< Luke 10 >

1 Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela.
μετα δε ταυτα ανεδειξεν ο κυριος και ετερους εβδομηκοντα και απεστειλεν αυτους ανα δυο προ προσωπου αυτου εις πασαν πολιν και τοπον ου εμελλεν αυτος ερχεσθαι
2 Mme ditaelo tse a neng a di ba naya ke tse: “Rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri ba bangwe go tla go lo thusa.
ελεγεν ουν προς αυτους ο μεν θερισμος πολυς οι δε εργαται ολιγοι δεηθητε ουν του κυριου του θερισμου οπως εκβαλλη εργατας εις τον θερισμον αυτου
3 Tsamayang jaanong, mme lo gakologelwe gore ke lo roma jaaka dikonyana mo gare ga diphiri.
υπαγετε ιδου εγω αποστελλω υμας ως αρνας εν μεσω λυκων
4 Lo se ka lwa tsaya madi, kgotsa kgetsana, kgotsa le fa e le dilwana tse dingwe le gone lo se ka lwa senya nako mo tseleng.
μη βασταζετε βαλαντιον μη πηραν μηδε υποδηματα και μηδενα κατα την οδον ασπασησθε
5 “Mme e ne e re fa lo tsena mo lolwapeng, lo lo segofatsa.
εις ην δ αν οικιαν εισερχησθε πρωτον λεγετε ειρηνη τω οικω τουτω
6 Fa lo tshwanelwa ke tshegofatso, tshegofatso e tlaa nna mo go lone; fa e sa lo tshwanele; tshegofatso e tlaa boela mo go lona.
και εαν μεν η εκει {VAR2: ο } υιος ειρηνης επαναπαυσεται επ αυτον η ειρηνη υμων ει δε μηγε εφ υμας ανακαμψει
7 “Mme e re fa lo tsena mo motseng,
εν αυτη δε τη οικια μενετε εσθιοντες και πινοντες τα παρ αυτων αξιος γαρ ο εργατης του μισθου αυτου εστιν μη μεταβαινετε εξ οικιας εις οικιαν
8 Fa lo amogelesega mo motseng lo se ka lwa tlhatlologanya malwapa, lo nne mo lefelong le le lengwe, lo o ja lo o nwa se lo tlaa bong lo se newa kwa ntle ga potso epe. Mme lo se ka lwa etsaetsega ka go amogelesega mo motseng, fa lo amogelesega mo motsing, lo latele ditaolo tse pedi tse: jang sengwe le sengwe se lo se fiwang. Fodisang balwetse; mme e re fa lo ba fodisa lo ba reyeng lo re ‘Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.’
και εις ην δ αν πολιν εισερχησθε και δεχωνται υμας εσθιετε τα παρατιθεμενα υμιν
9
και θεραπευετε τους εν αυτη ασθενεις και λεγετε αυτοις ηγγικεν εφ υμας η βασιλεια του θεου
10 “Mme fa batho ba motse ba lo gana, tsamayang le mebila ya one lo re,
εις ην δ αν πολιν εισερχησθε και μη δεχωνται υμας εξελθοντες εις τας πλατειας αυτης ειπατε
11 ‘Re tlhotlhora lorole lwa motse wa lona mo dinaong tsa rona elekanamiso ya lona mo pontsheng. Lo se lebale gore lo ne lo le gaufi jang le Bogosi jwa Modimo!’
και τον κονιορτον τον κολληθεντα ημιν εκ της πολεως υμων απομασσομεθα υμιν πλην τουτο γινωσκετε οτι ηγγικεν εφ υμας η βασιλεια του θεου
12 “Le Sodoma tota yo o bosula o tlaa nna botoka go na le motse oo ka letsatsi la katlholo.
λεγω δε υμιν οτι σοδομοις εν τη ημερα εκεινη ανεκτοτερον εσται η τη πολει εκεινη
13 A bo go latlhega lona, metse ya Korasina le Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di lo diretseng di ka bo di dirilwe mo metseng ya Ture le Sidona, batho ba yone ba ka bo ba sa bolo go sokologa bogologolo, ba apere letsela la kgetse ba bile ba latlhetse melora mo ditlhogong tsa bone go supa kutlobotlhoko ya dipelo tsa bone.
