< Mareko 6 >

1 Mme ka bofefo morago ga moo a tloga mo kgaolong eo a boela le barutwa ba gagwe ba ya Nasaretha, motse wa ga gabo.
On leaving that place, Jesus, followed by his disciples, went to his own part of the country.
2 Mme ka Sabata se se latelang a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme batho ba gakgamalela botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe ka ntlha ya gore e ne e le motho fela yo o tshwanang le bone. Mme ba bua ba tenegile ba re, “Ga a botoka go na le rona. Ke mmetli fela, morwa Marea, mogoloa Jakobe le Josefe, Judase le Simone. Le bokgaitsadie re agile nabo.”
When the Sabbath came, he began to teach in the Synagogue; and the people, as they listened, were deeply impressed. “Where did he get this?” they said, “and what is this wisdom that has been given him? and these miracles which he is doing?
3
Is not he the carpenter, the son of Mary, and the brother of James, and Joses, and Judas, and Simon? And are not his sisters, too, living here among us?” This proved a hindrance to their believing in him;
4 Hong Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe fela fa e se mo ga gabo le mo losikeng lwa gagwe le mo go ba ntlo ya gagwe.”
on which Jesus said: “A prophet is not without honour, except in his own country, and among his own relations, and in his own home.”
5 Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa.
And he could not work any miracle there, beyond placing his hands upon a few infirm persons, and curing them;
6 Mme a gakgamalela go tlhoka tumelo ga bone. Hong a tswa a tsamaya mo metseng, a ruta.
and he wondered at the want of faith shown by the people. Jesus went round the villages, one after another, teaching.
7 A bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba roma ka bobedi le bobedi, a ba neetse nonofo ya go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe.
He called the Twelve to him, and began to send them out as his Messengers, two and two, and gave them authority over foul spirits.
8 A ba raya a re, ba se ka ba tsaya sepe fa e se dithobane tse ba tsamayang ka tsone (diikokotlelo) le fa e le dijo, le fa e le kgetsana le fa e le madi, le fa e le ditlhako kgotsa diaparo tse dingwe.
He instructed them to take nothing but a staff for the journey — not even bread, or a bag, or pence in their purse;
9
but they were to wear sandals, and not to put on a second coat.
10 A ba raya a re, “Fa lo tsena mo motsing nnang mo lwapeng lo le longwe, se suteng fa lo leng teng go tsena ntlo le ntlwana fa lo sa ntse lo le mo motsing oo.
“Whenever you go to stay at a house,” he said, “remain there till you leave that place;
11 Fa e le gore ba motse ga ba lo amogele kgotsa ga ba lo reetse itlhotlhoreng lorole mo dinaung tsa lona lo tsamaye; ke sesupo sa gore lo tlogeletse motse oo tshekiso.”
and if a place does not welcome you, or listen to you, as you go out of it shake off the dust that is on the soles of your feet, as a protest against them.”
12 Barutwa ba tsamaya, ba bolelela mongwe le mongwe yo ba kopanang nae gore a sokologe mo dibeng.
So they set out, and proclaimed the need of repentance.
13 Mme ba kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e le mentsi ba fodisa babobodi ba le bantsi ba ba tlotsa ka lookwane.
They drove out many demons, and anointed with oil many who were infirm, and cured them.
14 Mme ka bofefo Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, gonne dikgakgamatso tsa gagwe di ne di buiwa gongwe le gongwe. Kgosi e ne e akanya gore Jesu ke Johane wa Mokolobetsi a boetse mo botshelong. Hong batho ba ne ba re, “Ga go gakgamatse fa a ka dira dikgakgamatso tse di kalo.”
Now King Herod heard of Jesus; for his name had become well known. People were saying — “John the Baptizer must have risen from the dead, and that is why these miraculous powers are active in him.”
15 Mme ba bangwe ba ne ba gopola gore Jesu ke Elija Moporofiti wa bogologolo o ka ne a boetse gape mo botshelong; ba bangwe ba gopola gore ke moporofiti yo mosha yo o tshwanang le bangwe ba ba tona ba bogologolo.
Others again said — “He is Elijah,” and others — “He is a Prophet, like one of the great Prophets.”
16 Herode a re, “Nnyaa, ke Johane, monna yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.”
But when Herod heard of him, he said — “The man whom I beheaded — John — he must be risen!”
17 Gonne Herode o ne a rometse masole go tshwara Johane go mo isa kgolegelong ka ntlha ya gore o ne a tswelela a ntse a re, ke phoso fa kgosi e nyala Herodiase, mogatsa Filipo monnawe kgosi.
