< Luke 5 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo. 2 Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone. 3 Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng. 4 Erile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, “Jaanong tsamaela fa go boteng o lese matloa a gago mme o tlaa tshwara ditlhapi di le dintsi!” 5 Mme Simone a fetola a re, “Morena,” re dirile thata bosigo jotlhe mme ra se ka ra tshwara sepe, mme fa o rialo re tlaa leka gape. 6 Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga! 7 Mme go goa ga bone ba batla thuso ga tlisa bangwe ka bone mo mokorong o mongwe mme ka bonako mekoro yotlhe ya bo e tletse ditlhapi mo e ka nwelang. 8 Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.” 9 Gonne o ne a gakgamaditswe thata ke selekanyo se ba se tshwereng jaaka ba bangwe ba ba neng ba na le bone. 10 Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, “Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!” 11 Mme ya re ka bonako fa ba fologa mo mekorong ba tlogela tsotlhe ba tsamaya le ene. 12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.” 13 Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako. 14 Mme Jesu a mo laela gore a tsamaye ka bofefo a sa bolelele ope se se diragetseng le go ya go tlhatlhojwa ke moperesiti wa Sejuta. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntsha setlhabelo se ka molao wa ga Moshe se batlwang mo baleperweng ba ba fodisitsweng. Se se tlaa supegetsa mongwe le mongwe gore o fodile.” 15 Hong polelo ya nonofo ya gagwe ya anama ka bonako mme kokoano e kgolo ya batho ya tla go utlwa a ruta le go fodisiwa malwetse a bone. 16 Mme Jesu o ne a tle a ngwangwaelele kwa nageng go ya go rapela. 17 Ka letsatsi lengwe fa a ntse a ruta, bangwe ba molao ba bo ba ntse gaufi nae. (Go ne go bonala fa batho ba ba ne ba tswa mo metsaneng mengwe le mengwe ya Galalea otlhe le Judea, le mo Jerusalema). Mme nonofo ya phodiso ya Morena e ne e le mo go ene. 18 Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu! 19 20 Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, “Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!” 21 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe. 22 Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso? 23 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?” 24 Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, “Ema o menaganye phate ya gago o ye gae.” 25 Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo. 26 Mme mongwe le mongwe yo o neng a le foo a tshwarwa ke kgakge le letshogo. Mme ba baka Modimo, ba boaboela gangwe le gape ba re, “Re bone dilo tse di gakgamatsang gompieno.” 27 Mme morago ya re Jesu a tswa mo motseng a bona mokgethisi ka sekao sa gale sa go tsietsa a ntse fa bokgethelong. Leina la monna yo e ne e le Lefi, Jesu a mo raya a re, “Tla o nne mongwe wa barutwa ba me!” 28 Mme Lefi, a tlogela sengwe le sengwe a nanoga a tsamaya le ene. 29 Mme ka bonako Lefi a dira modiro mo legaeng la gagwe a o direla Jesu e le moeng yo o tlotlegang. Ba le bantsi ba ditsala tsa ga Lefi tsa bakgethisi le baeti ba bangwe ba ne ba le teng. 30 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo. 31 Mme Jesu a ba araba a re, “Ke molwetse yo o tlhokang ngaka eseng ba ba itekanetseng, 32 Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.” 33 Ngongorego e nngwe e ne e le ya gore barutwa ba ga Jesu ba dira modiro mo boemong jwa go ikitsa dijo, fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai bone ba aga ba itima dijo ebile ba rapela. Ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago bone ba a nwa ba a ja?” 34 Jesu a botsa a re, “A batho ba ba itumelang ba ka ikitsa go ja? A balalediwa ba lenyalo ba ka tshwarwa ke tlala fa ba le mo moketeng le monyadi? 35 Mme nako e tlaa tla e monyadi o tlaa bolawang ka yone; ke gone ba se kitlang ba batla go ja.” 36 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: a re, “Ga go na ope yo o gagolang sebata sa seaparo se sesha go bitiya seaparo se segologolo, gonne seaparo se sesha se tlaa bo se sentswe, mme seaparo se segologolo se tlaa lebega se le maswe ka ntlha ya sebata se sesha mo go sone. 37 Mme ga go ope yo o ka tshelang seno sa mofine se sesha mo teng ga dinkgwana tse di kgologolo, gonne seno se sesha se tlaa phunya dinkgwana mme di tsholole mofine. 38 Mofine o mosha o tshwanetse go tshelwa mo dinkgwaneng tse disha. 39 Mme ga go ope yo e a reng a sena go nwa mofine o mogologolo a eletse o mosha. Mme batho ba re ditsela tsa bogologolo di botoka.”

< Luke 5 >