< Luke 12 >

1 Mme ya re ka lobakanya na loo bontsintsi jwa batho jwa ntsifala go fitlhelela ba nna diketekete ba bo ba hereetsega ba gatakana. Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba tlhagisa a re, “Mo godimo ga dilo tsotlhe, lo itlhokomeleng mo Bafarasaing ba, le ka mokgwa o ba ipayang jaaka ba siame mme ba sa siama. Mme boitimokanyi jo bo kana ga bo ka ke jwa fitlhegela ruri.
その間に、おびただしい群衆が、互に踏み合うほどに群がってきたが、イエスはまず弟子たちに語りはじめられた、「パリサイ人のパン種、すなわち彼らの偽善に気をつけなさい。
2 Bo tlaa nna sesupo jaaka sebediso mo boping jo bo dubilweng.
おおいかぶされたもので、現れてこないものはなく、隠れているもので、知られてこないものはない。
3 Sengwe le sengwe se ba se buetseng mo lefifing se tlaa utlwiwa mo pontsheng, le se lo se sebetseng mo matlung a a kwa teng se tlaa anamisiwa mo ditlhoeng tsa matlo gore botlhe ba utlwe!
だから、あなたがたが暗やみで言ったことは、なんでもみな明るみで聞かれ、密室で耳にささやいたことは、屋根の上で言いひろめられるであろう。
4 “Ditsala tse di rategang, lo se ka lwa boifa ba, ba ba batlang go lo bolaya. Ka gore ba ka bolaya mmele fela mme ga ba na nonofo mo meweng ya lona.
そこでわたしの友であるあなたがたに言うが、からだを殺しても、そのあとでそれ以上なにもできない者どもを恐れるな。
5 Mme ke lo bolelela yo lo tshwanetseng go mmoifa, boifang Modimo o o nang le nonofo ya go bolaya le go latlhela mo moleteng. (Geenna g1067)
恐るべき者がだれであるか、教えてあげよう。殺したあとで、更に地獄に投げ込む権威のあるかたを恐れなさい。そうだ、あなたがたに言っておくが、そのかたを恐れなさい。 (Geenna g1067)
6 “Tlhwatlhwa ya dithaga tse tlhano ke bokae? A ke dithebe di se kae e seng go feta moo? Le fa go ntse jalo Modimo ga o lebale le fa e le epe ya tsone.
五羽のすずめは二アサリオンで売られているではないか。しかも、その一羽も神のみまえで忘れられてはいない。
7 Ebile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona! Se boifeng gonne lo botlhokwa thata mo go one go gaisa setlhopha sa dithaga.
その上、あなたがたの頭の毛までも、みな数えられている。恐れることはない。あなたがたは多くのすずめよりも、まさった者である。
8 “Mme ke lo tlhomamisetsa se, ka re: Nna Morwa Motho ke tlaa lo tlotla mo pepeneneng fa pele ga baengele ba Modimo fa lo mpolela jaaka Tsala ya lona mono lefatsheng.
そこで、あなたがたに言う。だれでも人の前でわたしを受けいれる者を、人の子も神の使たちの前で受けいれるであろう。
9 Mme ba ba intatolang mo gare ga batho ke tlaa ba itatola fa pele ga baengele.
しかし、人の前でわたしを拒む者は、神の使たちの前で拒まれるであろう。
10 (Le fa go ntse jalo ba ba buang ka ga me ba ka nna ba itshwarelwa, fa ba ba buang kgatlhanong le Mowa O O Boitshepo ba se kitla ba itshwarelwa).
また、人の子に言い逆らう者はゆるされるであろうが、聖霊をけがす者は、ゆるされることはない。
11 “Mme e re fa lo tlisiwa tshekong fa pele ga babusi ba ba Sejuta le ba ba nang le ditaolo mo matlung a thuto lo se tshwenyege ka se lo tlaa se buang go iphemela,
あなたがたが会堂や役人や高官の前へひっぱられて行った場合には、何をどう弁明しようか、何を言おうかと心配しないがよい。
12 gonne Mowa O O Boitshepo o tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng fa lo ntse lo le foo.”
言うべきことは、聖霊がその時に教えてくださるからである」。
13 Hong mongwe a mo tlhaeletsa mo bontsintsing jwa batho a re, “Morena, tswee-tswee raya mogolole a kgaogane boswa le nna.”
