< Luke 4 >

1 Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala.
Y JESÚS, lleno del Espíritu Santo, volvió del Jordán, y fué llevado por el Espíritu al desierto
2
Por cuarenta días, y era tentado del diablo. Y no comió cosa en aquellos días: los cuales pasados, tuvo hambre.
3 Satane a mo raela a mo raya a re, “Fa o le Morwa Modimo, raya leje le o re le fetoge senkgwe.”
Entonces el diablo le dijo: Si eres Hijo de Dios, di á esta piedra que se haga pan.
4 Mme Jesu a mo fetola a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gatwe, ‘Dilo dingwe mo botshelong di botlhokwa thata go na le senkgwe.’”
Y Jesús respondiéndole, dijo: Escrito está: Que no con pan solo vivirá el hombre, mas con toda palabra de Dios.
5 Mme Satane a mo tseela kwa godimo mme a mmontsha magosi a lefatshe otlhe ka nako e khutshwane;
Y le llevó el diablo á un alto monte, y le mostró en un momento de tiempo todos los reinos de la tierra.
6 mme Satane a mo raya a re, “Ke tlaa go naya magosi a mantle a otlhe le kgalalelo ya one gonne ke a me ke a naya mongwe yo ke eletsang go a mo naya fa o ka khubama ka mangole wa nkobamela.”
Y le dijo el diablo: A ti te daré toda esta potestad, y la gloria de ellos; porque á mí es entregada, y á quien quiero la doy:
7
Pues si tú adorares delante de mí, serán todos tuyos.
8 Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’”
Y respondiendo Jesús, le dijo: Vete de mí, Satanás, porque escrito está: A tu Señor Dios adorarás, y á él solo servirás.
9 Hong Satane a mo tseela kwa Jerusalema kwa setlhoeng se se kwa godimo sa Tempele mme a re, “Fa o le morwa Modimo itige! Gonne dikwalo tsa re Modimo o tlaa romela baengele ba one go go sireletsa le go go tlamela gore o seka wa sugakana fa fatshe!”
Y le llevó á Jerusalem, y púsole sobre las almenas del templo, y le dijo: Si eres Hijo de Dios, échate de aquí abajo:
Porque escrito está: Que á sus ángeles mandará de ti, que te guarden;
Y en las manos te llevarán, porque no dañes tu pie en piedra.
12 Mme Jesu a fetola a re, “Dikwalo gape tsa re ‘O se leke bopelotelele jwa Modimo.’”
Y respondiendo Jesús, le dijo: Dicho está: No tentarás al Señor tu Dios.
13 Erile Diabole a sena go fetsa dithaelo tsotlhe a tlogela Jesu ka lobakanyana mme a tsamaya.
Y acabada toda tentación, el diablo se fué de él por un tiempo.
14 Mme Jesu a boela kwa Galalea, a tletse nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Mme ka bofefo a tuma mo tikologong ya kgaolo eo yotlhe.
Y Jesús volvió en virtud del Espíritu á Galilea, y salió la fama de él por toda la tierra de alrededor.
15 Gonne o ne a galalediwa ke mongwe le mongwe mo disenagogeng ka ntlha ya dithero tsa gagwe.
Y enseñaba en las sinagogas de ellos, y era glorificado de todos.
16 E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.
Y vino á Nazaret, donde había sido criado; y entró, conforme á su costumbre, el día del sábado en la sinagoga, y se levantó á leer.
17 Mme a neelwa lokwalo lwa ga Moporofiti Isaia, mme a lo bula mo kgaolong e e reng.
Y fuéle dado el libro del profeta Isaías; y como abrió el libro, halló el lugar donde estaba escrito:
18 “Mowa wa Modimo o mo go nna. O ntaoletse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthometse go fodisa dipelo tse di phatlogileng le go bolela gore magolegwa a tla gololwa, le difofu di tlaa bona, bapatikegi ba tlaa gololwa mo bagateleding ba bone le gore Modimo o ipaakanyeditse go naya letlhogonolo botlhe ba ba tlang mo go one.”
