< Mareko 1 >

1 E ke tshimologo ya polelo e ntle ya ga Jesu Mesia, Morwa Modimo.
上帝的兒子,耶穌基督福音的起頭。
2 Mo bukeng e e kwadilweng ke moporofiti Isaia, Modimo o ile wa anamisa gore o tla romela morwaa one, mo lefatsheng, pele ga moo go tlaa tla morongwa yo o faphegileng go tla go baakanyetsa lefatshe go tla ga gagwe.
正如先知以賽亞書上記着說: 看哪,我要差遣我的使者在你前面, 預備道路。
3 “Mme morongwa yo o tlaa nna kwa ntle mo sekakeng se se senang sepe,” Isaia o bua jaana a re, “O tlaa anamisa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go tla ga Morena.”
在曠野有人聲喊着說: 預備主的道, 修直他的路。
4 Morongwa yo e ne e le Johane wa Mokolobetsi. O ne a nna mo sekakeng a ruta botlhe gore ba tshwanetse go kolobediwa e le molaetsa mo go botlhe gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, gore Modimo o tle o ba itshwarele.
照這話,約翰來了,在曠野施洗,傳悔改的洗禮,使罪得赦。
5 Batho botlhe ba kwa Jerusalema le botlhe ba Judea ba ne ba tswela mo mafatsheng a Judea go tla go bona le go utlwa Johane, mme e re fa ba sena go ipolela dibe a ba kolobetse mo nokeng ya Jorodane.
猶太全地和耶路撒冷的人都出去到約翰那裏,承認他們的罪,在約旦河裏受他的洗。
6 Diaparo tsa gagwe di ne di logilwe ka boboa jwa kamela mme o ne a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng; tsie le dinotshe tsa naga e ne e le dijo tsa gagwe.
約翰穿駱駝毛的衣服,腰束皮帶,吃的是蝗蟲、野蜜。
7 Sekai sa thero ya gagwe ke se; “Mongwe o etla ka bonako yo o leng mogolo mo go nna, yo o leng mogolo thata go mpheta yo ruri ke sa tshwanelang go ka nna motlhanka wa gagwe.
他傳道說:「有一位在我以後來的,能力比我更大,我就是彎腰給他解鞋帶也是不配的。
8 Nna ke lo kolobetsa ka metsi mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo!”
我是用水給你們施洗,他卻要用聖靈給你們施洗。」
9 Erile letsatsi lengwe Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galalea, a kolobediwa ke Johane teng mo nokeng ya Jorodane.
那時,耶穌從加利利的拿撒勒來,在約旦河裏受了約翰的洗。
10 Mme erile ka bonako fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega le Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi o fologela mo go ene.
他從水裏一上來,就看見天裂開了,聖靈彷彿鴿子,降在他身上。
11 Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang; o boitumelo jwa me.”
又有聲音從天上來,說:「你是我的愛子,我喜悅你。」
12 Ka bofefo Mowa o o Boitshepo wa gogela Jesu kwa nageng. A nna malatsi a le masome a mane, a nna teng mmogo le diphologolo tsa naga. O ne a tsentswe mo ditekong tsa ga Satane gore a leofe. Mme morago ga moo baengele ba tla ba mo direla.
聖靈就把耶穌催到曠野裏去。
他在曠野四十天,受撒但的試探,並與野獸同在一處,且有天使來伺候他。
14 Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.
約翰下監以後,耶穌來到加利利,宣傳上帝的福音,
15 Mme la bofelo a ba bolelela a re, “Nako e tsile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Sokologang lo tswe mo dibeng, mme lo dire ka fa mafokong a a molemo a.”
說:「日期滿了,上帝的國近了。你們當悔改,信福音!」
16 Letsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle la Galalea, a bona Simone le Anterea monnawe ba tshwara ditlhapi ka matloa, gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi ba ba di rekisang.
耶穌順着加利利的海邊走,看見西門和西門的兄弟安得烈在海裏撒網;他們本是打魚的。
17 Jesu a ba bitsa a re, “Tlang lo ntshale morago! Mme ke tla lo dira batshwari ba mewa ya batho!”
耶穌對他們說:「來跟從我,我要叫你們得人如得魚一樣。」
18 Ka bofefo ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
他們就立刻捨了網,跟從了他。
19 Mme kgakajana fa lotshitshing lwa lewatle, a bona bomorwa Sebede, Jakobe le Johane, ba le mo mokorong ba baakanya matloa a bone.
耶穌稍往前走,又見西庇太的兒子雅各和雅各的兄弟約翰在船上補網。
20 Le bone a ba bitsa, ka bofefo ba tlogela rraabo Sebede le badiri ba bangwe mo mokorong ba mo sala morago.
耶穌隨即招呼他們,他們就把父親西庇太和雇工人留在船上,跟從耶穌去了。
21 Mme Jesu le bapati ba gagwe ba fitlha mo motseng wa Kaperanama ka letsatsi la Sabata mo mosong mme ba tsena fa felong ga kobamelo ya Sejuta fa go bidiwang Senagoge (Tempele) kwa o neng a ruta gone.
