< Johane 19 >

1 Mme Pilatwe a fatola mokwatla wa ga Jesu ka thupa,
pIlAto yIshum AnIya kashayA prAhArayat|
2 mme masole a loga serwalo sa mitlwa a se mo rwesa mo tlhogong a bo a mo apesa seaparo se se bohibidu jo bo mokgona.
pashchAt senAgaNaH kaNTakanirmmitaM mukuTaM tasya mastake samarpya vArttAkIvarNaM rAjaparichChadaM paridhApya,
3 Ba mo sotla ba re, “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba bo ba mo itaya ka mabole.
he yihUdIyAnAM rAjan namaskAra ityuktvA taM chapeTenAhantum Arabhata|
4 Pilatwe tswela kwa ntle gape mme a raya Bajuta a re, “Ke ya go mo ntshetsa kwa ntle kwa go lona jaanong, mme legale tlhaloganyang sentle gore nna ga ke mmone molato.”
tadA pIlAtaH punarapi bahirgatvA lokAn avadat, asya kamapyaparAdhaM na labhe. ahaM, pashyata tad yuShmAn j nApayituM yuShmAkaM sannidhau bahirenam AnayAmi|
5 Mme Jesu a tswela kwa ntle a rwele serwalo sa mitlwa a bile a apere seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilatwe a re, “Bonang monna yo!”
tataH paraM yIshuH kaNTakamukuTavAn vArttAkIvarNavasanavAMshcha bahirAgachChat| tataH pIlAta uktavAn enaM manuShyaM pashyata|
6 Erile fela fa ba mmona, ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuta ba simolola go goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!” Pilatwe a re, “Mmapoleng lona, nna ga ke mmone molato.”
tadA pradhAnayAjakAH padAtayashcha taM dR^iShTvA, enaM krushe vidha, enaM krushe vidha, ityuktvA ravituM Arabhanta| tataH pIlAtaH kathitavAn yUyaM svayam enaM nItvA krushe vidhata, aham etasya kamapyaparAdhaM na prAptavAn|
7 Mme ba mo fetola ba re, “Ka melao ya rona o tshwanetse go swa gonne o ipiditse Morwa Modimo.”
yihUdIyAH pratyavadan asmAkaM yA vyavasthAste tadanusAreNAsya prANahananam uchitaM yatoyaM svam Ishvarasya putramavadat|
8 Erile fa Pilatwe a utlwa ba bua jalo, a tshoga thata go gaisa malatsi otlhe.
pIlAta imAM kathAM shrutvA mahAtrAsayuktaH
9 A busetsa Jesu kwa kgotleng ya tshekelo a mmotsa a re, “O tswa kae?” Mme Jesu a seka a ntsha karabo epe.
san punarapi rAjagR^iha Agatya yIshuM pR^iShTavAn tvaM kutratyo lokaH? kintu yIshastasya kimapi pratyuttaraM nAvadat|
10 Mme Pilatwe a re, “A ga o batle go bua le nna? A ga o lemoge gore ke na le nonofo ya go go golola kgotsa go go bapola?”
tataH pIlAt kathitavAna tvaM kiM mayA sArddhaM na saMlapiShyasi? tvAM krushe vedhituM vA mochayituM shakti rmamAste iti kiM tvaM na jAnAsi? tadA yIshuH pratyavadad IshvareNAdaM mamopari tava kimapyadhipatitvaM na vidyate, tathApi yo jano mAM tava haste samArpayat tasya mahApAtakaM jAtam|
11 Mme Jesu a re, “O ka bo o sena nonofo epe gotlhelele mo go nna fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo. Mme ba ba ntlisitseng kwa go wena ba na le sebe se segolo.”
tadA yIshuH pratyavadad IshvareNAdattaM mamopari tava kimapyadhipatitvaM na vidyate, tathApi yo jano mAM tava haste samArpayat tasya mahApAtakaM jAtam|
12 Mme Pilatwe a leka go mo golola, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesara. Le fa e le mang yo o ipitsang gore ke Kgosi o tlhabana le Kaesara.”