群衆の中のひとりがイエスに言った、「先生、わたしの兄弟に、遺産を分けてくれるようにおっしゃってください」。
14 Mme Jesu a mo fetola a re, “Rra, ke mang yo o ntirileng moatlhodi mo go lona go akanya dilo tse di ntseng jaaka tseo?
彼に言われた、「人よ、だれがわたしをあなたがたの裁判人または分配人に立てたのか」。
15 Itlhokomeleng lo se ka lwa aga lo eletsa dilo tse lo senang natso. Gonne botshelo jwa boammaaruri le go tshela ga boammaaruri ga go a ikaega ka dikhumo tsa rona.”
それから人々にむかって言われた、「あらゆる貪欲に対してよくよく警戒しなさい。たといたくさんの物を持っていても、人のいのちは、持ち物にはよらないのである」。
16 Mme a fa setshwantsho: a re, “Monna wa mohumi o ne a na le tshimo e e mmu o nonneng e e ntshang thobo e ntsi.
そこで一つの譬を語られた、「ある金持の畑が豊作であった。
17 Le fa go ntse jalo difalana tsa gagwe di ne di tletse mo go penologang, o ne a sa kake a kgona go tsenya sengwe le sengwe mo teng. Mme a akanya mathata a gagwe,
そこで彼は心の中で、『どうしようか、わたしの作物をしまっておく所がないのだが』と思いめぐらして
18 ya re kwa bofelong a goa a re, ‘Ke a itse, ke tlaa rutla difalana tsa me ke aga tse di tona! Jaanong ke tlaa nna le polokelo e e lekaneng.
言った、『こうしよう。わたしの倉を取りこわし、もっと大きいのを建てて、そこに穀物や食糧を全部しまい込もう。
19 Mme ke tlaa nna, ke ithaya ke re, “Tsala o na le dithoto tse dintsi tsa dingwaga tse di tlang. Thuba kobo segole! Itumedise botshelo jwa gago ka mofine le basadi o opelelwe.”’
そして自分の魂に言おう。たましいよ、おまえには長年分の食糧がたくさんたくわえてある。さあ安心せよ、食え、飲め、楽しめ』。
20 “Mme Modimo wa mo raya wa re, ‘Seeleele ke wena; bosigo jono o a swa mme dilo tse tsotlhe e tlaa nna tsa ga mang?’
すると神が彼に言われた、『愚かな者よ、あなたの魂は今夜のうちにも取り去られるであろう。そしたら、あなたが用意した物は、だれのものになるのか』。
21 Ee, mongwe le mongwe ke seeleele yo o amogelang dikhumo mo lefatsheng e seng kwa legodimong.”
自分のために宝を積んで神に対して富まない者は、これと同じである」。
22 Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Se tshwenyegeng ka gore a lo na le dijo tse dintsi go ja kgotsa diaparo go apara.
それから弟子たちに言われた、「それだから、あなたがたに言っておく。何を食べようかと、命のことで思いわずらい、何を着ようかとからだのことで思いわずらうな。
23 Gonne botshelo bo gaisa dijo le diaparo.
命は食物にまさり、からだは着物にまさっている。
24 Lebelelang magakabe, ga a leme, ga a robe, ga a na difalana go boloka dijo tsa one, mme le fa go ntse jalo a tshela sentle fela gonne Modimo o a a otla. Mme lo tlhwatlhwa kgolo mo go one go gaisa dinonyane!
からすのことを考えて見よ。まくことも、刈ることもせず、また、納屋もなく倉もない。それだのに、神は彼らを養っていて下さる。あなたがたは鳥よりも、はるかにすぐれているではないか。
25 “Jaanong mo godimo ga mo, go thusang gore lo tshwenyege? Go lo thusa ka eng? A go ka lo okeletsa botshelo ka letsatsi le le lengwe fela? Nnyaa!
あなたがたのうち、だれが思いわずらったからとて、自分の寿命をわずかでも延ばすことができようか。
26 Mme fa tlhobaelo e se ka ke ya dira selo se sennye jaaka seo, go thusang go tlhobaelela dilo tse di tona?
そんな小さな事さえできないのに、どうしてほかのことを思いわずらうのか。
27 “Lebelelang dithunya: Ga di dire ebile ga di otlhe tlhale mme le fa go ntse jalo Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa apare sentle jaaka tsone.
野の花のことを考えて見るがよい。紡ぎもせず、織りもしない。しかし、あなたがたに言うが、栄華をきわめた時のソロモンでさえ、この花の一つほどにも着飾ってはいなかった。
28 Mme fa Modimo o apesa dithunya tse di leng fano gompieno e re ka moso di bo di seyo, a ga lo gopole gore o tlaa lo apesa babelaedi ke lona!
