< Luke 16 >
1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege.
耶穌又對門徒說:「有一個財主的管家,別人向他主人告他浪費主人的財物。
2 Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro.
主人叫他來,對他說:『我聽見你這事怎麼樣呢?把你所經管的交代明白,因你不能再作我的管家。』
3 “Mme molebeledi a ithaya a re, ‘Ke tlaa dirang? Fano ke feditse mme ga ke na nonofo ya go tsamaya ke epa mesele, le gone go kopa go ntlhabisa ditlhong.
那管家心裏說:『主人辭我,不用我再作管家,我將來做甚麼?鋤地呢?無力;討飯呢?怕羞。
4 Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’
我知道怎麼行,好叫人在我不作管家之後,接我到他們家裏去。』
5 “Mme a laletsa mongwe le mongwe yo o neng a kolota mong wa gagwe go tla go buisana nae. A botsa wa ntlha a re, ‘O mo kolota bokae?’ Monna a fetola a re, ‘Molato wa me ke selekanyo sa dinkgwana di le makgolo a ferabobedi le masome a matlhano a lookwane.’ Molebeledi a mo raya a re, ‘Ee, tumalano e o e kwadileng ke e: e senye o kwale e e leng bontlha bongwe jwa yone.’
於是把欠他主人債的,一個一個地叫了來,問頭一個說:『你欠我主人多少?』
他說:『一百簍油。』管家說:『拿你的帳,快坐下,寫五十。』
7 “Mme a botsa monna yo mongwe a re, ‘Wena o mo kolota bokae?’ A fetola a re, ‘Sekete sa dikgetse tsa mabele. Mme molebeledi a re tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di makgolo a ferabobedi.’
又問一個說:『你欠多少?』他說:『一百石麥子。』管家說:『拿你的帳,寫八十。』
8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo. (aiōn )
主人就誇獎這不義的管家做事聰明;因為今世之子,在世事之上,較比光明之子更加聰明。 (aiōn )
9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong? (aiōnios )
我又告訴你們,要藉着那不義的錢財結交朋友,到了錢財無用的時候,他們可以接你們到永存的帳幕裏去。 (aiōnios )
10 Nnyaa! Gonne fa lo sa ikanyege mo dilong tse di potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo go tse di kgolo. Fa lo dira tsietso e potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo dilong tse dikgolo.
人在最小的事上忠心,在大事上也忠心;在最小的事上不義,在大事上也不義。
11 Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo?
倘若你們在不義的錢財上不忠心,誰還把那真實的錢財託付你們呢?
12 Mme fa lo sa ikanyege ka madi a batho ba bangwe, lo ka ikanyega jang ka madi a e leng a lona.
倘若你們在別人的東西上不忠心,誰還把你們自己的東西給你們呢?
13 “Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!”
一個僕人不能事奉兩個主;不是惡這個愛那個,就是重這個輕那個。你們不能又事奉上帝,又事奉瑪門。」
14 Mme Bafarasai, ba ba ratang madi thata, ba mo sotla ka ntlha ya mo gotlhe.
法利賽人是貪愛錢財的;他們聽見這一切話,就嗤笑耶穌。
15 Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo.
耶穌對他們說:「你們是在人面前自稱為義的,你們的心,上帝卻知道;因為人所尊貴的,是上帝看為可憎惡的。
16 Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone.
律法和先知到約翰為止,從此上帝國的福音傳開了,人人努力要進去。
17 Mme moo ga go reye gore molao o senyegetswe ke thata le fa e le ka ntlhanyana epe. O nonofile ebile ga o na botshikhinngo fela jaaka legodimo le lefatshe.
天地廢去較比律法的一點一畫落空還容易。
18 “Mme jalo fa mongwe a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele o dira boaka, mme yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng le ene o dira boaka”.
凡休妻另娶的就是犯姦淫;娶被休之妻的也是犯姦淫。」
19 Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi.
「有一個財主穿着紫色袍和細麻布衣服,天天奢華宴樂。
20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Lasaro, wa mokopi, yo o neng a le dintho, a lala fa kgorong ya gagwe.
又有一個討飯的,名叫拉撒路,渾身生瘡,被人放在財主門口,
21 E ne e tle e re a rapame foo a laletse masalela a a wang mo lomating lwa bojelo jwa monna wa mohumi, dintsa di latswe dintho tsa gagwe.
要得財主桌子上掉下來的零碎充飢,並且狗來舔他的瘡。
22 Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa,
後來那討飯的死了,被天使帶去放在亞伯拉罕的懷裏。財主也死了,並且埋葬了。
23 mme mowa wa gagwe wa ya moleting. E rile fa a le koo, mo tlhokofatsong a lebela Lasaro a le kgakala a na le Aberahame. (Hadēs )
他在陰間受痛苦,舉目遠遠地望見亞伯拉罕,又望見拉撒路在他懷裏, (Hadēs )
24 “Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse.
就喊着說:『我祖亞伯拉罕哪,可憐我吧!打發拉撒路來,用指頭尖蘸點水,涼涼我的舌頭;因為我在這火焰裏,極其痛苦。』
25 “Mme Aberahame a mo raya a re, ‘Morwaaka, gakologelwa gore erile mo botshelong jwa gago o ne o na le sengwe le sengwe se o se batlang, mme Lasaro o ne a sena sepe. Jaanong o fano o a gomodiwa mme wena o mo tlhokofatsong.
亞伯拉罕說:『兒啊,你該回想你生前享過福,拉撒路也受過苦;如今他在這裏得安慰,你倒受痛苦。
26 Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’.
不但這樣,並且在你我之間,有深淵限定,以致人要從這邊過到你們那邊是不能的;要從那邊過到我們這邊也是不能的。』
27 “Mme monna wa mohumi a re, ‘Ao, Rre Aberahame, tswee-tswee mo romele kwa legaeng la ga rre,
財主說:『我祖啊!既是這樣,求你打發拉撒路到我父家去;
28 gonne go na le bana ba ga rre ba le batlhano ba basimane, go ba tlhagisa kaga felo fano ga tlhokofatso e e botlhoko gore ba se ka ba tla fano fa ba a swa.’
因為我還有五個弟兄,他可以對他們作見證,免得他們也來到這痛苦的地方。』
29 “Mme Aberahame a re, ‘Dikwalo di ba tlhagisitse gangwe le gape. Bomorwarrago ba ka di bala ka nako nngwe le nngwe e ba e ratang’.
亞伯拉罕說:『他們有摩西和先知的話可以聽從。』
30 “Mme monna wa mohumi a fetola a re, ‘Nnyaa Rre Aberahame ga ba kitla ba itshwenya ka go di bala. Mme fa mongwe a rometswe kwa go bone a tswa mo baswing ke gone ba ka sokologang mo dibeng tsa bone.’
他說:『我祖亞伯拉罕哪,不是的,若有一個從死裏復活的,到他們那裏去的,他們必要悔改。』
31 “Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’”
亞伯拉罕說:『若不聽從摩西和先知的話,就是有一個從死裏復活的,他們也是不聽勸。』」