tadArabhya pIlAtastaM mochayituM cheShTitavAn kintu yihUdIyA ruvanto vyAharan yadImaM mAnavaM tyajasi tarhi tvaM kaisarasya mitraM na bhavasi, yo janaH svaM rAjAnaM vakti saeva kaimarasya viruddhAM kathAM kathayati|
13 Erile Pilatwe a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle gape kwa go bone mme a nna mo setilong sa tshekelo mo bonnong jo bo dirilweng ka matlapa.
etAM kathAM shrutvA pIlAto yIshuM bahirAnIya nistArotsavasya AsAdanadinasya dvitIyapraharAt pUrvvaM prastarabandhananAmni sthAne. arthAt ibrIyabhAShayA yad gabbithA kathyate tasmin sthAne vichArAsana upAvishat|
14 E ne jaanong e ka nna motshegare wa sethoboloko pele ga letsatsi la Tlolaganyo. Mme Pilatwe a raya Bajuta a re, “Kgosi ya lona ke e!”
anantaraM pIlAto yihUdIyAn avadat, yuShmAkaM rAjAnaM pashyata|
15 Mme ba goa ba re, “A a ye koo, A a ye koo, mmapole!” Pilatwe a re, “Lwa reng? Ke bapole Kgosi ya lona? Baperesiti ba bagolo ba goa ba re, Ga re na kgosi epe fa se Kaesara.”
kintu enaM dUrIkuru, enaM dUrIkuru, enaM krushe vidha, iti kathAM kathayitvA te ravitum Arabhanta; tadA pIlAtaH kathitavAn yuShmAkaM rAjAnaM kiM krushe vedhiShyAmi? pradhAnayAjakA uttaram avadan kaisaraM vinA kopi rAjAsmAkaM nAsti|
16 Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore a bapolwe.
tataH pIlAto yIshuM krushe vedhituM teShAM hasteShu samArpayat, tataste taM dhR^itvA nItavantaH|
17 Jalo Jesu lwa bofelo a tsenngwa mo diatleng tsa bone, mme a tseelwa kwa ntle ga motse, a itshikaretse mokgoro a isiwa kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka Sehebera le bidiwa “Gologotha.”
tataH paraM yIshuH krushaM vahan shiraHkapAlam arthAd yad ibrIyabhAShayA gulgaltAM vadanti tasmin sthAna upasthitaH|
18 Ba feta ba mmapola le ba bangwe teng koo ba le babedi, yo mongwe a bapolwa ka fa letsogong la gagwe la molema, yo mongwe ka fa go la moja, Jesu a le fa gare ga bone.
tataste madhyasthAne taM tasyobhayapArshve dvAvaparau krushe. avidhan|
19 Mme Pilatwe a baya sesupo fa godimo ga ga Jesu se se balegang jaana, “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.”
aparam eSha yihUdIyAnAM rAjA nAsaratIyayIshuH, iti vij nApanaM likhitvA pIlAtastasya krushopari samayojayat|
20 Lefelo le Jesu a bapoletsweng mo go lone le ne le le gaufi le motse; mme sesupo se ne se kwadilwe ka Selatina le Segerika, gore batho ba le bantsi ba tle ba kgone go se bala.
sA lipiH ibrIyayUnAnIyaromIyabhAShAbhi rlikhitA; yIshoH krushavedhanasthAnaM nagarasya samIpaM, tasmAd bahavo yihUdIyAstAM paThitum Arabhanta|
21 Mme baperesiti ba bagolo ba raya Pilatwe ba re, “Fetola sesupo mo go reng, ‘Kgosi ya Bajuta’ o se fetolele mo go reng, ‘A re ke Kgosi ya Bajuta’.”