ουαι σοι χωραζιν ουαι σοι βηθσαιδα οτι ει εν τυρω και σιδωνι εγενοντο αι δυναμεις αι γενομεναι εν υμιν παλαι αν εν σακκω και σποδω καθημεναι μετενοησαν
14 Ee, Ture le Sidona ba tlaa reng kaga lona? A lo tlaa golelediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tlaa folosediwa kwa moleteng.”
πλην τυρω και σιδωνι ανεκτοτερον εσται εν τη κρισει η υμιν
15 Mme lona batho ba Kaperenama, ke tla reng kaga lona? A lo tla galalediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tla folosediwa kwa moleteng. (Hadēs g86)
και συ καπερναουμ η εως του ουρανου υψωθεισα εως αδου καταβιβασθηση (Hadēs g86)
16 Mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Ba ba lo amogelang ba amogela nna. Mme ba ba lo ganang ba gana nna. Le ba ba nkganang ba gana Modimo o o nthomileng.”
ο ακουων υμων εμου ακουει και ο αθετων υμας εμε αθετει ο δε εμε αθετων αθετει τον αποστειλαντα με
17 Mme e rile barutwa ba gagwe ba ba masome a supa ba boa, ba mmolelela ka boitumelo ba re, “Le mewa e e maswe tota e a re utlwa fa re dirisa leina la gago.”
υπεστρεψαν δε οι εβδομηκοντα μετα χαρας λεγοντες κυριε και τα δαιμονια υποτασσεται ημιν εν τω ονοματι σου
18 Mme Jesu a ba raya a re, “Ee, ke bone Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima!
ειπεν δε αυτοις εθεωρουν τον σαταναν ως αστραπην εκ του ουρανου πεσοντα
19 Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko!
ιδου διδωμι υμιν την εξουσιαν του πατειν επανω οφεων και σκορπιων και επι πασαν την δυναμιν του εχθρου και ουδεν υμας ου μη {VAR1: αδικηση } {VAR2: αδικησει }
20 Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo.”
πλην εν τουτω μη χαιρετε οτι τα πνευματα υμιν υποτασσεται χαιρετε δε μαλλον οτι τα ονοματα υμων εγραφη εν τοις ουρανοις
21 Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.
εν αυτη τη ωρα ηγαλλιασατο τω πνευματι ο ιησους και ειπεν εξομολογουμαι σοι πατερ κυριε του ουρανου και της γης οτι απεκρυψας ταυτα απο σοφων και συνετων και απεκαλυψας αυτα νηπιοις ναι ο πατηρ οτι ουτως εγενετο ευδοκια εμπροσθεν σου
22 Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.”
{VAR1: και στραφεις προς τους μαθητας ειπεν } παντα παρεδοθη μοι υπο του πατρος μου και ουδεις γινωσκει τις εστιν ο υιος ει μη ο πατηρ και τις εστιν ο πατηρ ει μη ο υιος και ω εαν βουληται ο υιος αποκαλυψαι
23 Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba sebetsa a re, “Lo lesego jang go bona dilo tse lo di boneng.
και στραφεις προς τους μαθητας κατ ιδιαν ειπεν μακαριοι οι οφθαλμοι οι βλεποντες α βλεπετε
24 Baporofiti ba le bantsi le dikgosi tsa bogologolo ba ne ba eletsa malatsi ano, go bona le go utlwa se lo se boneng le se lo se utlwileng!”
