< Luke 2 >

1 Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe.
Стало ся ж тими днями, вийшло повелїннє від кесаря Августа переписати всю вселенну.
2 Go kwalwa mo go ne ga dirwa ka lobaka lwa Kwirinio e le molaodi wa Siria.
Ся перепись була перва за правлення Киринея в Сириї.
3 Mongwe le mongwe o ne a kopiwa go boela kwa ga gabo mogolo go ikwadisa.
Ійшли всі записуватись, кожен у свій город.
4 Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide.
Пійшов же й Йосиф із Галилеї, з города Назарета, в Юдею, в город Давидів, що зветь ся Витлеєм: (був бо він з дому й роду Давидового)
5 A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.
вписатись із Мариєю, зарученою йому жінкою, що була тяжка.
6 Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe;
Стало ж ся, як були вони там, сповнились днї родити їй.
7 mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.
І вродма Сина свого перворідня, і сповила Його, й положила Його в ясла, бо не було їм місця в гостинницї.
8 Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku.
І були пастухи в сторонї тій, що ночлїгували та стерегли сторожею в ночі отари своєї.
9 Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata.
І ось ангел Господень став коло них, і слава Господня осияла їх; і полякались страхом великим.
10 Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe!
І рече їм ангел: Не бійтесь, ось бо благовіщу вам радість велику, що буде всім людям.
11 Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema!
Бо народивсь вам сьогодні Спас, що єсть Христос Господь, у городі Давидовому.
12 Lo tlaa mo lemoga jang? Lo tlaa bona losea lo phuthetswe mo kobong, lo robaditswe mo bojelong!”
І се вам ознака: Знайдете дитинку сповиту, лежачу в яслах.
13 Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re:
І зараз явилось із ангелом множество воїнства небесного, хвалячи Бога й глаголючи:
14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”
Слава на вишинах Богу, а на землї впокій, між людьми благоволеннє.
15 Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.”
І сталось, як пійшли від них на небо ангели, пастухи казали один до одного: Ходїмо ж аж у Витлеєм, та побачимо слово се, що сталось, що Господь обявив нам.
16 Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong.
І пійшли з поспіхом, та й знайшли Марию і Йосифа, й дитинку лежачу в яслах.
17 Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo.
І побачивши, обявили слово, сказане їм про хлопятко се.
18 Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala.
І всї, слухаючи, дивувались тим, що розказували пастухи перед ними.
19 Mme Marea a baya dilo tse mo pelong ya gagwe ka tidimalo mme a akanya kaga tsone gantsi.
Мария ж ховала всї слова сї, роздумуючи в серці своїм.
20 Hong badisa ba boela gape kwa nageng kwa letsomaneng la bone, ba galaletsa Modimo kaga go etelwa ke moengele le gore ba bone ngwana, fela jaaka baengele ba ba boleletse.
І вернулись пастухи, прославляючи та хвалячи Бога за все, що чули й бачили, як казано до них.
21 Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe.
І як сповнилось вісїм днів, щоб обрізати хлопятко, наречено Йому імя Ісус, наречене від ангела, перш ніж зачавсь Він в утробі.
22 E rile fa nako e tla ya gore Marea a ntshe tshupelo ya ntlafatso kwa tempeleng, ka fa melaong ya ga Moshe morago ga botsalo jwa ngwana, batsadi ba gagwe ba mo tseela kwa Jerusalema go ya go mo neela mo Moreneng;
І, як сповнились дні очищення п по закону Мойсейовому, понесли Його в Єрусалим, поставити перед Господом,
23 Gonne mo melaong e go tulwe, “Fa ngwana wa ntlha wa mosadi e le mosimane, o tlaa neelwa Morena.”
як написано в законі Господньому: Що всяке мужеське, відчинивши утробу, сьвяте Господеві звати меть ся;
24 Ka nako eo batsadi ba ga Jesu le bone ba ntsha setlhabelo sa bone sa go itshekisiwa, a e ka nna maphoi a le mabedi! kgotsa maebana a mabedi! E ne e le kopo e e ka fa molaong.
і принесли жертву, по сказаному в законї Господньому: Пару горлиць або двоє голубенят.
25 Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako.
І ось був чоловік у Єрусалимі на ймя Симеон; і чоловік сей праведний та побожний сподівавсь потіхи Ізраїлеві; й Дух сьвятий був на йому.
26 Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo.
І було йому сповіщено від Духа сьвятого, що не бачити ме він смерти, перш нїж побачить Христа Господнього.
