< Mathaio 8 >

1 Bontsintsi jwa batho jwa sala Jesu mora-go fa a fologa mo mhapheng wa lentswe.
A gdy zszedł z góry, poszło za nim mnóstwo ludzi.
2 Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, “Rra, fa o rata o ka mphodisa.”
A oto trędowaty podszedł i oddał mu pokłon, mówiąc: Panie, jeśli chcesz, możesz mnie oczyścić.
3 Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re “Ke a rata, fola.” Mme gone fela foo lepero la nyelela.
Jezus wyciągnął rękę i dotknął go, mówiąc: Chcę, bądź oczyszczony. I natychmiast został oczyszczony z trądu.
4 Mme Jesu a mo raya a re, “O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe.”
Wtedy Jezus powiedział do niego: Uważaj, abyś nikomu nie mówił, ale idź, pokaż się kapłanowi i ofiaruj dar, który nakazał Mojżesz, na świadectwo [dla] nich.
5 Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.
A gdy Jezus wszedł do Kafarnaum, przyszedł do niego setnik i prosił go:
6
Panie, mój sługa leży w domu sparaliżowany i bardzo cierpi.
7 Mme Jesu a mo fetola a re, “Ke tlaa tla go mo fodisa.”
I powiedział mu Jezus: Przyjdę i uzdrowię go.
8 Mme mogolwane a re, “Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola!
Lecz setnik odpowiedział: Panie, nie jestem godny, abyś wszedł pod mój dach, ale powiedz tylko słowo, a mój sługa będzie uzdrowiony.
9 Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya.”
Bo i ja jestem człowiekiem podległym władzy i mam pod sobą żołnierzy. Mówię jednemu: Idź, a idzie; a drugiemu: Chodź tu, a przychodzi; a memu słudze: Zrób to, a robi.
10 Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele!
A gdy Jezus to usłyszał, zdziwił się i powiedział do tych, którzy szli za nim: Zaprawdę powiadam wam: Nawet w Izraelu nie znalazłem tak wielkiej wiary.
11 Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe.
A mówię wam: Wielu przyjdzie ze wschodu i z zachodu i zasiądą za stołem z Abrahamem, Izaakiem i Jakubem w królestwie niebieskim.
12 Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso”.
Lecz synowie królestwa będą wyrzuceni do ciemności zewnętrznych. Tam będzie płacz i zgrzytanie zębów.
13 Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, “Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!” Mme mosimane a fola ka yone nako eo.
I powiedział Jezus setnikowi: Idź, a jak uwierzyłeś, tak niech ci się stanie. I o tej godzinie jego sługa został uzdrowiony.
14 Erile Jesu a goroga kwa tlung ya ga Petere, mogwagwadia Petere wa mosadi o ne a le mo bolaong a tshwere ke letshoroma.
A gdy Jezus przyszedł do domu Piotra, zobaczył jego teściową, która leżała w gorączce.
15 Mme erile fa Jesu a tshwara lebogo la gagwe, letshoroma la mo tlogela; mme a ema a ba baakanyetsa dijo.
Dotknął więc jej ręki i opuściła ją gorączka. Ona zaś wstała i usługiwała im.
16 Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola.
Kiedy nastał wieczór, przyprowadzono do niego wielu opętanych. A on wypędził duchy słowem i uzdrowił wszystkich chorych;
17 Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, “O na a tsaya malwetse a rona, a rwala dipobolo tsa rona.”
Aby się wypełniło, co zostało powiedziane przez proroka Izajasza: On nasze słabości wziął [na siebie] i nosił nasze choroby.
18 Fa Jesu a lemoga ka fa bontsintsi jwa batho bo neng bo gola ka teng, o na a laela barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha.
A Jezus, widząc wokół siebie mnóstwo ludzi, kazał przeprawić się na drugi brzeg.
19 Ka yone nako eo mongwe wa baruti ba tumelo ya Sejuda a mo raya a re, “Moruti, ke tlaa go sala morago, ga gore sepe gore o ya kae!”
Wtedy podszedł pewien uczony w Piśmie i powiedział do niego: Mistrzu, pójdę za tobą, dokądkolwiek pójdziesz.
20 Mme Jesu a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”
I powiedział mu Jezus: Lisy mają nory, a ptaki niebieskie – gniazda, ale Syn Człowieczy nie ma gdzie położyć głowy.
21 Mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Morena, mma ke tsamaye pele ke ye go fitlha rre.”
A inny spośród jego uczniów powiedział do niego: Panie, pozwól mi najpierw pójść i pogrzebać mego ojca.
22 Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago! Lesa ba ba suleng mo moweng ba tlhokomele baswi ba bone.”
Ale Jezus mu odpowiedział: Pójdź za mną, a umarli niech grzebią swoich umarłych.
23 Mme a tsena mo mokorong a simolola go kgabaganya lecha le barutwa ba gagwe.
Gdy wsiadł do łodzi, weszli za nim i jego uczniowie.
24 Ka tshoganyetso ga tsoga setsuatsue se segolo, makhubu a goletsegile go feta mokoro. Mme Jesu o ne a robetse.
A oto zerwała się na morzu wielka burza, tak że fale zalewały łódź. On zaś spał.
25 Barutwa ba ya kwa go ene ba feta ba mo tsosa, ba gowa ba re, “Morena, re boloke! Re a nwela!”
A jego uczniowie, podszedłszy, obudzili go, mówiąc: Panie, ratuj nas! Giniemy!
26 Mme Jesu a ba raya a re, “Ao batho ba tumelo e potlana! Ke eng fa lo tshogile jaana?” Hong a ema a kgalemela phefo le makhubu, mme ga nna tuulalo e kgolo.
I powiedział do nich: Czemu się boicie, ludzie małej wiary? Potem wstał, zgromił wichry i morze i nastała wielka cisza.
27 Barutwa ba nna fela foo ba reregile! ba botsanya ba re, “Motho yo ke mang, yo le e leng diphefo tota le lewatle di mo reetsang?”
A ludzie dziwili się i mówili: Cóż to za człowiek, że nawet wichry i morze są mu posłuszne?
28 Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.
Kiedy przeprawił się na drugą stronę do krainy Gerazeńczyków, zabiegli mu [drogę] dwaj opętani, którzy wyszli z grobowców, tak bardzo groźni, że nikt nie mógł przechodzić tą drogą.
29 Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.”
I zaczęli krzyczeć: Cóż my mamy z tobą, Jezusie, Synu Boży? Przyszedłeś tu przed czasem dręczyć nas?
30 Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana.
Z dala od nich pasło się wielkie stado świń.
31 Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re “kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe.”
Demony więc prosiły go: Jeśli nas wypędzasz, pozwól nam wejść w to stado świń.
32 Jesu a e raya a re, “Go siame, tsamayang” mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase.
I powiedział im: Idźcie. A one, wyszedłszy, weszły w to stado świń. Naraz całe stado ruszyło pędem po urwisku do morza i zginęło w wodach.
33 Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng.
A pasterze uciekli i poszedłszy do miasta, opowiedzieli wszystko, także to, [co się stało] z opętanymi.
34 Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.
Wówczas całe miasto wyszło Jezusowi na spotkanie, a ujrzawszy go, prosili, aby odszedł z ich granic.

< Mathaio 8 >