< Mathaio 25 >

1 “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi. 2 Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo. 3 4 5 “Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’ 6 7 “Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima. 8 9 “Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’ 10 “Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa. 11 Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’ 12 “Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’ 13 “Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me.” 14 “Gape, Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa ka polelo ya monna yo o kileng a ya kwa lefatshing lengwe, yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba neela madi go a mo atisetsa a sa ntse a seyo. 15 A neela wa ntlha madi a selekanyo sa ditalenta di le tlhano, yo mongwe a mo neela ditalenta di le pedi, mme wa bofelo a mo neela talenta e le nngwe fela, a a kgaoganya ka fa nonofong ya bone, mme hong a simolola loeto lwa gagwe. 16 “Monna yo o amogetseng ditalenta di le tlhano a simolola go reka a rekisa mme a dira lesome. 17 Monna yo o tshotseng ditalenta tse pedi a tlhamalalela kwa tirong, le ene a dira ditalenta tse pedi tse dingwe. 18 “Mme monna yo o amogetseng talenta e le nngwe a e epela mosima a e fitlha mo teng gore e bolokesege. 19 Morago ga nako e telele monnga-bone a boa mo loetong lwa gagwe, mme a ba biletsa kwa go ene go arabela madi a gagwe. 20 Monna yo o neng a mo neetse ditalenta di le tlhano a mo neela ditalenta di le some. 21 Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me.” 22 “Lwa bobedi ga tla monna yo a neng a amogetse ditalenta di le pedi ka polelo e e reng, ‘Morena, o nneetse ditalenta di le pedi go di dirisa, mme ke menagantse gabedi.’ 23 “Monngagwe a mo raya a re, ‘O dirile tiro e ntle, O motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang. O ntse o ikanyega mo go bolokeng bonnyennyane jo, mme jaanong ke go neela go le gontsi.’ 24 Hong monna yo o tshotseng talenta e le nngwe a tla mme a re, ‘Morena ke go itse o le motho yo o pelo e thata, mme ke ne ka tshaba gore o tlaa ntseela se ke se boneng ka go atisa madi, jalo ka fitlha madi a gago mo mmung, mme ke a!’ 25 26 Mme monngagwe a fetola a re, ‘Motlhanka yo o bosula! Lekgoba le le setshwakga! Ka o no o itse ke tlaa batla ga mofufutso wa phatla ya gago, 27 O ka bo bogolo o ne wa baya madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso wa one 28 Tsayang madi a mo monneng yo lo a neele monna yo o nang le ditalenta di le some. 29 Gonne motho yo o dirisang se a se neetsweng sentle o tlaa neelwa go le go tona, mme o tlaa nna le letlotlo, mme motho yo o sa ikanyegeng, le e leng tshwanelo e potlana e a nang nayo e tlaa tsewa mo go ene. 30 Mme fa e le motlhanka yo o senang molemo yo o tlaa latlhelwa kwa ntle mo lefifing kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno.’ 31 “Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo. 32 Mme dichaba tsotlhe di tlaa phuthelwa fa pele ga me. Mme ke tlaa kgaoganya batho jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipudi; 33 Ke baya dinku ka fa lebogong le legolo, dipudi ka fa go la molema. 34 “Hong nna Kgosi ke tlaa raya ba ba ka fa lebogong la me le legolo ke re, ‘Tlang, basegofadiwa ba ga Rre mo Bogosing jo lo bo baakanyeditsweng go tsweng kwa tlholegong ya lefatshe. 35 Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka nyorwa mme lwa nnosa; ke ne ka nna moeng mme lwa ntaletsa mo malwapeng a lona; 36 “Ke ne ke sa apara mme lwa nkapesa; ke ne ke lwala ka ba ka nna mo kgolegelong, mme lwa tla go ntlhola.’ 37 “Hong basiami ba tlaa fetola ba re, ‘Morena re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala mme ra go fa dijo? Kgotsa o nyorilwe mme ra go nosa? 38 Kgotsa o le moeng mme ra go thusa? Kgotsa o sa apara mme ra go apesa? 39 Re kile ra go bona leng o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra go etela?’ 40 “Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela! 41 Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe. (aiōnios g166) 42 Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa seka lwa mpha dijo; ka nyorwa mme lwa seka lwa nneela le fa e le sepe go se nwa. 43 Ka nna moeng mme lwa seka lwa ntshola; ke ne ke sa apara mme ga lo a ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo kgolegelong ga lo a ka lwa tla go ntlhola.’ 44 “Hong ba tlaa fetola ba re ‘Morena, re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala kgotsa o tshwerwe ke lenyora kgotsa o le moeng kgotsa o sa apara kgotsa o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra se ka ra go thusa?’ 45 “Mme ke tlaa araba ke re, ‘E rile fa lo gana go direla bakaulengwe ba ba botlana ba, lo no lo gana go direla nna.’ 46 “Mme ba tlaa ya kwa kwatlhaong e e sa khutleng; mme basiami ba tla a ya mo botshelong jo bo sa khutleng.” (aiōnios g166)

< Mathaio 25 >