< Luke 11 >

1 Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.”
Ein gong var han ein stad og bad; då han heldt upp, sagde ein av læresveinarne til honom: «Herre, lær oss å beda! Det lærde Johannes og sveinarne sine.»
2 Mme e ke yone thapelo e a neng a e ba ruta: “Rara leina la gago le tlotlelwe boitshepo jwa lone; Romela Bogosi jwa gago ka pele.
Han svara: «Når de bed, skal de segja: Fader vår, du som er i himmelen! Lat namnet ditt helgast; lat riket ditt koma; lat viljen din råda på jordi so som i himmelen;
3 Re fe dijo letsatsi le letsatsi.
gjev oss kvar dag vårt daglege brød;
4 Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.”
og forlat oss våre synder, for me og forlet kvar den som er oss skuldig; og før oss ikkje ut i freisting; men frels oss frå det vonde.»
5 Hong ya re a ba ruta thata ka ga thapelo, a dirisa setshwantsho se a re: “A ke re o etetse tsala ya gago bosigogare o batla go adima dinkgwe di le tharo. Otlaa mo tlhaeletsa o re, ‘Tsala ya me e nketetse e e tswang kgakala mme ga ke na sepe se e ka se jang!’
So sagde han til deim: «Um nokon av dykk hev ein ven, og gjeng til han midt på natti og segjer: «Kjære, lån meg tri brødleivar!
6
for ein ven hev kome innum meg på ei ferd, og eg hev’kje noko å setja fram åt honom -
7 O tlaa fetola a le ka fa ntlwaneng ya borobalo a re, ‘Tswee-tswee se ntsose. Ga ke ka ke ka go thusa ka nako e!’
skulde so han der inne svara: «Gjer meg ikkje slikt bry! Døri er longe stengd, og småborni mine er i seng med meg; eg kann ikkje standa upp og gjeva deg det?»
8 “Mme ke tlaa go bolelela se, le fa a sa go direla jaaka tsala, fa o tswelela o kokota o tlaa tsoga a go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka ntlha ya bobelotelele jwa gago.
Eg segjer dykk: Um han ikkje stend upp og gjev honom det for di det er hans ven, so ris han upp og gjev honom alt han treng for di han er so tråsøkjen.
9 Mme go ntse fela jalo mo thapelong, tswelelang lo lope lo tlaa newa, batlang lo tlaa bona, kokotang lo tlaa bulelwa.
Og eg segjer dykk: Bed, so skal de få! Leita, so skal de finna! Banka på, so skal det verta upplate for dykk!
10 Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang.
For kvar den som bed, han fær, og den som leitar, han finn, og den som bankar på, vert det upplate for.
11 “Mme lona bo rra-bana, fa ngwana wa gago wa mosimane a go kopa senkgwe, a o ka mo naya lentswe? Fa a kopa tlhapi a o ka mo naya noga?
Finst det nokon far ibland dykk som vilde gjeva son sin ein stein når han bad um brød, eller når han bad um fisk, vilde gjeva honom ein orm i staden for ein fisk,
12 Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!]
eller når han bad um eit egg, vilde gjeva honom ein skorpion?
13 “Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?”
Når då de som er vonde, veit å gjeva borni dykkar gode gåvor, kor mykje meir vil so’kje Faderen frå himmelen gjeva den Heilage Ande åt deim som bed honom?»
14 Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga,
Ein gong dreiv han ut ei vond ånd, som var mållaus, og då åndi var utfari, tala den mållause. Folket undra seg,
15 mme bangwe ba re, “Ga go hakgamatse fa a kgoromeletsa mewa e e maswe ntle. O tsaya nonofo ya gagwe mo go Satane, Kgosi ya mewa e e maswe!”
men sume av deim sagde: Det er Be’elsebul, djevelhovdingen, som hjelper honom til å driva ut djevlar.»
16 Bangwe ba kopa gore a dire sesupo sengwe mo loaping go supa go ipitsa ga gagwe a re ke Mesia.
Andre vilde freista honom, og bad honom syna deim eit teikn frå himmelen.
17 Mme ka a ne a itsile dikakanyo tsa mongwe le mongwe wa bone a re, “Bogosi bongwe le bongwe jo bo itwantshang bo a senyega; le lolwapa lo lo tletseng kganetsanyo le ntwa lo ntse fela jalo.
