< Luke 19 >

1 Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi), 2 3 a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho. 4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo. 5 E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!” 6 Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo. 7 Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”. 8 Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!” 9 Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.” 10 11 Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana. 12 A re, “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe. 13 Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile. 14 Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone. 15 “Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae. 16 “Monna wa ntlha a bega papadi e kgolo, e menaganye ga some go feta tlhwatlhwa e o neng a e neetswe. 17 “Mme kgosi ya goa ya re, ‘O dirile sentle! O monna yo o siameng o ikanyegile mo bonnyennyaneng jo ke go bo neileng. Mme tuelo ya gago ke gore, o tlaa nna molaodi wa metse e le some!’ 18 Monna wa bobedi le ene a bega papadi e e itumedisang, e menaganye ga tlhano go feta tlhatlhwa e o neng a e neetswe. 19 “Mong wa gagwe a mo raya a re, ‘Go siame! o ka nna molaodi mo metseng e metlhano.’ 20 “Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile, 21 ka gore ke ne ke tshaba [gore o tlaa batla papadi ya me] gonne o monna yo o thata go dirisanya nao o tsaya se e seng sa gago e bile o gapa jalo tse di lemilweng ke ba bangwe.’ 22 Mme Kgosi ya goa ya re, ‘Selo ke wena sa motlhanka yo o bosula. A ke pelo e thata? Ke tlaa nna fela jalo mo go wena! Fa o itsile bopelo-e-thata jwa me le ka fa ke leng logwadi ka gone, 23 ke eng fa o ne o sa boloke madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso mo go one.’ 24 “Mme a retologela kwa go ba ba emeng fa go ene a ba raya a re, ‘Tsayang madi mo go ene lo a neele monna yo o dirileng a mantsi.’ 25 “Mme ba re ‘Morena, o setse a na le a mantsi!’ 26 Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago. 27 Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’” 28 Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele). 29 Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele, 30 a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. “E gololeng, mme lo e lere kwano. 31 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’” 32 Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse, 33 mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, “Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?” 34 Mme barutwa ba fetola ba re, “Morena o a e batla!” 35 Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame. 36 Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng. 37 38 Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!” 39 Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, “Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!” 40 Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!” 41 Mme ya re ba atamela Jerusalema a lebela motse kwa pele, a simolola go lela. 42 A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile. 43 Baba ba gago ba tlaa go agelela ka lobota lwa mmu, ba go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe, 44 ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.” 45 Hong a tsena mo Tempeleng a simolola go lelekela ntle barekisi mo marekisetsong a bone, 46 a ba raya a re, “Dikwalo di bolela gore ‘Tempele ya me ke lefelo la thapelo; mme lo e fetotse mongobo wa magodu.’” 47 Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone. 48 Mme ba se ka ba akanya sepe, gonne o ne a tumile thata mo bathong, ebile ba utlwa lefoko lengwe le lengwe le o neng a le bua.

< Luke 19 >