< Mareko 2 >

1 Mme erile morago ga malatsi a le mantsi a boela gape kwa Kaperanama, mme kutlwedi ya go tla ga gagwe ya tuma ka bofefo mo motseng otlhe. 2 Ka bonako ntlo e o neng a le mo go yone e ne ya tlala baeng thata mo go neng go sena bonno le fa e le jwa motho a le esi, le fa e le kwa kgorong tota. Mme a ba rerela lefoko. 3 Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng. 4 Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu. 5 Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, “Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!” 6 Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re, 7 “Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe.” 8 Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, “Ke eng fa se se lo tshwenya? 9 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? 10 Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe.” Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, “O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!” 11 12 Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse! 13 Hong Jesu a ya gape kwa lotshitshing lwa lewatle mme a rerela boidiidi jwa batho jo bo neng bo mo dikaganyeditse. 14 Erile fa Jesu a ntse a tsamaya fa lotshitshing a bona Lefi, morwa Alefo, a ntse fa go kgethisediwang teng. A mo raya a re, “Ntshala morago. O nne morutwa wa me.” Mme Lefi a nanoga a tsamaya nae. 15 Mo bosigongjoo, Lefi a laletsa badiri-ka ene ba bakgethisi le baleofi ba bangwe ba ba tumileng go nna balalediwa ba gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa gore ba tle ba kopane le Jesu le barutwa ba gagwe, (go ne go na le batho ba le bantsi ba mofuta o, mo boidiiding jwa batho jo bo neng bo mo setse morago). 16 Mme erile fa baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba mmona a a ja le batho ba ba mekgwa e e maswe, ba raya barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a a ja le batho ba ba ntseng jaana?” 17 Erile fa Jesu a utlwa se ba neng ba se bua, a ba raya a re, “Batho ba ba lwalang ke bone ba ba batlang ngaka, e seng ba ba itekanetseng! Ga ke a tla go sokolola basiami fa e se baleofi.” 18 Mme barutwa ba ga Johane le baeteledipele ba Sejuta e ne e tle e re ka nako tse dingwe ba ikitse dijo, ke gore, ba tlhoke go ja e le ntlha nngwe ya tumelo ya bone; ya re letsatsi lengwe ba tla kwa go Jesu ba mmotsa gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba gagwe le bone ba sa ikitse dijo? 19 Mme Jesu a ba araba a re, “A ditsala tsa monyadi di ka gana go ja mo moletlong wa nyalo, A di ka hutsafala fa a sa ntse a na le tsone? 20 Mme letsatsi lengwe o tlaa tlosiwa mo go bone, mme ba tla hutsafala. 21 “Mo godimo ga moo, go ikitsa dijo ke mongwe mokgwa wa bogologolo wa go dira dilo. Go tshwana le go bitia seaparo se segologolo ka letsela le lesha! Go ka diragala eng? Sedibo se ka garola mme sa dira gore leroba le nne maswe go gaisa pele. 22 Lo itse botoka gore go tshela mofine o mosha mo dinkgwaneng tse dikgologolo, di ka thubega. Mofine o ka tshologela kwa ntle mme dinkgwana di senyege. Mofine o mosha o tlhoka dinkgwana tse dintsha.” 23 Ka nako nngwe go le Sabata Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo masimong, barutwa ba ne ba roba diako tsa mabele ba a ja. 24 Bangwe ba baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba raya Jesu ba re, “Ga ba a tshwanela ba ka bo ba dira jalo! Go kgatlhanong le melao ya rona go roba mabele ka letsatsi la Sabata.” 25 Jesu a araba a re, “A ga lo ise lo ke lo utlwalele kaga Kgosi Dafide le bapati ba gagwe, ba ba neng ba tshwerwe ke tlala, mme a tsena mo tlung ya Modimo Abiathare e ne e le Moperesiti yo Mogolo ka nako eo--mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se neng se jewa ke baperesiti fela? Seo le sone se ne se le kgatlhanong le molao. 26 27 Mme Sabata e ne e diretswe go solegela motho molemo, e seng motho go solegela Sabata molemo. 28 Mme Nna, Mesia, ke na le nonofo ya go dira tshwetso ya se batho ba ka se dirang ka malatsi a Sabata!”

< Mareko 2 >