Men Jesus visste kva dei hadde i tankar, og sagde til deim: «Eit rike som ligg i strid med seg sjølv, kjem snart til å øydast, og eitt hus dett yver hitt.
18 Hong fa se lo se buang e le boammaaruri, gore Satane o a itwantsha ka go nnonotsha go kgoromeletsa mewa ya gagwe e e maswe ntle, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang?
Er no Satan og komen i strid med seg sjølv, korleis kann då riket hans standa? - sidan de segjer at det er Be’elsebul som hjelper meg til å driva ut djevlar!
19 Mme fa ke newa nonofo ke Satane, balatedi ba lona bone? Gonne ba kgoromeletsa mewa e e maswe ntle! A lo gopola gore mo go supa gore ba tsenywe ke Satane? Ba botseng fa e le gore lo bolelela ruri!
Og hjelper Be’elsebul meg til å driva ut djevlar, kven fær då dykkar eigne folk hjelp av til å driva deim ut? Difor skal dei vera domarane dykkar.
20 Mme fa ke kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka ntlha ya nonofo e e tswang mo Modimong, go supa gore Bogosi jwa Modimo bo tsile.
Men er det med Guds finger eg driv djevlarne ut, so er då Guds rike kome til dykk.
21 “Gonne fa Satane a le thata a bile a tshotse dibolao, a tlhokomela ntlo ya gagwe ya segosi, e bolokesegile.
Når ei kjempa væpna vaktar sin gard, fær han hava alt sitt i fred;
22 Go fitlhelela mongwe yo o nonofileng a bile a tshotse dibolao tse di botoka a tla a mo fenya a bo a gapa dibolao tsa gagwe le dilwana tsa gagwe.
men kjem det ein sterkare og vinn yver honom, so tek han våpni hans, som han sette si lit til, og skifter ut alt han drog av honom.
23 “Mongwe le mongwe yo e seng wa me o kgatlhanong le nna; fa a sa nthuse, o a ntlhokofatsa.
Den som ikkje er med meg, er imot meg, og den som ikkje sankar med meg, han spreider.
24 “E ya re fa mowa o o maswe o dule mo mothong o ye kwa dikakeng o batla boikhutso; mme e re o sa bo bone o boele kwa go yo o neng o tswa mo go ene,
Når den ureine åndi fer ut or eit menneskje, flakkar ho gjenom vatslause vidder og leitar etter ein kvilestad, og når ho ingen kvilestad finn, segjer ho: «Eg vil fara attende til huset mitt, som eg flutte ifrå.»
25 mme o fitlhele lolwapa lwa one lwa gale lo feetswe lo le phepa.
Når ho so kjem dit, finn ho huset feia og fjelga.
26 Hong ‘o’ tsamaye, ‘o’ ye go tlisa mewa e mengwe e e maswe e le supa e e bosula go na le one, mme yotlhe e tsene mo mothung yoo. Hong motho wa mogolo a bife go gaisa jaaka a ne a ntse pele.”
Då fer ho av stad og tek med seg sju andre ånder, som er argare enn ho er sjølv, og dei gjeng inn og vert buande der, og hev det vore ille med det menneskjet fyrr, so vert det endå verre sidan.»
27 Mme ya re a ntse a bua mosadi mongwe mo bontsintsing jwa batho a mo tlhaeletsa a re, “A Modimo o segofatse mmago, le sebopelo se o duleng mo go sone, le mabele a o a amuleng.”
Medan han tala soleis, var det ei kvinna bland folket som sette i og ropa: «Sælt det livet som bar deg, og det brjostet du saug!»
28 Hong a mo fetola a re, “E, mme bogolo go sego botlhe ba ba utlwang Lefoko la Modimo ba le dirisa.”
Då sagde han: «Sæle er heller dei som høyrer Guds ord og tek vare på det!»
