< Luke 15 >

1 Mme bakgethisi ba ba sa ikanyegeng le baleofi ba ne ba tla gantsi go reetsa dithero tsa ga Jesu, 2 mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone! 3 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: “Fa o na le dinku di le lekgolo mme nngwe ya tsone ya bo e ya le naga, e timela a ga o ka ke wa tlogela tse di masome a ferabongwe le metso e fera bongwe wa latela e e timetseng go fitlhelela o e bona? 4 5 Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo. 6 Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse. 7 “Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela! 8 “Setshwantsho se sengwe ke se: Mosadi o na le diselefera di le lesome tsa madi mme a bo a latlhegelwa ke e le nngwe. A ga a ka ke a tshuba lobone go sekaseka mo dihukung tsa ntlo le go feela mo dikgokgotshwaneng le mo diphatlheng go fitlhelela a e bona. 9 A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae? 10 Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e: 11 “Monna o ne a na le bomorwawe ba le babedi. 12 Ya re yo mmotlana a raya rraagwe a re, ‘Ke batla seabe sa boswa jwa gago gompieno, go na le go letela go fitlhelela o swa!’ Rraagwe a dumela go kgaoganyetsa bomorwawe ba babedi khumo ya gagwe. 13 “E rile morago ga malatsi a se kae morwawe yo mmotlana a phutha dilwana tsa gagwe a etela kwa lefatsheng le le kgakala, koo a feta a senya madi a gagwe mo medirong le mo boakeng. 14 Mme ya re mo lobakeng lo madi a gagwe a neng a fedile ka lone, leuba, le legolo la wela lefatshe, mme a simolola go bolawa ke tlala. 15 A tshwenya morui mongwe wa lefatshe leo gore a mo hire go otla dikolobe tsa gagwe. 16 Mosimane o ne a bolawa ke tlala mo a neng a bona le tsone dijo tsa dikolobe di mo siametse. Mme ga seka ga nna le ope yo o mo nayang sepe. 17 “E rile kwa morago a tlelwa ke tlhaloganyo, a ithaya a re, ‘Kana le bone tota banna ba ba hirilweng kwa gaetsho ba na le dijo tse di lekanyeng, di bo di sala, mme nna fano, ke bolawa ke tlala! 18 Ke tlaa ya gae kwa go rre ke re, “Rra, ke leofetse legodimo le wena.” 19 Mme ga ke tlhole ke tshwanetse go bidiwa morwao. Tswee-tswee mma ke nne modiredi wa gago.’ 20 “Jalo a boela gae kwa go rraagwe. Mme e rile a sa le kgakala, rraagwe a mmona a tla, mme a mo tlhomogela pelo ka lorato a taboga a mo tlamparela a bo a mo atla. 21 “Morwawe a mo raya a re, ‘Rra, ke leofetse legodimo le wena, mme ga ke na tshwanelo ya go bidiwa morwao—’ 22 Mme rraagwe a raya batlhanka a re, ‘Itlhaganeleng! Tlisang seaparo se se ntle mo tlung lo mo apese. Le mhitshana wa botlhokwa go o rwala mo monwaneng wa gagwe le ditlhako. 23 Mme lo bolaye kgongwana e e nonneng e re nang nayo mo sakeng. Re tshwanetse go dira mokete, 24 gonne morwaake yo, o ne a sule mme o rudile. O ne a timetse mme o bonywe!’ Hong modiro wa simologa. 25 “Ka nako eo, morwawe yo mo tona o ne a dira mo tshimong, erile fa a boela gae a utlwa moopelo wa mmino o tswa mo tlung; 26 mme a botsa mongwe wa batlhanka gore go diregang? 27 “A mo raya a re, ‘Monnao o buile mme rrago o bolaile kgongwana e e nonneng o baakantse modiro o mogolo wa go itumelela go boa ga gagwe a sa bolaisega gope’. 28 “Mogolowe a shakgala thata a bo a se ka a tsena mo teng. Rraagwe a tswela kwa ntle a mo rapela, 29 mme a fetola a re, ‘Mo dingwageng tse tsotlhe ke go diretse thata mme ga ke ise nke ke gane go dira sepe se o neng o re ke se dire; mme mo lobakeng loo lotlhe ga o ise o ke o nneye le fa e le potsane go dira modiro le ditsala tsa me. 30 Le fa go ntse jalo ngwana yo wa gago yo o boileng a sena go senya madi mo boakeng, o mo itumeletse ka go mo tlhabela kgongwana e e nonneng e re neng re na nayo mo sakeng’. 31 “Mme rraagwe a mo raya a re, ‘Bona morwaaka yo o rategang, wena le nna re atamalane thata, sengwe le sengwe se ke nang naso ke sa gago. 32 Mme go tshwanetse go dirwa modiro. Gonne ke monnao; yo o neng a sule mme o rudile, yo o neng a timetse mme o bonywe.’”

< Luke 15 >