yihUdIyAnAM pradhAnayAjakAH pIlAtamiti nyavedayan yihUdIyAnAM rAjeti vAkyaM na kintu eSha svaM yihUdIyAnAM rAjAnam avadad itthaM likhatu|
22 Pilatwe a fetola a re, “Se ke se kwadileng ke se kwadile. Se nna fela jaaka se ntse.”
tataH pIlAta uttaraM dattavAn yallekhanIyaM tallikhitavAn|
23 Erile masole a sena go bapola Jesu, a baya diaparo tsa gagwe ka mekoanyana e le mene, mongwe le mongwe wa one masole ao a nna le seabe mo mekoanyaneng eo. Mme ba re, “Re seka ra kgagola seaparo sa gagwe,” gonne se ne se sena momeno, “A re se tsheleleng bola (mataese) gore re tle re bone gore se tsewa e mang.” Mo ga diragatsa polelo ya dikwalo e e reng, “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme ba tshelela hempe ya me bola.”
itthaM senAgaNo yIshuM krushe vidhitvA tasya paridheyavastraM chaturo bhAgAn kR^itvA ekaikasenA ekaikabhAgam agR^ihlat tasyottarIyavastra nchAgR^ihlat| kintUttarIyavastraM sUchisevanaM vinA sarvvam UtaM|
tasmAtte vyAharan etat kaH prApsyati? tanna khaNDayitvA tatra guTikApAtaM karavAma| vibhajante. adharIyaM me vasanaM te parasparaM| mamottarIyavastrArthaM guTikAM pAtayanti cha| iti yadvAkyaM dharmmapustake likhitamAste tat senAgaNenetthaM vyavaharaNAt siddhamabhavat|
25 Se ke sone se ba se dirileng. Gaufi le mokgoro go ne go eme Marea Mma Jesu le mmangwanaagwe ebong mosadi wa ga Kelopase le Marea Magatalena.
tadAnIM yIsho rmAtA mAtu rbhaginI cha yA kliyapA bhAryyA mariyam magdalInI mariyam cha etAstasya krushasya sannidhau samatiShThan|
26 Erile fa Jesu a bona mmaagwe a eme foo fa thoko ga me, nna tsala ya gagwe e kgolo, a raya mmaagwe a re, “Ke morwao.”
tato yIshuH svamAtaraM priyatamashiShya ncha samIpe daNDAyamAnau vilokya mAtaram avadat, he yoShid enaM tava putraM pashya,
27 Nna a nthaya a re, “Ke mmago.” Mme go simolola foo ka mo tseela kwa lwapeng lwa me.
shiShyantvavadat, enAM tava mAtaraM pashya| tataH sa shiShyastadghaTikAyAM tAM nijagR^ihaM nItavAn|
28 Jesu a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe, mme go diragatsa dikwalo a bua a re, “Ke nyorilwe.”
anantaraM sarvvaM karmmAdhunA sampannamabhUt yIshuriti j nAtvA dharmmapustakasya vachanaM yathA siddhaM bhavati tadartham akathayat mama pipAsA jAtA|
29 Nkgwana ya mofine o o botsarara e ne e le foo, mme ngami ya inwa mo go yone ya ba ya tlhomelwa ka thupa ya mosiama mme ya tsholelediwa kwa molomong wa gagwe.
tatastasmin sthAne amlarasena pUrNapAtrasthityA te spa njamekaM tadamlarasenArdrIkR^itya esobnale tad yojayitvA tasya mukhasya sannidhAvasthApayan|
30 Erile fa Jesu a sena go leka mofine ka legano, a re, “Go fedile,” mme a lepeletsa tlhogo a golola mowa wa gagwe.
tadA yIshuramlarasaM gR^ihItvA sarvvaM siddham iti kathAM kathayitvA mastakaM namayan prANAn paryyatyajat|
31 Baeteledipele ba Sejuta ba ne ba sa rate gore batho ba ba bapotsweng ba nne foo go fitlhelela letsatsi le le latelang, le e neng e le Sabata (le gone e le Sabata yo mogolo thata, gonne e ne e le Tlolaganyo) mme ba kopa Pilatwe go laola gore maoto a banna bao a rojwe go re ba swe ka bonako, le gore mebele ya bone e tle e folosiwe.
