< Luke 21 >

1 Mme ya re a ema mo Tempeleng a bo a lebeletse bahumi thata fa ba tsenya dineo tsa bone mo letloleng.
Respiciens autem vidit eos, qui mittebant munera sua in gazophylacium, divites.
2 Mme mohumanegi wa motlholagadi a tla a latlhela dithebe di le pedi.
Vidit autem et quandam viduam pauperculam mittentem aera minuta duo.
3 Mme Jesu a re, “Ammaaruri motlholagadi yo wa mohumanegi o ntshitse mo go tona go gaisa ga ba ba ntshitseng gotlhe go kopantswe.
Et dixit: Vere dico vobis, quia vidua haec pauper, plus quam omnes misit.
4 Gonne ba ntshitse bonnye jwa se ba sa se tlhokeng, mme ene ka fa khumanegong ya gagwe o ntshitse gotlhe mo o neng a na le gone.”
Nam omnes hi ex abundanti sibi miserunt in munera Dei: haec autem ex eo, quo deest illi, omnem victum suum, quem habuit, misit.
5 Bangwe ba barutwa ba gagwe ba simolola go bua kaga bontle jwa maje a a kgabisitseng Tempele le mekgabisa ya segopotso mo dipoteng.
Et quibusdam dicentibus de templo quod bonis lapidibus, et donis ornatum esset, dixit:
6 Mme Jesu a re, “Lobaka lo e tla lo dilo tse tsotlhe tse di lo kgatlhang di tlaa digelwang fa fatshe, mme ga go leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe; gotlhe go tlaa nna mokoa o le mongwe fela wa matlakala.”
Haec, quae videtis, venient dies, in quibus non relinquetur lapis super lapidem, qui non destruatur.
7 Mme ba goa ba re, “Morena! mo go tlaa diragala leng? A go tlaa nna le tlhagiso nngwe pele ga nako ya go diragala?”
Interrogaverunt autem illum, dicentes: Praeceptor, quando haec erunt, et quod signum cum fieri incipient?
8 Mme a fetola a re, “Lo se lese ope go lo timetsa. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipolela fa e le bo-Mesia, ba re, ‘Nako e gorogile’ mme lo se ka lwa ba dumela!”
Qui dixit: Videte ne seducamini: multi enim venient in nomine meo, dicentes quia ego sum: et tempus appropinquavit: nolite ergo ire post eos.
9 “Mme e re fa lo utlwela dintwa le dipheretlhego di simologa, lo se ka lwa tshoga. Dintwa tsa boammaaruri di tshwanetse go tla mme bokhutlo ga bo kitla bo tla ka bonako,
Cum autem audieritis proelia, et seditiones, nolite terreri: oportet enim primum haec fieri, sed nondum statim finis.
10 gonne chaba e tlaa tsogologela chaba e nngwe le bogosi bo tlaa tsogologela jo bongwe,
Tunc dicebat illis: Surget gens contra gentem, et regnum adversus regnum.
11 mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le mauba mo mafatsheng a le mantsi, le maroborobo le dipoitshego tse di diregang mo magodimong.
Et terraemotus magni erunt per loca, et pestilentiae, et fames, terroresque de caelo, et signa magna erunt.
12 “Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me.
Sed ante haec omnia iniicient vobis manus suas, et persequentur tradentes in synagogas, et custodias, trahentes ad reges, et praesides propter nomen meum:
13 “Mme ka ntlha ya gone moo, Mesia o tlaa itsege ka bophara a bo a tlotlwa.
continget autem vobis in testimonium.
14 Jalo, lo se tshwenyege ka gore lo tlaa ikarabela jang,
Ponite ergo in cordibus vestris non praemeditari quemadmodum respondeatis.
15 gonne ke tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng le botlhale mo e leng gore baganetsi ba lona ga ba kitla ba lo fetola!
ego enim dabo vobis os, et sapientiam, cui non poterunt resistere, et contradicere omnes adversarii vestri.
16 Le e leng ba ga lona tota, batsadi ba lona, bomorwa-rraalona, ba lo tsalwang nabo ditsala tsa lona di tlaa lo oka gore lo tshwarwe; mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa.
Trademini autem a parentibus, et fratribus, et cognatis, et amicis, et morte afficient ex vobis:
17 “Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me.
et eritis odio omnibus hominibus propter nomen meum:
18 Mme le fa e le thiri ya tlhogo ya lona ga e kitla e nyelela!
et capillus de capite vestro non peribit.
19 Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona.
In patientia vestra possidebitis animas vestras.
20 “Mme fa lo bona Jerusalema a dikaganyeditswe ke dintwa, ke gone lo tlaa itseng gore nako ya tshenyego e gorogile.
