af det afgudom offradt är.
21 Ke mo neetse lobaka go fetola mogopolo wa gagwe le maikhutlo, mme o ganne.
Och jag hafver gifvit henne tid, att hon skulle bättra sig af sitt boleri; och hon hafver intet bättrat sig.
22 Mme ela-tlhoko se ke se go bolelelang: ke tlaa mo robatsa mo bolaong, ka bolwetse jwa tlhokofatso e kgolo mmogo le balatedi ba gagwe ba ba itshekologileng, fa ba sa boele gape mo go nna, ba ikwatlhaela dibe tsa bone le ene;
Si, jag skall lägga henne i sängena; och de som med henne hor bedrifva, skola komma uti aldrastörsta bedröfvelse, om de icke bättra sig af sina gerningar.
23 mme ke tlaa bolaya bana ba gagwe. Mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse gore ke nna yo ke sekasekang boteng jwa dipelo tsa batho, le megopolo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona se se mo tshwanetseng.
Och hennes barn skall jag dräpa; och alla församlingar skola veta, att jag är den som ransakar njurar och hjerta; och skall gifva hvarjom och enom af eder efter hans gerningar.
24 “Lona ba lo setseng mo Thiatira ba lo sa latelang dithuto tse tsa tsietso (‘boammaaruri jo bo kwa teng’ jaaka ba bo bitsa, boammaaruri jwa ga Satane, tota) ga ke kitla ke tlhola ke lo kopa sepe, tshegetsang thata fela se lo nang naso go fitlhelela ke tla.
Men eder säger jag, och androm som i Thyatira ären, som icke hafva sådana lärdom, och icke hafva förstått Satans djuphet, såsom de säga: Jag skall icke lägga på eder några andra bördo.
Dock hvad I hafven, det håller, så länge jag kommer.
26 “Go mongwe le mongwe yo o fenyang, yo kwa bofelong a ntseng a tsweletse go dira dilo tse di intumedisang, ke tlaa mo naya nonofo mo merafeng.
Och den der vinner, och håller min verk intill ändan, honom skall jag gifva magt öfver Hedningarna;
27 O tlaa e busa ka thobane ya tshipi fela jaaka Rre a nneile taolo ya go ba busa; ba tlaa thubaganngwa jaaka pitsana ya letsopa e thubegile go nna dikapetlana.
Och han skall regera dem med jernris; och han skall sönderkrossa dem såsom en pottomakares käril;
28 Mme ke tlaa lo naya Naledi ya Moso!
Såsom jag ock fått hafver af minom Fader, och vill gifva honom morgonstjernona.
29 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.
Den der öra hafver, han höre hvad Anden säger församlingarna.

< Tshenolo 2 >