< Luke 10 >

1 Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela. 2 Mme ditaelo tse a neng a di ba naya ke tse: “Rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri ba bangwe go tla go lo thusa. 3 Tsamayang jaanong, mme lo gakologelwe gore ke lo roma jaaka dikonyana mo gare ga diphiri. 4 Lo se ka lwa tsaya madi, kgotsa kgetsana, kgotsa le fa e le dilwana tse dingwe le gone lo se ka lwa senya nako mo tseleng. 5 “Mme e ne e re fa lo tsena mo lolwapeng, lo lo segofatsa. 6 Fa lo tshwanelwa ke tshegofatso, tshegofatso e tlaa nna mo go lone; fa e sa lo tshwanele; tshegofatso e tlaa boela mo go lona. 7 “Mme e re fa lo tsena mo motseng, 8 Fa lo amogelesega mo motseng lo se ka lwa tlhatlologanya malwapa, lo nne mo lefelong le le lengwe, lo o ja lo o nwa se lo tlaa bong lo se newa kwa ntle ga potso epe. Mme lo se ka lwa etsaetsega ka go amogelesega mo motseng, fa lo amogelesega mo motsing, lo latele ditaolo tse pedi tse: jang sengwe le sengwe se lo se fiwang. Fodisang balwetse; mme e re fa lo ba fodisa lo ba reyeng lo re ‘Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.’ 9 10 “Mme fa batho ba motse ba lo gana, tsamayang le mebila ya one lo re, 11 ‘Re tlhotlhora lorole lwa motse wa lona mo dinaong tsa rona elekanamiso ya lona mo pontsheng. Lo se lebale gore lo ne lo le gaufi jang le Bogosi jwa Modimo!’ 12 “Le Sodoma tota yo o bosula o tlaa nna botoka go na le motse oo ka letsatsi la katlholo. 13 A bo go latlhega lona, metse ya Korasina le Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di lo diretseng di ka bo di dirilwe mo metseng ya Ture le Sidona, batho ba yone ba ka bo ba sa bolo go sokologa bogologolo, ba apere letsela la kgetse ba bile ba latlhetse melora mo ditlhogong tsa bone go supa kutlobotlhoko ya dipelo tsa bone. 14 Ee, Ture le Sidona ba tlaa reng kaga lona? A lo tlaa golelediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tlaa folosediwa kwa moleteng.” 15 Mme lona batho ba Kaperenama, ke tla reng kaga lona? A lo tla galalediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tla folosediwa kwa moleteng. (Hadēs g86) 16 Mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Ba ba lo amogelang ba amogela nna. Mme ba ba lo ganang ba gana nna. Le ba ba nkganang ba gana Modimo o o nthomileng.” 17 Mme e rile barutwa ba gagwe ba ba masome a supa ba boa, ba mmolelela ka boitumelo ba re, “Le mewa e e maswe tota e a re utlwa fa re dirisa leina la gago.” 18 Mme Jesu a ba raya a re, “Ee, ke bone Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima! 19 Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko! 20 Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo.” 21 Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng. 22 Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.” 23 Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba sebetsa a re, “Lo lesego jang go bona dilo tse lo di boneng. 24 Baporofiti ba le bantsi le dikgosi tsa bogologolo ba ne ba eletsa malatsi ano, go bona le go utlwa se lo se boneng le se lo se utlwileng!” 25 Ka letsatsi lengwe moitseanape wa melao ya ga Moshe a tla go leka tumelo ya ga Jesu ka go mmotsa potso e: “Moruti, motho o tshwanelwa ke go dira eng gore a nnele ruri mo legodimong?” (aiōnios g166) 26 Mme Jesu a fetola a re, “Molao wa ga Moshe wa reng ka ga gone?” 27 Mme moitseanape a fetola a re, wa re, “O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata.” 28 Jesu a mo raya a re, “Go siame, dira sone se mme o tlaa tshela!” 29 Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, “Bangwe ka nna ba fe?” 30 Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, “Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo. 31 Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela. 32 Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela. 33 “Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata. 34 A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng. 35 Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’ 36 “Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?” 37 Monna a fetola a re, “Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo.” Mme Jesu are, “Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo.” 38 Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe. 39 Monnawe Marea a nna fa fatshe, a reeditse Jesu fa a bua. 40 Mme Morena a mo raya a re, Maratha, tsala ee rategang, o ngongorega thata mo dilong tse tsotlhe. 41 Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe. 42 Go na le selo se le sengwe fela se o tshwanetseng go amega mo go sone, Marea o se bone, mme ga nke ke se tsaya mo go ene!”

< Luke 10 >