< Mathaio 16 >

1 Mme ka letsatsi lengwe Bafarasai le Basadukai ba tla go leka Jesu mabapi le polelo ya gagwe ya gore ke Mesia ka go mo kopa go ba supegetsa ditshupo dingwe tse di tona mo magodimong. 2 A fetola a re, “Lo siame mo go baleng ditshupo tsa seemo sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng bo raya seemo se sentle sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng ano bo raya seemo se sentle sa loapi ka moso; lo bo lo re loapi lo lo hibidu mo mosong lo raya seemo se se bosula sa loapi motshegare otlhe, mme ga lo kgone go bala ditshupo tse di itlhalosang ka botsone tsa metlha! 3 4 Sechaba se se bosula se, se se sa dumeleng se batla tshupo nngwe e e sa tlwaelesegang mo magodimong, mme ga go na sesupo sepe se se tlaa dirwang fa e se mofuta o o neetsweng Jona.” Hong Jesu a tswela kwa ntle a ba tlogela. 5 Erile ba sena go kgabaganya lecha, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dijo. 6 Mme Jesu a ba tlhagisa a re, “Itlhokomeleng! Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.” 7 Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe. 8 Jesu a ba a itse se ba se akanyang mme a ba raya a re, batho ba tumelo potlana! Ke eng fa lo tshwenyegile jaana ka go tlhoka senkgwe? 9 A ga lo kitla lo tlhaloganya? A ga lo gakologelwe bontsi jwa batho bo le dikete tse ke di hephileng ka dinkgwe di le tlhano, le diroto tse di neng tsa tlogelwa di tletse masalela? A ga lo gakologelwe dikete tse nne tse ke di hephileng le gotlhe mo go neng ga sala? 10 11 Lo ka akanya jang gore ke ne ke bua ka dijo? Mme gape ka re, “Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.” 12 Hong kwa bofelong ba tlhaloganya gore ka ‘sebidiso’ o na a raya thuto e e sa siamang ya Bafarasai le Basadukai. 13 Erile a goroga kwa Kaesarea Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re, “Batho ba re ke mang?” 14 Ba fetola ba re, “Bangwe ba re Johane wa Mokolobetsi; bangwe ba re Elija, bangwe ba re Jeremia kgotsa mongwe wa baporofiti ba bangwe.” 15 Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” 16 Simone Petere a fetola a re, “Keresete Mesia Morwa Modimo o o tshedileng”. 17 Jesu a mo raya a re, “Modimo o go segofaditse, Simone, morwa Jona. Gonne Rara yo o kwa legodimong ke ene yo o go senoletseng dilo tse ka boene, ga go a tswa mo go ope. 18 O Petere, lefika, mme ke aga phuthego ya me mo lefikeng le, mme dinonofo tsotlhe tsa molete ga di kitla di e fenya. (Hadēs g86) 19 Mme ke tlaa go neela dilotlolo tsa bogosi jwa legodimo, dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlelang mo lefatshing, di tla lotlelwa kwa legodimong; mme dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlololang mo lefatsheng, di tlaa lotlololwa kwa legodimong!” 20 Hong a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela bape fa e le Mesia. 21 Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape. 22 Mme Petere a mo tseela fa thoko go mo kgalemela a mo raya a re, “A mogopolo oo o nyelele Morena. Mo ga go kitla go go diragalela!” 23 Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.” 24 Hong Jesu a raya barutwa a re, “Fa motho le fa e le mang a rata go nna molatedi wa me, a a iitatole a tseye mokgoro wa gagwe a ntshale morago. 25 Gonne le fa e le mang yo o ipolokelang botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tlaa bo bona gape. 26 Go na le poelo ya eng fa motho a rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng? Se se ka tshwantshiwang le letlotlo la botshelo jo bo sa khutleng ke eng? 27 Gonne Nna, Morwa Motho, ke tlaa tla le baengele ba me mo kgalalelong ya ga Rre go atlhola mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe. 28 Mme bangwe ba lona ba ba emeng fano jaanong jaana ba tshelela go mpona ke tla mo Bogosing jwa me.”

< Mathaio 16 >