< Luke 18 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo ya go ba supegetsa ka fa go tlhokegang ka teng gore ba rapele ka metlha yotlhe le go ba bontsha gore ba tshwanetse go tswelela ba rapela go fitlhelela ba bona karabo.
Les narró también una parábola con respecto a la necesidad de hablar ellos siempre con Dios y no desmayar:
2 A ba raya a re, “Go kile ga bo go na le moatlhodi mo motsing, monna yo o ne a sa boife Modimo a le lonyatso lo logolo mo go botlhe.
Había un juez en una ciudad que no temía a Dios ni respetaba a hombre.
3 Mme motlholagadi mongwe wa motse oo o ne a tla kwa go ene nako le nako go ikopela tsheko kgatlhanong le monna yo o neng a mo utlwisitse botlhoko.
Había también una viuda en aquella ciudad que iba ante él y decía: Hazme justicia contra mi oponente.
4 “Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’”
No quería por un tiempo, pero después de esto se dijo: Aunque no temo a Dios, ni respeto a hombre,
5
por cuanto esta viuda me causa molestia, le haré justicia, no sea que al venir de continuo me agote la paciencia.
6 Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo,
Y dijo el Señor: Oigan al juez injusto.
7 a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare?
¿Dios de ningún modo hará la justicia a sus escogidos que claman a Él día y noche? ¿Demorará en responderles?
8 Ee! O tlaa ba araba ka bonako! Mme potso ke gore: Fa nna Morwa motho, ke boa, ke tlaa fitlhela ba le kae ba ba nang le tumelo [ebile ba rapela]?”
Les digo que con prontitud les hará justicia. Pero cuando el Hijo del Hombre venga, ¿hallará la fe en la tierra?
9 Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe.
Narró esta parábola a unos que confiaban en ellos mismos como justos y menospreciaban a los demás:
10 “Banna ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go ya go rapela. Mongwe e ne e le moikgantshi wa Mofarasai, yo o iponang tshiamo yo mongwe e le mokgethisi wa motsietsi.
Dos hombres subieron al Templo a hablar con Dios: el uno fariseo y el otro publicano.
11 Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka,
El fariseo se puso en pie y hablaba consigo mismo: Dios, te doy gracias porque no soy como los demás hombres: ladrones, injustos, adúlteros, ni aun como este publicano.
12 Ke itima dijo gabedi mo bekeng, mme ke naya Modimo di tsa bosome jwa dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’
Ayuno dos veces [por] semana y doy diezmo de todo lo que me gano.
13 “Mme mokgethisi yo o bosula a emetse kwa kgakala a sa batle go lelala kwa legodimong fa a rapela, a ititaya sefuba ka kutlobotlhoko, a goa a re, ‘Modimo nkutlwela botlhoko nna moleofi!’
Pero el publicano, situado lejos, no quería ni aun levantar los ojos al cielo, sino golpeaba su pecho y decía: ¡Dios, compadécete de mí, pecador!
14 Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.”
Les digo que éste bajó a su casa justificado y no el otro, porque todo el que se enaltece será humillado, y el que se humilla será enaltecido.
15 Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya.
Le presentaban también los niños para que los tocara. Al ver esto, los discípulos los reprendían.
16 Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!”
Pero Jesús los llamó y les dijo: Dejen que los niños vengan a Mí, y no se lo impidan, porque de ellos es el reino de Dios.
En verdad les digo: El que no reciba el reino de Dios como un niño, que de ningún modo entre en él.
18 Ka bofefo Moeteledipele wa tumelo ya Sejuta a mmotsa potso e: “Morena yo o molemo ke ka dira jang go tsena mo legodimong?” (aiōnios g166)
Un dignatario le preguntó: Maestro bueno, ¿qué hago para heredar [la] vida eterna? (aiōnios g166)
19 Mme Jesu a mo raya a re, “A o lemoga se o se buang fa o mpitsa ‘molemo’? Ke Modimo fela ke one o molemo, e seng ope gape.
Jesús le preguntó: ¿Por qué me llamas bueno? Nadie es bueno, sino uno solo: Dios.
20 Mme ka fa potsong ya gago, o itse gore melao e e lesome ya re, o seka wa dira boaka, o seka wa bolaya, o seka wa utswa, o se ka wa aka, tlotla batsadi ba gago, le e mengwe jalo.”