きょうは野にあって、あすは炉に投げ入れられる草でさえ、神はこのように装って下さるのなら、あなたがたに、それ以上よくしてくださらないはずがあろうか。ああ、信仰の薄い者たちよ。
29 Le gone lo se ka lwa tshwenyega ka ga dijo, se se jewang le se se nowang; se tshwenyegeng gotlhelele gonne Modimo o tlaa di lo naya.
あなたがたも、何を食べ、何を飲もうかと、あくせくするな、また気を使うな。
30 “Batho botlhe ba itapisa ka senkgwe sa letsatsi le letsatsi, mme Rraeno yo o kwa legodimong o itse go tlhoka ga lona.
これらのものは皆、この世の異邦人が切に求めているものである。あなたがたの父は、これらのものがあなたがたに必要であることを、ご存じである。
31 O tlaa aga a lo naya tsotlhe tse lo di tlhokang letsatsi le letsatsi fa lo tlhoafaletse Bogosi jwa Modimo.
ただ、御国を求めなさい。そうすれば、これらのものは添えて与えられるであろう。
32 “Jalo se boifeng, lona motlhape o monnye gonne go naya Rraeno boitumelo jo bogolo go lo naya Bogosi.
恐れるな、小さい群れよ。御国を下さることは、あなたがたの父のみこころなのである。
33 Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang.
自分の持ち物を売って、施しなさい。自分のために古びることのない財布をつくり、盗人も近寄らず、虫も食い破らない天に、尽きることのない宝をたくわえなさい。
34 Gongwe le gongwe kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le dikakanyo tsa gago di tlaa nna teng.
あなたがたの宝のある所には、心もあるからである。
35 “Nnang lo ipaakantse, lo apere lo iketleeleditse,
腰に帯をしめ、あかりをともしていなさい。
36 go boa ga Morena wa lona kwa modirong wa lonyalo. Hong lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go mmulela kgoro gore a tsene ka nako e o gorogang ka yone a kokota.
主人が婚宴から帰ってきて戸をたたくとき、すぐあけてあげようと待っている人のようにしていなさい。
37 Go tlaa nna boitumelo jo bogolo mo go ba ba ipaakantseng ba bile ba letile go boa ga gagwe. Ene ka boene o tlaa ba amogela a ba naya bonno a ba a apara seaparo sa baabi ba dijo go ba heha.
主人が帰ってきたとき、目を覚しているのを見られる僕たちは、さいわいである。よく言っておく。主人が帯をしめて僕たちを食卓につかせ、進み寄って給仕をしてくれるであろう。
38 “O ka nna a tla ka nako ya boroba bongwe bosigo, kgotsa bosigo gare. Mme e tlaa re mogang a tlang, go tlaa nna boitumelo mo batlhankeng ba gagwe ba ba ipaakantseng!
主人が夜中ごろ、あるいは夜明けごろに帰ってきても、そうしているのを見られるなら、その人たちはさいわいである。
39 “Mongwe le mongwe o ne a tlaa mo ipaakanyetsa fa ba ne ba itsile nako tota ya go boa ga gagwe, fela jaaka ba ne ba ka ipaakanyetsa legodu fa ba itsile fa le tlaa tla.
このことを、わきまえているがよい。家の主人は、盗賊がいつごろ来るかわかっているなら、自分の家に押し入らせはしないであろう。
40 Jalo ipaakanyeng ka nako tsotlhe. Gonne Nna Morwa Motho, ke tlaa tla go sa solofela ope.”
あなたがたも用意していなさい。思いがけない時に人の子が来るからである」。
41 Petere a botsa a re, “Morena a o bua le rona fela kgotsa le mongwe le mongwe?”
するとペテロが言った、「主よ、この譬を話しておられるのはわたしたちのためなのですか。それとも、みんなの者のためなのですか」。
42 Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.
そこで主が言われた、「主人が、召使たちの上に立てて、時に応じて定めの食事をそなえさせる忠実な思慮深い家令は、いったいだれであろう。
主人が帰ってきたとき、そのようにつとめているのを見られる僕は、さいわいである。
よく言っておくが、主人はその僕を立てて自分の全財産を管理させるであろう。
45 “Mme fa motho a simolola go akanya gore, ‘Morena wa me ga a nke a tla o diegile,’ hong a simolole go itaya banna le basadi ba o tshwanetseng go ba sireletsa, le go senya nako ya gagwe mo medirong ya dino le botagwa,
しかし、もしその僕が、主人の帰りがおそいと心の中で思い、男女の召使たちを打ちたたき、そして食べたり、飲んだりして酔いはじめるならば、
46 Mme mong wa gagwe o tlaa boa kwa ntle ga kitsiso epe mme a mo ntshe mo maemong a gagwe a go tshephega a mo neye bonno jwa ba ba sa ikanyegeng.
