< Luke 1 >

1 Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho. 2 3 Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e. 4 Go lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng. 5 Polelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.) 6 Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong. 7 Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata. 8 Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo. 9 10 Ka lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa. 11 Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile. 12 13 Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane. 14 Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona. 15 Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa! 16 Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe. 17 E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.” 18 Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.” 19 Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a! 20 Mme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.” 21 Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile. 22 Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse. 23 Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae. 24 Ka bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano. 25 “A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!” 26 Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea, 27 kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide. 28 Gabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!” 29 Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya. 30 Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata. 31 Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’ 32 O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide. 33 O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!” (aiōn g165) 34 Mme Marea a botsa moengele a re, “Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane.” 35 Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo. 36 Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe! 37 Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.” 38 Mme Marea a re, “Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale.” Hong moengele a nyelela. 39 Morago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha. 40 41 Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo. 42 A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo. 43 Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone! 44 Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo! 45 O dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.” 46 Marea a fetola a re, “Ao, ke galaletsa Morena jang. 47 Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki! 48 Gonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo. 49 “Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo. 50 Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang: 51 “Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang. 52 O digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng. 53 O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe. 54 Ebile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko. 55 “Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.” (aiōn g165) 56 Marea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe. 57 Ka nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane. 58 Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela. 59 E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe. 60 Mme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!” 61 Mme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.” 62 Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla. 63 Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!” 64 Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo. 65 Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea. 66 Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.” 67 Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng: 68 Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse. 69 O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide, 70 fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng (aiōn g165) 71 gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang. 72 “O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene, 73 74 le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona. 75 Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng. 76 “Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia. 77 O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe. 78 Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela. 79 Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.” 80 Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.

< Luke 1 >