For Herod himself had sent and arrested John, and put him in prison, in chains, to please Herodias, the wife of his brother Philip, because Herod had married her.
For John had said to Herod — “You have no right to be living with your brother’s wife.”
19 Herodiase o ne a batla gore Johane a bolawe a ipusulosetse, le fa go ntse jalo, kwa ntle ga tumalano ya ga Herode, Herodiase a palelwa.
So Herodias was incensed against John, and wanted to put him to death, but was unable to do so,
20 Herode o ne a tlotla Johane, a itse fa e le motho yo o molemo a bile a le boitshepo, foo a mmaya ka fa tlase ga tshireletso ya gagwe. Herode o ne a tshwenyega nako tsotlhe fa a bua le Johane, le fa go ntse jalo o ne a rata go mo reetsa.
because Herod stood in fear of John, knowing him to be an upright and holy man, and protected him. He had listened to John, but still remained much perplexed, and yet he found pleasure in listening to him.
21 Mme ya re la bofelo lobaka lwa ga Herodiase la tla. Ya re letsatsi la botsalo jwa ga Herode, Herode a direla bagolwane ba bogosi jwa gagwe mokete le bagolwane ba sesole, le baeteledipele ba baagedi ba motse wa Galalea.
A suitable opportunity, however, occurred when Herod, on his birthday, gave a dinner to his high officials, and his generals, and the foremost men in Galilee.
22 Hong ngwana wa mosetsana wa ga Herodiase a tla a bina fa pele ga bone ka botswerere a ba itumedisa fela botlhe. Kgosi ya mo raya ya re, “Nkopa sengwe se o se ratang,” “Le fa e le bontlha jwa bogosi jwa me, mme ke tla bo go naya!”
And when his daughter — that is, the daughter of Herodias — came in and danced, she delighted Herod and those who were dining with him. “Ask me for whatever you like,” the King said to the girl, “and I will give it to you”;
and he swore to her that he would give her whatever she asked him — up to half his kingdom.
24 Mme a tsamaya a ya go itsise mmaagwe, yo o neng a mo raya a re, “Lopa tlhogo ya ga Johone wa Mokolobetsi!”
The girl went out, and said to her mother “What must I ask for?” “The head of John the Baptizer,’ answered her mother.
25 Hong a boela kwa morago kwa kgosing a ya go e bolelela, a re, “Ke batla tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogopong.”
So she went in as quickly as possible to the King, and made her request. “I want you,” she said, “to give me at once, on a dish, the head of John the Baptist.”
26 Mme kgosi ya hutsahala thata, ya tlhajwa ke ditlhong go roba maikano a yone fa pele ga baeng ba yone.
The King was much distressed; yet, on account of his oath and of the guests at his table, he did not like to refuse her.
27 Hong a roma mongwe wa batlhokomedi ba gagwe kwa kgolegelong go ya go kgaola tlhogo ya ga Johane le go e lere kwa go ene. Mme lesole la ya go bolaya Johane mo kgolegelong,
He immediately dispatched one of his bodyguard, with orders to bring John’s head. The man went and beheaded John in the prison,
28 a tla ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogopong, a e naya mosetsana, mosetsana ene a ya go e naya mmaagwe.
and, bringing his head on a dish, gave it to the girl, and the girl gave it to her mother.
29 Erile barutwa ba ga Johane ba utlwa se se diragetseng, ba tla ba tsaya mmele wa gagwe ba ya go o boloka mo lebitleng.
When John’s disciples heard of it, they came and took his body away, and laid it in a tomb.
30 Mme baaposetoloi ba boela kwa go Jesu ba tswa loetong lwa bone ba mmolelela gotlhe mo ba go dirileng le mo ba go buileng le batho ba ba neng ba ba etela.
When the Apostles came back to Jesus, they told him all that they had done and all that they had taught.
31 Hong Jesu a ba raya a re, “A re tsweng mo bontsing jwa batho ka lobakanyana re yeng go itapolosa.” Gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tlang le ba ba tsamayang ba sena nako le ya go ja tota.
“Come by yourselves privately to some lonely spot,” he said, “and rest for a while” — for there were so many people coming and going that they had not time even to eat.
32 Mme ba tsamaya ka mokoro ba ya fa lefelong le le tuuletseng.
So they set off privately in their boat for a lonely spot.
33 Mme batho ba le bantsi ba ba bona ba tsamaya mme ba tabogela kwa pele ba le mo lotshitshing ba ba kgatlhantsha fa ba tswa mo mokorong.