29 Ya re bontsi jwa batho bo ntse bo ikgotlhaganyetsa mo go ene, a ba rerela thero e, a re: “Dipaka tseno ke tse di bosula, tsa batho ba ba bosula. Ba tswelela ka go kopa tiragalo e e sa tlwaelesegang mo loaping [gore ke supe gore ke Mesia], mme kgakgamalo e ke tlaa ba e nayang fela ke ele ya ga Jona, yo dikai tsa gagwe di neng tsa supegetsa batho ba Ninefe gore o rometswe ke Modimo. Sekai sa me se se tshwanang le sone se tlaa supegetsa batho ba gore ke romilwe ke Modimo.
Som no folket flokka seg kring honom, tok han til ords og sagde: «Denne ætti er ei vond ætt; dei krev etter teikn, men dei skal’kje få anna teikn enn Jona-teiknet.
For liksom Jona vart eit teikn for Nineve-folket, soleis skal og Menneskjesonen vera det for denne ætti.
31 “Mme ka Letsatsi la Katlholo Mohumagadi wa Sheba o tlaa tsoga mme a supe morafe o ka monwana, a o sekise gonne o tsamaile loeto lo lo leele go tla go reetsa botlhale jwa ga Solomone; mme fano go yo mogolo thata go gaisa Solomone [mme o reediwa ke ba se kae fela].
Sudlands-dronningi skal standa fram for domen i hop med mennerne av denne ætti og fordøma deim. For ho kom frå verdsens ende og vilde høyra Salomos visdom, og her er meir enn Salomo.
32 “Batho ba Ninefe le bone ba tlaa tsoga ba sekisa sechaba se, gonne ba sokologile ka lobaka lwa thero ya ga Jona, mme yo mogola go gaisa Jona o fano. [Mme sechaba se ga se mo reetse].
Nineve-mennerne skal møta for domen i hop med denne ætti og fordøma deim; for dei vende um då Jona tala for deim, og her er meir enn Jona.
33 “Ga go ope yo o tshubang lobone a tswe a lo fitlhe! eseng jalo, o lo baya mo setlhomong go bonesetsa botlhe ba ba tsenang mo tlung.
Den som kveikjer eit ljos, set det ikkje i kjellaren eller under skjeppa, men i staken, so dei som kjem inn, kann sjå ljosken.
34 Matlho a gago a bonesa bokafateng jwa gago. Leitlho le le nang le keletso e e bosula le fifatsa lesedi mme le go latlhela mo lefifing.
Ljoset i likamen, det er auga ditt; når ditt auga er klårt, so er heile din likam og ljos; men er det dimt, so er likamen og myrk.
35 Jalo tlhokomela gore lesedi la gago le se ka la fifala.
Sjå då til at ikkje ljoset inni deg er myrker!
36 Fa go tletse lesedi mo go wena, go se na dintlha dipe tsa lefifi, hong bontle jwa gago le jone bo tlaa phatsima jaaka ekete lesedi le go phatsimela ka marang a lone.”
Er so heile likamen ljos, og ingen lut av honom myrk, då vert han upplyst all igjenom, som når ljoset skin på deg med sine strålar.»
37 Ya re a ntse a bua, mongwe wa Bafarasai a mo kopa go ya go ja kwa lwapeng lwa gagwe. Mme ya re a goroga a nna fa fatshe a ja kwa ntle ga go dirisa mokgwa wa Sejuta wa go tlhapa diatla pele ga a ja. Mme mo ga gakgamatsa yo o neng a mo laleditse.
Då han hadde tala ut, bad ein farisæar honom eta dagverd hjå seg. So gjekk han inn der og sette seg til bords.
Men farisæaren vart forundra då han såg at han ikkje tvo seg fyrst fyre målet.
39 Mme Jesu a mo raya a re, “Lona Bafarasai lo tlhatswa bokafa ntle, mme mo teng lo sa le leswe, go tletse bobelotshetlha le bosula!
Då sagde Herren til honom: «Ja, de farisæarar, de reinskar skåler og fat utvendes, men innvendes er de fulle av ran og vondskap.
40 Dieleele ke lona! A Modimo ga oa ka wa dira bokafateng le bokafantle?
Dårar! Han som gjorde det som er utvendes, gjorde han’kje det som er innvendes og?
41 Bophepa bo supa bopelontle.
Men gjer ei sælebotsgåva av det som inni er; då skal de sjå at alt er reint for dykk!