到了迦百農,耶穌就在安息日進了會堂教訓人。
22 Hong phuthego ya gakgamala thata go utlwa thero ya gagwe gonne o ne a ruta se se builweng ke ba bangwe gona le kafa ba tlwaetseng go utlwa ka teng.
眾人很希奇他的教訓;因為他教訓他們,正像有權柄的人,不像文士。
23 Mme ga bo go le monna mongwe yo o tsenweng ke mewa e e maswe, mme a simolola go goa; a re,
在會堂裏,有一個人被污鬼附着。他喊叫說:
24 “Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo.”
「拿撒勒人耶穌,我們與你有甚麼相干?你來滅我們嗎?我知道你是誰,乃是上帝的聖者。」
25 Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene.
耶穌責備他說:「不要作聲!從這人身上出來吧。」
26 Mme mowa o o maswe wa goa wa mo kgaratlhisa wa tswa mo go ene.
污鬼叫那人抽了一陣瘋,大聲喊叫,就出來了。
27 Batho ba gakgamala mme ba simolola go bua ka ga se se diragetseng. Ba botsanya ka kakabalo ba re, “Ke mofuta ofe wa tumelo e ncha e? Ke ka ntlha yang, fa le mewa e e maswe e utlwa ditaolo tsa gagwe!”
眾人都驚訝,以致彼此對問說:「這是甚麼事?是個新道理啊!他用權柄吩咐污鬼,連污鬼也聽從了他。」
28 Mme dikgang ka ga se o se dirileng tsa akofa tsa utlwala mo lefatsheng lotlhe la Galalea.
耶穌的名聲就傳遍了加利利的四方。
29 Mme e rile fa a tswa mo tempeleng, ene le barutwa ba gagwe ba tsena kwa ga bo Simone le Anterea, kwa ba fitlhetseng mogwagwadia Simone wa mosadi a namaletse mo bolaong a lwala bolwetse jwa letshoroma. Mme ya re fela ka bofefo ba bolelela Jesu ka gagwe.
他們一出會堂,就同着雅各、約翰,進了西門和安得烈的家。
西門的岳母正害熱病躺着,就有人告訴耶穌。
31 A ya fa thoko ga bolao jwa gagwe, mme a mo kakatlolola gore a nne sentle, ka bofefo letshoroma la mo tlogela, mme a ema a ba baakanyetsa dijo!
耶穌進前拉着她的手,扶她起來,熱就退了,她就服事他們。
32 Mme e rile letsatsi le phirima lolwapa lwa bo lo tletse balwetse le ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e maswe, ba lerilwe kwa go ene go fodisiwa; bontsi jwa batho ba ba tswang kwa metseng ya Kaperanama ba kgobokanela kwa ntle ga kgoro go lebelela.
天晚日落的時候,有人帶着一切害病的,和被鬼附的,來到耶穌跟前。
合城的人都聚集在門前。
34 Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang).
耶穌治好了許多害各樣病的人,又趕出許多鬼,不許鬼說話,因為鬼認識他。
35 Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng.
次日早晨,天未亮的時候,耶穌起來,到曠野地方去,在那裏禱告。
36 Mme morago ga moo Simone le ba bangwe ba ya go mmatla, ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.”
西門和同伴追了他去,
遇見了就對他說:「眾人都找你。」
38 Mme a araba a re, “Re tshwanetse go ya le kwa metseng e mengwe, gore le bone ke ba neele molaetsa wame, gonne ke lone lebaka le ke le tletseng.”
耶穌對他們說:「我們可以往別處去,到鄰近的鄉村,我也好在那裏傳道,因為我是為這事出來的。」
39 Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe.
於是在加利利全地,進了會堂,傳道,趕鬼。
40 Mme ka bofefo ga tla moleperwa a khubama fa pele ga gagwe a kopa gore a fodisiwe. A mo rapela a re, “Fa o rata o ka mphodisa.”
有一個長大痲瘋的來求耶穌,向他跪下,說:「你若肯,必能叫我潔淨了。」
41 Mme Jesu a mo utlwela botlhoko a mo ama a re, “Ke a rata! fola!”
耶穌動了慈心,就伸手摸他,說:「我肯,你潔淨了吧!」
42 Ka bofefo leperwa la tloga, monna a fola!
大痲瘋即時離開他,他就潔淨了。
43 Mme Jesu a mo laya thata a re, “Tsamaya o ye go tlhatlhobiwa ka bonako ke moperesiti wa Sejuta. O seka wa ema go bolelela ope mo tseleng. Tsaya neo ya gago ka fa molaong wa ga Moshe wa moleperwa yo o fodisitsweng, gore mongwe le mongwe a tle a nne le bosupi jwa gore o fodile.”
耶穌嚴嚴地囑咐他,就打發他走,
對他說:「你要謹慎,甚麼話都不可告訴人,只要去把身體給祭司察看,又因為你潔淨了,獻上摩西所吩咐的禮物,對眾人作證據。」
45 Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene.
那人出去,倒說許多的話,把這件事傳揚開了,叫耶穌以後不得再明明地進城,只好在外邊曠野地方。人從各處都就了他來。

< Mareko 1 >