その僕の主人は思いがけない日、気がつかない時に帰って来るであろう。そして、彼を厳罰に処して、不忠実なものたちと同じ目にあわせるであろう。
47 O tlaa otlhaiwa mo go botlhoko, gonne le fa a ne a itse tiro ya gagwe o ganne go e dira.
主人のこころを知っていながら、それに従って用意もせず勤めもしなかった僕は、多くむち打たれるであろう。
48 “Mme le fa e le mang yo o sa itseng gore o dira phoso o tlaa otlhaiwa fela go le gonnye. Mo go tona go batlwa mo go ba ba neilweng mo go tona, gonne boikarabelo jwa bone bo bo tona.
しかし、知らずに打たれるようなことをした者は、打たれ方が少ないだろう。多く与えられた者からは多く求められ、多く任せられた者からは更に多く要求されるのである。
49 “Ke tsile go lere molelo mo lefatshing, mme ruri, ke eletsa jang gore ekete tiro ya me e ka bo e setse e fedile!
わたしは、火を地上に投じるためにきたのだ。火がすでに燃えていたならと、わたしはどんなに願っていることか。
50 Go na le kolobetso e e maswe kwa pele ga me, mme ke pitlagane thata go tsamaya e diragala!
しかし、わたしには受けねばならないバプテスマがある。そして、それを受けてしまうまでは、わたしはどんなにか苦しい思いをすることであろう。
51 “A lo gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng? Nnyaa! Ke lerile ntwa le kgaogano fela.
あなたがたは、わたしが平和をこの地上にもたらすためにきたと思っているのか。あなたがたに言っておく。そうではない。むしろ分裂である。
52 Go tloga fano malwapa a tlaa kgaogana ka bogare, ba bararo ba eme le nna, ba babedi ba nne kgatlhanong le nna, kgotsa go nne ka mokgwa o sele.
というのは、今から後は、一家の内で五人が相分れて、三人はふたりに、ふたりは三人に対立し、
53 “Rrabana o tlaa ntsha maikutlo a sele ka ga me; morwawe le ene a ntshe a sele; mmangwana le morwadie ba tlaa tlhoka kutlwisisanyo, mogopolo wa matsalaa motho yo o tlotlegang o tlaa nyadiwa ke ngwetsi ya gagwe.”
また父は子に、子は父に、母は娘に、娘は母に、しゅうとめは嫁に、嫁はしゅうとめに、対立するであろう」。
54 Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Fa lo bona maru a simolola go ipopa kwa bophirima, lwa re, ‘Pula e e tla’, mme lo bo lo bolelela ruri.
イエスはまた群衆に対しても言われた、「あなたがたは、雲が西に起るのを見るとすぐ、にわか雨がやって来る、と言う。果してそのとおりになる。
55 “Fa phefo ya borwa e foka lo re, ‘Gompieno go tlaa nna mogote’. Mme ruri go nne jalo.
それから南風が吹くと、暑つくなるだろう、と言う。果してそのとおりになる。
56 Baitimokanyi! lo lemoga loapi sentle thata, mme lo gana go lemoga ditlhagiso tse di lo dikaganyeditseng kaga dipaka tse di diphatsa tse di tlang.
偽善者よ、あなたがたは天地の模様を見分けることを知りながら、どうして今の時代を見分けることができないのか。
57 Ke eng fa lo gana go iponela se se siameng?
また、あなたがたは、なぜ正しいことを自分で判断しないのか。
58 “Fa o kopana le moganetsi wa gago mo tseleng a isa kgang ya lona kgotleng, leka go letlana nae pele ga kgang e tsena kwa moatlhoding, e se re gongwe a go isa kwa kgolegelong;
たとえば、あなたを訴える人と一緒に役人のところへ行くときには、途中でその人と和解するように努めるがよい。そうしないと、その人はあなたを裁判官のところへひっぱって行き、裁判官はあなたを獄吏に引き渡し、獄吏はあなたを獄に投げ込むであろう。
59 gonne fa seo se diragala ga o kitla o gololesega gape go fitlhelela thebe ya bofelo e duelwa yotlhe”.
わたしは言って置く、最後の一レプタまでも支払ってしまうまでは、決してそこから出て来ることはできない」。

< Luke 12 >