El Espíritu del Señor es sobre mí, por cuanto me ha ungido para dar buenas nuevas á los pobres: me ha enviado para sanar á los quebrantados de corazón; para pregonar á los cautivos libertad, y á los ciegos vista; para poner en libertad á los quebrantados:
Para predicar el año agradable del Señor.
20 Mme a tswala lokwalo a lo busetsa kwa molebeleding, a nna fa fatshe, mongwe le mongwe mo senagogeng a mo lebeletse thata ka tlhoafalo.
Y rollando el libro, lo dió al ministro, y sentóse: y los ojos de todos en la sinagoga estaban fijos en él.
21 Hong a oketsa a re, “Dikwalo tse di diragetse gompieno!”
Y comenzó á decirles: Hoy se ha cumplido esta Escritura en vuestros oídos.
22 Botlhe ba ba neng ba le foo ba bua sentle kaga gagwe e bile ba gakgamaditswe ke mafoko a mantle a a neng a tswa mo molomong wa gagwe. Mme ba botsa ba re, “Mo go ka diragala jang. A motho yo ga se morwa Josefe?”
Y todos le daban testimonio, y estaban maravillados de las palabras de gracia que salían de su boca, y decían: ¿No es éste el hijo de José?
23 Mme Jesu a re, “Nkete lo tlaa mpuela seane se se reng, ‘Ngaka, iphodise’ ke gore, ‘Ke eng fa o sa dire dikgakgamatso fano mo legaeng la gaeno jaaka tse o neng o di dira kwa Kaperenama?’
Y les dijo: Sin duda me diréis este refrán: Médico, cúrate á ti mismo: de tantas cosas que hemos oído haber sido hechas en Capernaum, haz también aquí en tu tierra.
24 Mme ke lo tlhomamisetsa gore ga go moporofiti ope yo o amogelesegang mo ga gabo!”
Y dijo: De cierto os digo, que ningún profeta es acepto en su tierra.
25 Sekai ke se, “Gakologelwang jaaka moporofiti Elija a ne a dira Sarefa a le moeti go tswa lefatsheng la Sidona. Go ne go le batlholagadi ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba tlhoka thuso mo malatsing ao a leuba, gonne go ne go se na pula selekanyo sa dingwaga di le tharo le sephatlo, mme tlala ya tsena mo lefatsheng ka bokukuntshwane; le fa go ntse jalo Elija a ba a sa romelwa kwa go bone.
Mas en verdad os digo, [que] muchas viudas había en Israel en los días de Elías, cuando el cielo fué cerrado por tres años y seis meses, que hubo una grande hambre en toda la tierra;
Pero á ninguna de ellas fué enviado Elías, sino á Sarepta de Sidón, á una mujer viuda.
27 Kgotsa akanyang moporofiti Elija, yo o neng a fodisa Naamane wa Mosiria, bogolo go balepero ba le bantsi ba Sejuta ba ba neng ba tlhoka thuso.”
Y muchos leprosos había en Israel en tiempo del profeta Eliseo; mas ninguno de ellos fué limpio, sino Naamán el Siro.
28 Mme mafoko a a ba shakgatsa thata;
Entonces todos en la sinagoga fueron llenos de ira, oyendo estas cosas;
29 Mme ba tlola, ba mo gagautlha ba ba ba mo tseela kwa losing lwa lentswe le le godileng mo go neng go agilwe motse teng, go mo kgoromeletsa mo godimo ga lekhubu.
Y levantándose, le echaron fuera de la ciudad, y le llevaron hasta la cumbre del monte sobre el cual la ciudad de ellos estaba edificada, para despeñarle.
30 Mme a tswa mo bontsintsing jwa batho a ba tlogela.
Mas él, pasando por medio de ellos, se fué.
31 Mme a boela kwa Kaperenama, motse o o mo Galalea, mme a ruta teng mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.
Y descendió á Capernaum, ciudad de Galilea. Y los enseñaba en los sábados.
32 Teng koo le gone batho ba gakgamadiwa ke dilo tse o neng a di bua. Gonne o ne a bua jaaka mongwe yo o itseng boammaaruri mo boemong jwa go nankola megopolo ya ba bangwe.