Cum autem videritis circumdari ab exercitu Ierusalem, tunc scitote quia appropinquavit desolatio eius:
21 Hong lesang batho ba Judea ba tshabele kwa dithabeng. Lesang ba ba mo Jerusalema ba leke go falola, mme ba ba kwa ntle ga motse ba se ka ba leka go boa.
tunc qui in Iudaea sunt, fugiant ad montes: et qui in medio eius, discedant: et qui in regionibus, non intrent in eam.
22 Gonne ao e tlaa bo e le malatsi a katlholo ya Modimo, le mafoko a dikwalo tsa bogologolo a a kwadilweng ke baporofiti a tlaa diragala ka botlalo.
quia dies ultionis hi sunt, ut impleantur omnia, quae scripta sunt.
23 “Mme a bo go tlaa latlhega bomme ba baimana mo malatsing ao, le ba ba nang le masea. Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo chabeng e le bogale mo bathong ba.
Vae autem praegnantibus, et nutrientibus in illis diebus. erit enim pressura magna super terram, et ira populo huic.
24 “Ba tlaa bolawa polao e e setlhogo ka ditlha-bani tsa mmaba, kgotsa ba isiwe jaaka bafaladi le ditshwara mo dichabeng tsotlhe tsa lefatshe; mme Jerusalema o tlaa fenngwa a gatakwa ke Badi-chaba go fitlhelela nako ya phenyo ya Badi-chaba e khutla mo lobakeng lwa Modimo.
Et cadent in ore gladii: et captivi ducentur in omnes Gentes. et Ierusalem calcabitur a Gentibus: donec impleantur tempora nationum.
25 “Mme go tlaa nna le ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo loaping, ditlhagiso le botlhodi jo bo maswe mo letsatsing, ngwedi le dinaledi, le mono lefatsheng dichaba di tlaa nna mo pheretlhegong le mo tlalelong e kgolo ka ntlha ya modumo wa mawatle le makhubu a a sa tlwaelesegang.
Et erunt signa in sole, et luna, et stellis, et in terris pressura Gentium prae confusione sonitus maris, et fluctuum:
26 Bopelo-kgale jwa batho ba le bantsi bo tlaa reketla ka ntlha ya tiragalo e ba e bonang e tla mo lefatsheng, gonne dinonofo tsa magodimo di tlaa thubaganngwa.
arescentibus hominibus prae timore, et expectatione, quae supervenient universo orbi: nam virtutes caelorum movebuntur:
27 Mme batho ba lefatshe ba tlaa mpona nna Mesia, ke tla mo lerung ka nonofo le kgalalelo e kgolo.
et tunc videbunt filium hominis venientem in nube cum potestate magna, et maiestate.
28 Mme e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di simologa go diragala, lo eme lo tlhamalale lo lebe kwa godimo! gonne poloko ya lona e gaufi.”
His autem fieri incipientibus, respicite, et levate capita vestra: quoniam appropinquat redemptio vestra.
29 Mme a ba fa setshwantsho se: “Lepang setlhare sa mofeige kgotsa setlhare sengwe fela.
Et dixit illis similitudinem: Videte ficulneam, et omnes arbores:
30 Fa matlhare a tlhoga, lo itse lo sa bolelelwa gore selemo se gaufi.
cum producunt iam ex se fructum, scitis quoniam prope est aestas.
31 Fela jalo fa lo bona ditiragalo tse ke di lo tlhaloseditseng di diragala lo tlhomamise gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.
Ita et vos cum videritis haec fieri, scitote quoniam prope est regnum Dei.
32 “Ke lo tlhomamisetsa gore fa dilo tse di diragala, bokhutlo jwa motlha ono bo tlaa bo bo gorogile.
Amen dico vobis, quia non praeteribit generatio haec, donec omnia fiant.
33 Legodimo le lefatshe di tlaa feta, le fa go ntse jalo mafoko a me a eme mo boammaaruring ka bosakhutleng.
Caelum, et terra transibunt: verba autem mea non transibunt.
34 “Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.
Attendite autem vobis, ne forte graventur corda vestra in crapula, et ebrietate, et curis huius vitae: et superveniat in vos repentina dies illa:
tamquam laqueus enim superveniet in omnes, qui sedent super faciem omnis terrae.
36 Lo lebeleleng ka metlha yotlhe. Lo rapele gore e re fa go kgonega lo tle fa pele ga me lo ise lo bone dikhuduego tse.”
Vigilate itaque, omni tempore orantes, ut digni habeamini fugere ista omnia, quae futura sunt, et stare ante Filium hominis.
37 Letsatsi le letsatsi Jesu o ne a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme bontsi jwa batho ba phuthega go sa le mo mosong go ya go mo reetsa. Mme mo maabanyaneng mangwe le mangwe o ne a tle a boele kwa Thoteng ya Lotlhware go ya go lala teng.
Erat autem diebus docens in templo: noctibus vero exiens, morabatur in monte, qui vocatur Oliveti.
Et omnis populus manicabat ad eum in templo audire eum.

< Luke 21 >