42 “Mme a bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne le fa lo tlhokomela go ntsha di tsa bosome tsa mo go nnye mo lo go amogetseng, lo lebala gotlhelele kaga tshiamo le lorato lwa Modimo. Lo tshwanetse go kgetha, ee, lo tshwanetse go ntsha ditsa bosome, mme ga lo a tshwanela go tlogela tse dingwe tse di sa dirwa.
Men ve yver dykk farisæarar! De gjev tiend av mynta og ruta og allslags urter, men legg ikkje vinn på rettferd og gudselsk! Det skulde ein gjera og ikkje lata vera hitt heller.
43 “A bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne lo rata manno a tlotlego mo disenagogeng le go dumedisiwa ka maitseo ke mongwe le mongwe fa lo tsamaya mo marekelong!
Ve yver dykk farisæarar! De trår etter å sitja fremst i synagogorne, og vil at folk skal helsa dykk på torgi!
44 Ee, katlholo e e boitshegang e lo letile. Gonne lo tshwana le mabitla a a fitlhilweng mo nageng. Batho ba feta ka lona ba sena kitso ya gore lo batho ba ba kgopo jang.”
Ve yver dykk! De er som ukjennelege graver, folk gjeng på deim og veit ikkje av det!»
45 Mme moitseanape wa tumelo yo o neng a eme foo a re, “Morena, o tlhapaditse le yone tiro ya me ka se o ntseng o se bua.”
Då tok ein av dei lovkunnige til ords og sagde: «Meister, når du segjer slikt, gjeng du oss og for nær!»
46 Mme Jesu a re, “Ee, bogale jo bo ntseng jalo bolo emetse! Gonne lo gatelela batho mo ditaolong tsa tumelo tse di se ka keng tsa kgonega, tse le lona ka bo lona lo se ka keng lwa leka go di tshegetsa.
Jesus svara: «Ve yver dykk lovkunnige og! De lesser svære byrer på folk, og sjølve rører de’kje byrderne med ein einaste finger.
47 A bo go latlhega lona! Gonne lo tshwana fela le bagolwane ba lona ba ba bolaileng baporofiti bogologolo.
Ve yver dykk! De byggjer minnesmerke yver profetarne, og det var federne dykkar som slo deim i hel.
48 Babolai ke lona! Lo dumalana le bo rraalona gore se ba neng ba se dira se ne se siame, lo ka bo lo dirile jalo le lona.
So vitnar de då um det som federne dykkar gjorde, og samtykkjer det; for dei slo profetarne i hel, og de byggjer!
49 “Mme se ke se Modimo o se buang kaga lona: ‘Ke tlaa romela baporofiti le baapostoloi kwa go lona, mme lo tlaa bolaya bangwe ba bone lo bo lo leleke ba bangwe’.
Difor sagde og Guds visdom: Eg vil senda profetar og apostlar til deim, og sume av deim skal dei slå i hel, og sume skal dei forfylgja,
50 “Mme lona ba dipaka tseno lo tlaa arabela polao ya batlhanka ba Modimo go tswa tshimologong ya lefatshe,
so alt profetblod som hev runne frå verdi vart grunnlagd, skal hemnast på denne ætti,
51 go tswa polaong ya ga Abele go tsena ka ya ga Sakarea yo o swetseng fa gare ga aletara le felo fa go boitshepo. Ee, ruri e tlaa lopiwa mo go lona.
frå Abels blod til Zakarjas’ blod, han som let livet millom altaret og gudshuset. Ja, segjer eg dykk, det skal hemnast på denne ætti.
52 “A bo go latlhega lona baitseanape ba tuelo! Gonne lo fitlhela batho boammaaruri. Ga lo bo ikamogelele, mme lo kganela ba bangwe go nna le nako ya go bo dumela.”
Ve yver dykk lovkunnige! De hev teke burt kunnskapslykelen! Sjølve gjekk de ikkje inn, og dei som vilde inn, fekk de hindra.»
53 Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone.
Då han gjekk ut att, tok dei skriftlærde og farisæarane til å verta fælt nærsøkne og frega honom um mangt og mykje,
alt med dei lurde på honom og vilde få tak i eitkvart ordet frå hans munn.

< Luke 11 >