< Luke 5 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo.
Now it happened, while the crowd pressed on him and heard the word of God, that he was standing by the lake of Gennesaret.
2 Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone.
He saw two boats standing by the lake, but the fishermen had gone out of them, and were washing their nets.
3 Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng.
He entered into one of the boats, which was Shimon's, and asked him to put out a little from the land. He sat down and taught the crowds from the boat.
4 Erile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, “Jaanong tsamaela fa go boteng o lese matloa a gago mme o tlaa tshwara ditlhapi di le dintsi!”
When he had finished speaking, he said to Shimon, "Put out into the deep, and let down your nets for a catch."
5 Mme Simone a fetola a re, “Morena,” re dirile thata bosigo jotlhe mme ra se ka ra tshwara sepe, mme fa o rialo re tlaa leka gape.
Shimon answered him, "Master, we worked all night, and took nothing; but at your word I will let down the nets."
6 Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga!
When they had done this, they caught a great multitude of fish, and their net was breaking.
7 Mme go goa ga bone ba batla thuso ga tlisa bangwe ka bone mo mokorong o mongwe mme ka bonako mekoro yotlhe ya bo e tletse ditlhapi mo e ka nwelang.
They beckoned to their partners in the other boat, that they should come and help them. They came, and filled both boats, so that they began to sink.
8 Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.”
But Shimon Kipha, when he saw it, fell down at Yeshua's knees, saying, "Depart from me, for I am a sinful man, Lord."
9 Gonne o ne a gakgamaditswe thata ke selekanyo se ba se tshwereng jaaka ba bangwe ba ba neng ba na le bone.
For he was amazed, and all who were with him, at the catch of fish which they had caught;
10 Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, “Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!”
and so also were Yaquv and Yukhanan, sons of Zabedai, who were partners with Shimon. Yeshua said to Shimon, "Do not be afraid. From now on you will be catching people."
11 Mme ya re ka bonako fa ba fologa mo mekorong ba tlogela tsotlhe ba tsamaya le ene.
When they had brought their boats to land, they left everything, and followed him.
12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.”
It happened, while he was in one of the cities, look, there was a man full of leprosy. When he saw Yeshua, he fell on his face, and begged him, saying, "Lord, if you want to, you can make me clean."
13 Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.
And he stretched out his hand, and touched him, saying, "I am willing. Be cleansed." Immediately the leprosy left him.
14 Mme Jesu a mo laela gore a tsamaye ka bofefo a sa bolelele ope se se diragetseng le go ya go tlhatlhojwa ke moperesiti wa Sejuta. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntsha setlhabelo se ka molao wa ga Moshe se batlwang mo baleperweng ba ba fodisitsweng. Se se tlaa supegetsa mongwe le mongwe gore o fodile.”
And he commanded him, "Do not tell anyone, but go your way, and show yourself to the priest, and offer for your cleansing according to what Mushe commanded, for a testimony to them."
15 Hong polelo ya nonofo ya gagwe ya anama ka bonako mme kokoano e kgolo ya batho ya tla go utlwa a ruta le go fodisiwa malwetse a bone.
But the report concerning him spread much more, and large crowds came together to hear, and to be healed of their infirmities.
16 Mme Jesu o ne a tle a ngwangwaelele kwa nageng go ya go rapela.
But he withdrew himself into the desert, and prayed.
17 Ka letsatsi lengwe fa a ntse a ruta, bangwe ba molao ba bo ba ntse gaufi nae. (Go ne go bonala fa batho ba ba ne ba tswa mo metsaneng mengwe le mengwe ya Galalea otlhe le Judea, le mo Jerusalema). Mme nonofo ya phodiso ya Morena e ne e le mo go ene.
It happened on one of those days, that he was teaching; and there were Pharisees and teachers of the Law sitting by, who had come out of every village of Galila, Yehuda, and Urishlim. The power of the Lord was with him to heal.
18 Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu!
And look, men brought a paralyzed man on a cot, and they sought to bring him in to lay before him.
Not finding a way to bring him in because of the crowd, they went up to the housetop, and let him down through the tiles with his cot into the midst before Yeshua.
20 Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, “Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!”
Seeing their faith, he said, "Man, your sins are forgiven you."
21 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe.
The scribes and the Pharisees began to reason, saying, "Who is this that speaks blasphemies? Who can forgive sins, but God alone?"