Sabes los Mandamientos: No adulteres, no asesines, no robes, no des falso testimonio, honra a tu padre y a tu madre.
21 Mme monna a fetola a re, “Ke tlhokometse mongwe le mongwe wa melao eo go tswa bonnyeng jwa me.”
Y él respondió: Todo esto guardé desde [la] juventud.
22 Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.”
Cuando Jesús lo oyó le dijo: Aún te falta uno: Vende todo lo que tienes. Repártelo a los pobres y tendrás un tesoro en [el] cielo. Y ven, sígueme.
23 Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata.
Cuando oyó esto se entristeció profundamente porque era muy rico.
24 Jesu a mo lebelela a tsamaya mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Go thata jang gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo!
Jesús lo miró y dijo: ¡Cuán difícilmente entran los ricos en el reino de Dios!
25 Go bonolo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale bogolo go mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”
Es más fácil pasar un camello por un ojo de aguja que entrar un rico en el reino de Dios.
26 Mme ba ba mo utlwileng jaana ba gakgamala ba re, “Fa go le thata jalo, batho ba ka bolokesega jang?”
Entonces los que lo oyeron le preguntaron: ¿Quién puede ser salvo?
27 A ba fetola a re, “Modimo o ka dira se batho ba se ka keng ba se dira!”
Y Él respondió: Lo imposible para [los] hombres es posible para Dios.
28 Mme Petere a re, “Re tlogetse malwapa a rona ra go sala morago.”
Luego Pedro le dijo: Mira: Nosotros dejamos todo y te seguimos.
29 Jesu a fetola a re, “E, mme botlhe ba ba dirileng jaaka lona, ba tlogetse lolwapa, mosadi, bomorwarraagwe, batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo,
Entonces Él les contestó: En verdad les digo que nadie hay que deje casa, esposa, hermanos, padres o hijos por causa del reino de Dios
30 ba tlaa duelwa gantsintsi ka lobaka lo, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” (aiōn g165, aiōnios g166)
que no reciba muchas veces más en este tiempo, y en la era que viene, [la] vida eterna. (aiōn g165, aiōnios g166)
31 Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala.
[Jesús] tomó consigo a los 12 y les dijo: Miren, subimos a Jerusalén. Se cumplirán todas las cosas que fueron escritas por los profetas con respecto al Hijo del Hombre.
32 Ke tlaa neelwa Badichaba go sotlwa le go kgwelwa mathe le go gagautlhwa mo go tlhabisang ditlhong,
Porque será entregado a los gentiles, ridiculizado, maltratado, escupido,
33 ke tlaa itewa ke bo ke bolawa. Mme ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape.”
y después de azotarlo, lo asesinarán. Pero al tercer día será resucitado.
34 Mme ba seka ba tlhaloganya selo se o neng a se bua. O ne a bonala ekete o bua dinaane fela.
Ellos nada de esto entendieron. Esta Palabra era oculta de ellos. No entendían lo que se les decía.
35 Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting.
Cuando [Él] se acercó a Jericó, un ciego estaba sentado junto al camino y mendigaba.
36 E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang?
Al oír que pasaba una multitud, preguntaba qué sería aquello,
37 A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta.
y le informaron: Que viene Jesús el Nazareno.
38 Hong a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
Entonces gritó: ¡Jesús, Hijo de David, ten misericordia de mí!
39 Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, “Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!”
Y los que iban delante lo reprendían para que callara. Pero él gritaba mucho más: ¡Hijo de David, ten misericordia de mí!
40 E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, “Lereng monna yoo wa sefofu kwano.”
Entonces Jesús se detuvo y pidió que se lo trajeran. Cuando se acercó, le preguntó:
41 Hong Jesu a botsa monna a re, “O batlang”? A kopa a re, “Morena ke batla go bona!”
¿Qué quieres que te haga? Y él contestó: Señor, que vea.
42 Jesu a mo raya a re, “Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!”
Jesús le ordenó: Ve. Tu fe te salvó.
43 Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.
Al instante vio. Lo seguía y glorificaba a Dios. Cuando todo el pueblo lo vio, alabó a Dios.

< Luke 18 >