And many people saw them going, and recognised them, and from all the towns they flocked together to the place on foot, and got there before them.
34 Fela jaaka gale, bontsi jwa batho jwa bo bo le teng fa a tswa mo mokorong; mme a ba tlhomogela pelo ka ntlha ya gore ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa a ba ruta dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di itse.
On getting out of the boat, Jesus saw a great crowd, and his heart was moved at the sight of them, because they were ‘like sheep without a shepherd’; and he began to teach them many things.
35 Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo.”
When it grew late, his disciples came up to him, and said: “This is a lonely spot, and it is already late.
Send the people away, so that they may go to the farms and villages around and buy themselves something to eat.”
37 Hong Jesu a re, “Ba fepeng.” Mme ba botsa ba re, “Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!”
But Jesus answered: “It is for you to give them something to eat.” “Are we to go and buy twenty pounds’ worth of bread,” they asked, “to give them to eat?”
38 Mme a ba botsa a re, “Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona.” Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi.
“How many loaves have you?” he asked; “Go, and see.” When they had found out, they told him: “Five, and two fishes.”
39 Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala.
Jesus directed them to make all the people take their seats on the green grass, in parties;
and they sat down in groups — in hundreds, and in fifties.
41 Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho.
Taking the five loaves and the two fishes, Jesus looked up to Heaven, and said the blessing; he broke the loaves into pieces, and gave them to his disciples for them to serve out to the people, and he divided the two fishes also among them all.
42 Mme batho baa ja botlhe ba kgora!
Every one had sufficient to eat;
43 Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng!
and they picked up enough broken pieces to fill twelve baskets, as well as some of the fish.
The men who ate the bread were five thousand in number.
45 Mme ka bonako morago ga moo Jesu a laola barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong ba kgabaganye lecha ba ye Bethesaida, kwa o neng a tlaa kopana le bone teng morago. Fa Ene a ne a sa ntse a saletse go sadisa batho sentle gore ba boele gae.
Immediately afterwards Jesus made his disciples get into the boat, and cross over in advance, in the direction of Bethsaida, while he himself was dismissing the crowd.
46 Morago ga moo a tsamaya a ya kwa dithabeng go rapela.
After he had taken leave of the people, he went away up the hill to pray.
47 Mme ya re bosigo, fa barutwa ba gagwe ba le mo mokorong mo gare ga lecha, ene a bo a le nosi ka kwa ntle ga lecha.
When evening fell, the boat was out in the middle of the Sea, and Jesus on the shore alone.
48 Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta,
Seeing them labouring at the oars — for the wind was against them — about three hours after midnight Jesus came towards them, walking on the water, intending to join them.
49 ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko,
But, when they saw him walking on the water, they thought it was a ghost, and cried out;
50 gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, “Go siame, se boifeng! Ke nna.”
for all of them saw him, and were terrified. But Jesus at once spoke to them. “Courage!” he said, “it is I; do not be afraid!”
51 Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse.
Then he got into the boat with them, and the wind dropped. The disciples were utterly amazed,
52 Gonne ba ne ba ise ba lemoge gore ke mang le fa e le morago ga kgakgamatso ya maabane maitsiboa! Gonne ba ne ba sa batle go dumela.
for they had not understood about the loaves, their minds being slow to learn.
53 Mme ya re ba fitlha kwa Geneseretha ka fa ntlheng e nngwe ya lecha ba bohelela mokoro,
When they had crossed over, they landed at Gennesaret, and moored the boat.
54 ba fologa. Mme batho ba ba neng ba eme mo tikologong eo ba mo lemoga fela ka nako eo,
But they had no sooner left her than the people, recognising Jesus,
55 mme ba taboga le tikologo yotlhe ba anamisa dikgang kaga kgorogo ya gagwe, ba simolola go rwalela balwetse kwa go ene ka mapara le ka meseme.
hurried over the whole country-side, and began to carry about upon mats those who were ill, wherever they heard he was.
56 Gongwe le gongwe mo a neng a tsamaya teng, mo metsaneng le mo metseng e megolo, le kwa ntle kwa masimo, ba baya balwetse mo dipatlelong tsa marekelo le mo ditseleng ba mo rapela gore a ba letle ba ame makantsa a diaparo tsa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fodisiwa.
So wherever he went — to villages, or towns, or farms — they would lay their sick in the market-places, begging him to let them touch only the tassel of his cloak; and all who touched were made well.

< Mareko 6 >