22 Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso?
But Yeshua, perceiving their thoughts, answered them, "Why are you reasoning so in your hearts?
23 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?”
Which is easier to say, 'Your sins are forgiven you;' or to say, 'Arise and walk?'
24 Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, “Ema o menaganye phate ya gago o ye gae.”
But that you may know that the Son of Man has authority on earth to forgive sins" (he said to the paralyzed man), "I tell you, arise, and take up your cot, and go to your house."
25 Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo.
Immediately he rose up before them, and took up that which he was laying on, and departed to his house, glorifying God.
26 Mme mongwe le mongwe yo o neng a le foo a tshwarwa ke kgakge le letshogo. Mme ba baka Modimo, ba boaboela gangwe le gape ba re, “Re bone dilo tse di gakgamatsang gompieno.”
Amazement took hold on all, and they glorified God. They were filled with fear, saying, "We have seen remarkable things today."
27 Mme morago ya re Jesu a tswa mo motseng a bona mokgethisi ka sekao sa gale sa go tsietsa a ntse fa bokgethelong. Leina la monna yo e ne e le Lefi, Jesu a mo raya a re, “Tla o nne mongwe wa barutwa ba me!”
After these things he went out, and saw a tax collector named Lewi sitting at the tax office, and said to him, "Follow me."
28 Mme Lefi, a tlogela sengwe le sengwe a nanoga a tsamaya le ene.
He left everything, and rose up and followed him.
29 Mme ka bonako Lefi a dira modiro mo legaeng la gagwe a o direla Jesu e le moeng yo o tlotlegang. Ba le bantsi ba ditsala tsa ga Lefi tsa bakgethisi le baeti ba bangwe ba ne ba le teng.
Lewi made a great feast for him in his house. There was a large crowd of tax collectors and others who were reclining with them.
30 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo.
The Pharisees and their scribes grumbled at his disciples, saying, "Why do you eat and drink with the tax collectors and sinners?"
31 Mme Jesu a ba araba a re, “Ke molwetse yo o tlhokang ngaka eseng ba ba itekanetseng,
Yeshua answered them, "Those who are healthy have no need for a physician, but those who are sick do.
32 Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.”
I have not come to call the righteous, but sinners to repentance."
33 Ngongorego e nngwe e ne e le ya gore barutwa ba ga Jesu ba dira modiro mo boemong jwa go ikitsa dijo, fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai bone ba aga ba itima dijo ebile ba rapela. Ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago bone ba a nwa ba a ja?”
They said to him, "The disciples of Yukhanan often fast and pray, likewise also the disciples of the Pharisees, but yours eat and drink."
34 Jesu a botsa a re, “A batho ba ba itumelang ba ka ikitsa go ja? A balalediwa ba lenyalo ba ka tshwarwa ke tlala fa ba le mo moketeng le monyadi?
He said to them, "Can you make the friends of the bridegroom fast, while the bridegroom is with them?
35 Mme nako e tlaa tla e monyadi o tlaa bolawang ka yone; ke gone ba se kitlang ba batla go ja.”
But the days will come when the bridegroom will be taken away from them. Then they will fast in those days."
36 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: a re, “Ga go na ope yo o gagolang sebata sa seaparo se sesha go bitiya seaparo se segologolo, gonne seaparo se sesha se tlaa bo se sentswe, mme seaparo se segologolo se tlaa lebega se le maswe ka ntlha ya sebata se sesha mo go sone.
He also told a parable to them. "No one having torn a piece from a new garment puts it on an old garment, or else he will tear the new, and also the piece from the new will not match the old.
37 Mme ga go ope yo o ka tshelang seno sa mofine se sesha mo teng ga dinkgwana tse di kgologolo, gonne seno se sesha se tlaa phunya dinkgwana mme di tsholole mofine.
And no one puts new wine into old wineskins, or else the new wine will burst the skins, and it will be spilled, and the skins will be destroyed.
38 Mofine o mosha o tshwanetse go tshelwa mo dinkgwaneng tse disha.
But new wine must be put into fresh wineskins.
39 Mme ga go ope yo e a reng a sena go nwa mofine o mogologolo a eletse o mosha. Mme batho ba re ditsela tsa bogologolo di botoka.”
No one having drunk old wine desires new, for he says, 'The old is good.'"

< Luke 5 >