27 Mowa O O Boitshepo o ne wa mo tlhotlheletsa go ya kwa tempeleng ka letsatsi leo; mme jalo fa Marea le Josefe ba goroga go neela Jesu mo Moreneng ka go ikobela molao,
І прийшов він Духом у церкву; й, як принесли батько-мати хлопятко Ісуса, щоб зробити їм, що треба, по звичаю законному для Него,
28 Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo.
узяв він Його на руки свої, і благословив Бога, і сказав:
29 A re, “Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe.
Нині відпускаєш раба твого, Владико, по глаголу твоєму, з упокоєм:
бо виділи очі мої спасеннє твоє
що приготовив єси перед лицем усіх людей,
32 Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!”
сьвітло на одкриттє поганам, і славу народа Твого Ізраїля.
33 Marea le Josefe ba ema fela foo, ba gakgamalela se se buiwang kaga Jesu.
І дивувавсь Йосиф і мати Його тим, що сказано про Него.
34 Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.”
І благословив їх Симеон, і рече до Мариї, матери Його: Ось Сей лежить на паданнє і вставаннє многих в Ізраїлі і на ознаку, проти котрої говорити муть,
(і тобі самій перейде душу меч, ) щоб відкрились многих сердець думки.
36 Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere, mme o ne a tsofetse, gonne e ne e le motlholagadi wa selekanyo sa dingwaga di le masome a fera bobedi le bone go tloga mo dingwageng di supa tsa lenyalo la gagwe, o ne a seka a tloga mo tempeleng mme a nna teng bosigo le motshegare, a obamela Modimo ka go rapela le go itima dijo gantsi.
І була Анна пророчиця, дочка Фануїлова, з роду Асирового; ся зістарілась у днях многих, живши з чоловіком сім років од дівування свого;
і ся вдова до восьмидесяти й чотирох років, що не відходила від церкви, постом та молитвою служила ніч і день.
38 A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia.
І вона тієї ж години прийшовши, оддала хвалу Господеві, й говорила про Него всім, що сподївали ся збавлення в Єрусалимі.
39 Erile batsadi ba ga Jesu ba sena go diragatsa gotlhe mo go neng go tlhokwa ke Molao wa Modimo ba boela gae kwa Nasaretha mo Galalea.
І, як скінчили все по закону Господньому, вернулись у Галилею, у город свій Назарет.
40 Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene.
Хлопятко ж росло й міцніло духом, сповняючись премудростю; і благодать Божа була на Ньому; ,
41 Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga.
І ходили батько-мати Його щороку в Єрусалим у сьвято пасхи.
І як було Йому дванайцять років, пійшли вони в Єрусалим сьвятковим звичаєм,
43 Morago ga moletlo ba simolola go boela gae kwa Nasaretha, mme Jesu a sala mo Jerusalema. Mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo tlhoka letsatsi la ntlha,
і, сповнивши дні, як вертались, зостав ся хлопчик Ісус у Єрусалимі, й не знав Йосиф і мати Його,
44 gonne ba ne ba gopola gore o na le ditsala mo baeting ba bangwe. Mme erile fa a sa bonale mo maabanyaneng ao, ba simolola go mmatla mo ditsaleng tsa bone.
а думаючи, що Він між товариством, увійшли на день ходи; й шукали Його між родиною та знакомими.
45 Mme ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla teng.
І, не знайшовши Його, вернулись у Єрусалим, шукаючи Його.
46 Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo.
І сталось, через три дні знайшли Його в церкві, сидячого серед учителїв, і слухаючого їх, і питаючого.
Дивували ся ж усї, хто, слухав Його, розумом і відповідями Його.
48 Mme batsadi ba gagwe ba se ka ba itse gore ba ka akanyang fa ba mmona a ntse foo a didimetse. Hong mmaagwe a mo raya a re, “Morwaaka! Ke eng fa o re diretse jaana. Rrago le nna re go batlile ka tlhoafalo gongwe le gongwe?”
І, побачивши Його, здивувались вони, й сказала мати Його до Него: Дитино, що се зробив єси з нами? ось батько Твій і я, болїючи, шукали Тебе.
49 Mme a ba raya a re, “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?”
І рече Він до них: Чого ж шукали мене? хиба ж не знали, що в тому, що єсть Отця мого, треба бути мені?
50 Mme ba bo ba sa tlhaloganye gore o raya jang.
Та й вони не зрозуміли слова, що промовив їм,
51 Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe.
І пійшов з ними, й прийшов у Назарет, і був слухняний їм; і мати Його ховала всі слова тиї в серці своїм.
52 Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho.
І виростав Ісус премудростю й станом, у ласцї в Бога і в людей.

< Luke 2 >