tadvinam AsAdanadinaM tasmAt pare. ahani vishrAmavAre dehA yathA krushopari na tiShThanti, yataH sa vishrAmavAro mahAdinamAsIt, tasmAd yihUdIyAH pIlAtanikaTaM gatvA teShAM pAdabha njanasya sthAnAntaranayanasya chAnumatiM prArthayanta|
32 Mme masole a tla a roba maoto a banna ba babedi ba ba bapotsweng le Jesu;
ataH senA Agatya yIshunA saha krushe hatayoH prathamadvitIyachorayoH pAdAn abha njan;
33 mme erile fa ba tla kwa go ene, ba bona gore o setse a sule, mme ba seka ba roba a gagwe.
kintu yIshoH sannidhiM gatvA sa mR^ita iti dR^iShTvA tasya pAdau nAbha njan|
34 Le fa go ntse jalo, mongwe wa masole a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka segai, mme madi le metsi a elela.
pashchAd eko yoddhA shUlAghAtena tasya kukShim avidhat tatkShaNAt tasmAd raktaM jala ncha niragachChat|
35 Ke iponetse selo se ka matlho mme ke ntshitse polelo ya boammaaruri gore le lona lo dumele.
yo jano. asya sAkShyaM dadAti sa svayaM dR^iShTavAn tasyedaM sAkShyaM satyaM tasya kathA yuShmAkaM vishvAsaM janayituM yogyA tat sa jAnAti|
36 Masole a dira jaana a diragatsa seporofeso sa dikwalo se se reng, “Le fa e le lengwe la marapo a gagwe ga le na go rojwa, mme ba tlaa leba kwa go ene yo ba mo tlhabileng.”
tasyaikam asdhyapi na bhaMkShyate,
tadvad anyashAstrepi likhyate, yathA, "dR^iShTipAtaM kariShyanti te. avidhan yantu tamprati|"
38 Moragonyana Josefa wa Arimathea, yo a neng a le morutwa wa ga Jesu ka sephiri ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, a kopa Pilatwe ka bopelokgale go mo fa tetlelelo ya go tsaya mmele wa ga Jesu; mme Pilatwe a mo raya a re o ka tswelela pele wa ya go o tsaya. Mme a ya teng a ya go o tsaya a tsamaya ka one.
arimathIyanagarasya yUShaphnAmA shiShya eka AsIt kintu yihUdIyebhyo bhayAt prakAshito na bhavati; sa yIsho rdehaM netuM pIlAtasyAnumatiM prArthayata, tataH pIlAtenAnumate sati sa gatvA yIsho rdeham anayat|
39 Nikodemo, monna yo a neng a kile a ya kwa go Jesu go le bosigo, a tla le ene a lere lookwane lo lo dirilweng ka mera le aloe lo lo tlhwatlhwa ya makgolo a le mabedi a dipula.
aparaM yo nikadImo rAtrau yIshoH samIpam agachChat sopi gandharasena mishritaM prAyeNa pa nchAshatseTakamaguruM gR^ihItvAgachChat|
40 Botlhe ka bobedi ba phutha mmele wa ga Jesu ka leloba le le telele le innwe mo ditlolong tse di nkgang monate, ka e le mokgwa wa Sejuta wa phitlho.
tataste yihUdIyAnAM shmashAne sthApanarItyanusAreNa tatsugandhidravyeNa sahitaM tasya dehaM vastreNAveShTayan|
41 Lefelo la Papolelo le ne le le gaufi le sekgwa sa ditlhare, kwa go neng go na le lebitla le lesha le le neng le ise le ke le dirisiwe.
apara ncha yatra sthAne taM krushe. avidhan tasya nikaTasthodyAne yatra kimapi mR^itadehaM kadApi nAsthApyata tAdR^isham ekaM nUtanaM shmashAnam AsIt|
42 Mme jalo, ka ntlha ya iketleetso pele ga Sabata, le ka ntlha ya gore lebitla le ne le le gautshwane, ba mo robatsa mo go lone.
yihUdIyAnAm AsAdanadinAgamanAt te tasmin samIpasthashmashAne yIshum ashAyayan|

< Johane 19 >