< Luke 18 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo ya go ba supegetsa ka fa go tlhokegang ka teng gore ba rapele ka metlha yotlhe le go ba bontsha gore ba tshwanetse go tswelela ba rapela go fitlhelela ba bona karabo. 2 A ba raya a re, “Go kile ga bo go na le moatlhodi mo motsing, monna yo o ne a sa boife Modimo a le lonyatso lo logolo mo go botlhe. 3 Mme motlholagadi mongwe wa motse oo o ne a tla kwa go ene nako le nako go ikopela tsheko kgatlhanong le monna yo o neng a mo utlwisitse botlhoko. 4 “Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’” 5 6 Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo, 7 a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare? 8 Ee! O tlaa ba araba ka bonako! Mme potso ke gore: Fa nna Morwa motho, ke boa, ke tlaa fitlhela ba le kae ba ba nang le tumelo [ebile ba rapela]?” 9 Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe. 10 “Banna ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go ya go rapela. Mongwe e ne e le moikgantshi wa Mofarasai, yo o iponang tshiamo yo mongwe e le mokgethisi wa motsietsi. 11 Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka, 12 Ke itima dijo gabedi mo bekeng, mme ke naya Modimo di tsa bosome jwa dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’ 13 “Mme mokgethisi yo o bosula a emetse kwa kgakala a sa batle go lelala kwa legodimong fa a rapela, a ititaya sefuba ka kutlobotlhoko, a goa a re, ‘Modimo nkutlwela botlhoko nna moleofi!’ 14 Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.” 15 Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya. 16 Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!” 17 18 Ka bofefo Moeteledipele wa tumelo ya Sejuta a mmotsa potso e: “Morena yo o molemo ke ka dira jang go tsena mo legodimong?” (aiōnios g166) 19 Mme Jesu a mo raya a re, “A o lemoga se o se buang fa o mpitsa ‘molemo’? Ke Modimo fela ke one o molemo, e seng ope gape. 20 Mme ka fa potsong ya gago, o itse gore melao e e lesome ya re, o seka wa dira boaka, o seka wa bolaya, o seka wa utswa, o se ka wa aka, tlotla batsadi ba gago, le e mengwe jalo.” 21 Mme monna a fetola a re, “Ke tlhokometse mongwe le mongwe wa melao eo go tswa bonnyeng jwa me.” 22 Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.” 23 Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata. 24 Jesu a mo lebelela a tsamaya mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Go thata jang gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo! 25 Go bonolo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale bogolo go mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo!” 26 Mme ba ba mo utlwileng jaana ba gakgamala ba re, “Fa go le thata jalo, batho ba ka bolokesega jang?” 27 A ba fetola a re, “Modimo o ka dira se batho ba se ka keng ba se dira!” 28 Mme Petere a re, “Re tlogetse malwapa a rona ra go sala morago.” 29 Jesu a fetola a re, “E, mme botlhe ba ba dirileng jaaka lona, ba tlogetse lolwapa, mosadi, bomorwarraagwe, batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo, 30 ba tlaa duelwa gantsintsi ka lobaka lo, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” (aiōn g165, aiōnios g166) 31 Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala. 32 Ke tlaa neelwa Badichaba go sotlwa le go kgwelwa mathe le go gagautlhwa mo go tlhabisang ditlhong, 33 ke tlaa itewa ke bo ke bolawa. Mme ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape.” 34 Mme ba seka ba tlhaloganya selo se o neng a se bua. O ne a bonala ekete o bua dinaane fela. 35 Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting. 36 E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang? 37 A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta. 38 Hong a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” 39 Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, “Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!” 40 E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, “Lereng monna yoo wa sefofu kwano.” 41 Hong Jesu a botsa monna a re, “O batlang”? A kopa a re, “Morena ke batla go bona!” 42 Jesu a mo raya a re, “Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!” 43 Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.

< Luke 18 >