Y se maravillaban de su doctrina, porque su palabra era con potestad.
33 Mme ya re nako nngwe a ruta mo ntlung ya thuto, monna yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe a simolola a goeletsa kwa go Jesu a re,
Y estaba en la sinagoga un hombre que tenía un espíritu de un demonio inmundo, el cual exclamó á gran voz,
34 “Tsamaya! Ga re na sepe le wena, Jesu wa Nasaretha. O tsile go re senya, ke a itse gore o mangMorwa Modimo yo o boitshepo.”
Diciendo: Déjanos, ¿qué tenemos contigo, Jesús Nazareno? ¿has venido á destruirnos? Yo te conozco quién eres, el Santo de Dios.
35 Jesu a mo kgaodisa go bua a re, “Didimala!” A raya mowa o o maswe a re, “Tswela kwa ntle!” Mme mowa o o maswe wa latlhela monna fa fatshe fa bontsintsing jwa batho bo ntse bo lebeletse; mme wa mo tlogela ‘o’ sa mo utlwisa botlhoko gope.
Y Jesús le increpó, diciendo: Enmudece, y sal de él. Entonces el demonio, derribándole en medio, salió de él, y no le hizo daño alguno.
36 Hong batho ba botsa ka kgakgamalo ba re, “Ke eng se se mo mafokung a monna yo fa le mewa e e maswe e mo utlwa?”
Y hubo espanto en todos, y hablaban unos á otros, diciendo: ¿Qué palabra es ésta, que con autoridad y potencia manda á los espíritus inmundos, y salen?
37 Mme polelo kaga se a se dirileng ya anama jaaka molelo wa naga mo tikologong yotlhe.
Y la fama de él se divulgaba de todas partes por todos los lugares de la comarca.
38 Erile a sena go tloga mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, a ya kwa legaeng la ga Simone kwa a neng a fitlhela mogwagwadia Simone wa mosadi a lwala thata bolwetse jwa letshoroma. Mme batho botlhe ba mo kopa go re a mo fodise.
Y levantándose Jesús de la sinagoga, entró en casa de Simón: y la suegra de Simón estaba con una grande fiebre; y le rogaron por ella.
39 Ya re a eme fa thoko ga bolao jwa gagwe a bua le letshoroma, a le kgalemela, ka bonako a fola a tsoga a ba direla dijo!
E inclinándose hacia ella, riñó á la fiebre; y la fiebre la dejó; y ella levantándose luego, les servía.
40 Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola.
Y poniéndose el sol, todos los que tenían enfermos de diversas enfermedades, los traían á él; y él, poniendo las manos sobre cada uno de ellos, los sanaba.
41 Bangwe ba ne ba tsenwe ke mewa e e maswe, mme mewa e e maswe ya tswela kwa ntle ka taolo ya gagwe, ya goa ya re, “O Morwa Modimo.” Mme ka gore ba ne ba itse fa e le Keresete, a ba didimatsa.
Y salían también demonios de muchos, dando voces, y diciendo: Tú eres el Hijo de Dios. Mas riñéndolos no les dejaba hablar; porque sabían que él era el Cristo.
42 Mme ya re phakela mo mosong o o latelang a tswela kwa ntle mo sekakeng. Bontsintsi jwa batho ba mmatla gongwe le gongwe mme ya re fa ba mmonang gone ba mo kopa gore a seka a ba tlogela, mme a nne kwa Kaperenama.
Y siendo ya de día salió, y se fué á un lugar desierto: y las gentes le buscaban, y vinieron hasta él; y le detenían para que no se apartase de ellos.
43 Mme a ba fetola a re, “Ke tshwanetse go rera Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo le mo metseng e mengwe, gonne ke sone se ke se tletseng.”
Mas él les dijo: Que también á otras ciudades es necesario que anuncie el evangelio del reino de Dios; porque para esto soy enviado.
44 Jalo a nna a tsamaya a rera mo matlung a thuto mo Judea otlhe.
Y predicaba en las sinagogas de Galilea.

< Luke 4 >