< Luke 13 >

1 Mme ya re ka lone lobaka lo a itsisiwe fa Pilatwe a bolaile Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa kwa Galalea fa ba ntsha ditlhabelo kwa Tempeleng mo Jerusalema. 2 Mme a ba botsa a re, “A lo akanya gore e ne e le baleofi ba bagolo go feta batho botlhe ba ba tswang Galalea? A ke gone ka fa ba sotlegileng ka gone? 3 Ga go a nna jalo! A ga lo lemoge gore le lona lo tlaa nyelela fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula lwa sokologela mo Modimong? 4 “Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema? 5 Ga go a nna jalo! Mme le lona lo tlaa nyelela fa lo sa ikwatlhae.” 6 Hong a dirisa setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a tlhoma setlhare sa mofeige mo tshimong mme a tla gangwe le gape go tlhola gore a ga a ka ke a bona loungo lope mo go sone, mme o ne a aga a sa fitlhele sepe. 7 Mme ya re kwa bofelong a raya motlhokomedi wa tshimo ya gagwe a re a se reme. A mo raya a re, ‘Ke letile dingwaga di le tharo ga go ise nke go nne le fa e le feige e le nngwe! Ke eng fa o se ngongoregela? se tsere phatlha e re ka bong re e dirisetsa sengwe gape.’ 8 “Mme motlhokomedi wa tshimo a araba a re, ‘Se neye lobaka lo longwe gape. Se lese ngwaga e le nngwe, ke tlaa se tlhokomela ka go se tshela monontshane. 9 Fa re ka bona difeige ngwaga e e tlang go siame, mme fa go sa nne jalo ke tlaa se rema.’” 10 Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng, 11 ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa. 12 Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!” 13 A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo! 14 Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!” 15 Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing. 16 Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?” 17 Mo ga tlhabisa baba ba gagwe ditlhong. Mme batho botlhe ba itumelela tiro e ntle e o e dirileng. 18 Jaanong a simolola go ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo; A ba botsa a re, “Bogosi jwa Modimo bo ka tshwantshiwa le eng? Ke ka bo tshwantsha le eng? 19 Bo tshwana le peo e nnye ya mosetara e e jetsweng mo tshimong; ya akofa ya gola ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa nna mo gare ga dikala tsa sone. 20 Bo tshwana le sebediso se se dubetsweng mo boupeng, se se dirang se sa bonwe go fitlhelela boupe bo gogomoga bo bo bo nna motlhofo.” 21 22 Hong a tsamaya metse le metsana, a ruta fa a ntse a tsamaela kwa Jerusalema. 23 Mongwe a mmotsa a re, “A go tlaa bolokwa ba se kae fela?” Mme a mo fetola a re, 24 “Kgoro e e yang legodimong e tshesane. Lekang thata go tsena mo go yone, gonne boammaaruri ke gore ba le bantsi ba tlaa leka go tsena mme fa mong wa ntlo a setse a tswetse kgoro, nako e tlaa bo e setse e fetile. Mme e tlaa re fa lo eme kwa ntle lo kokota lo re, ‘Morena re bulele,’ o tlaa fetola a re, ‘Ga ke lo itse’. Hong lo tlaa re, 25 26 “Mme re jele le wena ebile o rutile mo mebileng ya rona.” 27 “Mme o tlaa fetola a re, ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse. Ga lo ka ke lwa tla fa lo le molato jaana. Tsamayang.’ 28 “Mme go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno fa lo eme kwa ntle lo bona Aberahame, Isake le Jakobe le baporofiti botlhe mo Bogosing jwa Modimo, 29 gonne batho ba tlaa tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go tla go tsaya manno a bone. 30 Mme tlhokomelang se: Ba ba nyatsegang gompieno ba tlaa tlotlwa thata, ba ba tseetsweng kwa godimo gompieno ba tlaa ngotlafadiwa.” 31 Mme ya re morago ga metsotso e se kae Bafarasai bangwe ba mo raya ba re, “Tloga fano fa o batla go tshela, gonne Kgosi Herode o go tsomile!” 32 Jesu a ba fetola a re, “Tsamayang lo reye phokoje yoo lo re ke tlaa tswelela ke ntshetsa mewa e e maswe ntle, ke dira dikgakgamatso tsa phodiso gompieno le ka moso; mme ka letsatsi la boraro ke tlaa fitlha kwa ke yang teng. 33 Ee, gompieno, ka moso le ka letsatsi le le latelang! Gonne ga go ka ke ga direga gore moporofiti wa Modimo a bolawe ka kwa ntle ga Jerusalema! 34 “Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla. 35 Mme jaanong, ntlo ya gago e tlogetswe e le letlotla. Ga o kitla o mpona gape go fitlhelela o re, ‘A go bakwa yo o tlang mo leineng la Morena.’”

< Luke 13 >