λεγω γαρ υμιν οτι πολλοι προφηται και βασιλεις ηθελησαν ιδειν α υμεις βλεπετε και ουκ ειδον και ακουσαι α ακουετε και ουκ ηκουσαν
25 Ka letsatsi lengwe moitseanape wa melao ya ga Moshe a tla go leka tumelo ya ga Jesu ka go mmotsa potso e: “Moruti, motho o tshwanelwa ke go dira eng gore a nnele ruri mo legodimong?” (aiōnios g166)
και ιδου νομικος τις ανεστη εκπειραζων αυτον και λεγων διδασκαλε τι ποιησας ζωην αιωνιον κληρονομησω (aiōnios g166)
26 Mme Jesu a fetola a re, “Molao wa ga Moshe wa reng ka ga gone?”
ο δε ειπεν προς αυτον εν τω νομω τι γεγραπται πως αναγινωσκεις
27 Mme moitseanape a fetola a re, wa re, “O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata.”
ο δε αποκριθεις ειπεν αγαπησεις κυριον τον θεον σου εξ ολης της καρδιας σου και εξ ολης της ψυχης σου και εξ ολης της ισχυος σου και εξ ολης της διανοιας σου και τον πλησιον σου ως σεαυτον
28 Jesu a mo raya a re, “Go siame, dira sone se mme o tlaa tshela!”
ειπεν δε αυτω ορθως απεκριθης τουτο ποιει και ζηση
29 Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, “Bangwe ka nna ba fe?”
ο δε θελων δικαιουν εαυτον ειπεν προς τον ιησουν και τις εστιν μου πλησιον
30 Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, “Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo.
υπολαβων δε ο ιησους ειπεν ανθρωπος τις κατεβαινεν απο ιερουσαλημ εις ιεριχω και λησταις περιεπεσεν οι και εκδυσαντες αυτον και πληγας επιθεντες απηλθον αφεντες ημιθανη τυγχανοντα
31 Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela.
κατα συγκυριαν δε ιερευς τις κατεβαινεν εν τη οδω εκεινη και ιδων αυτον αντιπαρηλθεν
32 Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela.
ομοιως δε και λευιτης γενομενος κατα τον τοπον ελθων και ιδων αντιπαρηλθεν
33 “Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata.
σαμαρειτης δε τις οδευων ηλθεν κατ αυτον και ιδων αυτον εσπλαγχνισθη
34 A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng.
και προσελθων κατεδησεν τα τραυματα αυτου επιχεων ελαιον και οινον επιβιβασας δε αυτον επι το ιδιον κτηνος ηγαγεν αυτον εις πανδοχειον και επεμεληθη αυτου
35 Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’
και επι την αυριον εξελθων εκβαλων δυο δηναρια εδωκεν τω πανδοχει και ειπεν αυτω επιμεληθητι αυτου και ο τι αν προσδαπανησης εγω εν τω επανερχεσθαι με αποδωσω σοι
36 “Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?”
τις ουν τουτων των τριων δοκει σοι πλησιον γεγονεναι του εμπεσοντος εις τους ληστας
37 Monna a fetola a re, “Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo.” Mme Jesu are, “Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo.”
ο δε ειπεν ο ποιησας το ελεος μετ αυτου ειπεν ουν αυτω ο ιησους πορευου και συ ποιει ομοιως
38 Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe.
εγενετο δε εν τω πορευεσθαι αυτους και αυτος εισηλθεν εις κωμην τινα γυνη δε τις ονοματι μαρθα υπεδεξατο αυτον εις τον οικον αυτης
39 Monnawe Marea a nna fa fatshe, a reeditse Jesu fa a bua.
και τηδε ην αδελφη καλουμενη μαρια η και παρακαθισασα παρα τους ποδας του ιησου ηκουεν τον λογον αυτου
40 Mme Morena a mo raya a re, Maratha, tsala ee rategang, o ngongorega thata mo dilong tse tsotlhe.
η δε μαρθα περιεσπατο περι πολλην διακονιαν επιστασα δε ειπεν κυριε ου μελει σοι οτι η αδελφη μου μονην με κατελιπεν διακονειν ειπε ουν αυτη ινα μοι συναντιλαβηται
41 Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe.
αποκριθεις δε ειπεν αυτη ο ιησους μαρθα μαρθα μεριμνας και τυρβαζη περι πολλα
42 Go na le selo se le sengwe fela se o tshwanetseng go amega mo go sone, Marea o se bone, mme ga nke ke se tsaya mo go ene!”
ενος δε εστιν χρεια μαρια δε την αγαθην μεριδα εξελεξατο ητις ουκ αφαιρεθησεται απ αυτης

< Luke 10 >