< Luke 16 >

1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege. 2 Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro. 3 “Mme molebeledi a ithaya a re, ‘Ke tlaa dirang? Fano ke feditse mme ga ke na nonofo ya go tsamaya ke epa mesele, le gone go kopa go ntlhabisa ditlhong. 4 Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’ 5 “Mme a laletsa mongwe le mongwe yo o neng a kolota mong wa gagwe go tla go buisana nae. A botsa wa ntlha a re, ‘O mo kolota bokae?’ Monna a fetola a re, ‘Molato wa me ke selekanyo sa dinkgwana di le makgolo a ferabobedi le masome a matlhano a lookwane.’ Molebeledi a mo raya a re, ‘Ee, tumalano e o e kwadileng ke e: e senye o kwale e e leng bontlha bongwe jwa yone.’ 6 7 “Mme a botsa monna yo mongwe a re, ‘Wena o mo kolota bokae?’ A fetola a re, ‘Sekete sa dikgetse tsa mabele. Mme molebeledi a re tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di makgolo a ferabobedi.’ 8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo. (aiōn g165) 9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong? (aiōnios g166) 10 Nnyaa! Gonne fa lo sa ikanyege mo dilong tse di potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo go tse di kgolo. Fa lo dira tsietso e potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo dilong tse dikgolo. 11 Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo? 12 Mme fa lo sa ikanyege ka madi a batho ba bangwe, lo ka ikanyega jang ka madi a e leng a lona. 13 “Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!” 14 Mme Bafarasai, ba ba ratang madi thata, ba mo sotla ka ntlha ya mo gotlhe. 15 Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo. 16 Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone. 17 Mme moo ga go reye gore molao o senyegetswe ke thata le fa e le ka ntlhanyana epe. O nonofile ebile ga o na botshikhinngo fela jaaka legodimo le lefatshe. 18 “Mme jalo fa mongwe a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele o dira boaka, mme yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng le ene o dira boaka”. 19 Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi. 20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Lasaro, wa mokopi, yo o neng a le dintho, a lala fa kgorong ya gagwe. 21 E ne e tle e re a rapame foo a laletse masalela a a wang mo lomating lwa bojelo jwa monna wa mohumi, dintsa di latswe dintho tsa gagwe. 22 Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa, 23 mme mowa wa gagwe wa ya moleting. E rile fa a le koo, mo tlhokofatsong a lebela Lasaro a le kgakala a na le Aberahame. (Hadēs g86) 24 “Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse. 25 “Mme Aberahame a mo raya a re, ‘Morwaaka, gakologelwa gore erile mo botshelong jwa gago o ne o na le sengwe le sengwe se o se batlang, mme Lasaro o ne a sena sepe. Jaanong o fano o a gomodiwa mme wena o mo tlhokofatsong. 26 Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’. 27 “Mme monna wa mohumi a re, ‘Ao, Rre Aberahame, tswee-tswee mo romele kwa legaeng la ga rre, 28 gonne go na le bana ba ga rre ba le batlhano ba basimane, go ba tlhagisa kaga felo fano ga tlhokofatso e e botlhoko gore ba se ka ba tla fano fa ba a swa.’ 29 “Mme Aberahame a re, ‘Dikwalo di ba tlhagisitse gangwe le gape. Bomorwarrago ba ka di bala ka nako nngwe le nngwe e ba e ratang’. 30 “Mme monna wa mohumi a fetola a re, ‘Nnyaa Rre Aberahame ga ba kitla ba itshwenya ka go di bala. Mme fa mongwe a rometswe kwa go bone a tswa mo baswing ke gone ba ka sokologang mo dibeng tsa bone.’ 31 “Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’”

< Luke 16 >