< Johane 17 >

1 Erile fa Jesu a sena go fetsa go bua dilo tse tsotlhe, a lelalela kwa legodimong mme a re, “Rara, Nako e gorogile. Senola kgalalelo ya ga Morwao gore a tle a kgone go e busetsa kwa go wena.
Jésus dit ces choses; puis levant les yeux au ciel, il dit: Père, l'heure est venue, glorifie ton Fils, afin que ton Fils te glorifie;
2 Gonne o mo neile taolo mo godimo ga banna le basadi mo lefatsheng lotlhe. O neela mongwe le mongwe botshelo jo bo sa khutleng jo o bo mo neileng. (aiōnios g166)
Selon que tu lui as donné pouvoir sur toute chair, afin qu'il donne la vie éternelle à tous ceux que tu lui as donnés. (aiōnios g166)
3 Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng! (aiōnios g166)
Or, c'est ici la vie éternelle, qu'ils te connaissent, toi le seul vrai Dieu, et Jésus-Christ que tu as envoyé. (aiōnios g166)
4 Ke go lereditse kgalalelo mo lefatsheng ka go dira sengwe le sengwe se o ntheileng wa re ke se dire.
Je t'ai glorifié sur la terre; j'ai achevé l'ouvrage que tu m'avais donné à faire.
5 Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa.
Et maintenant, glorifie-moi, Père, auprès de toi, de la gloire que j'avais auprès de toi, avant que le monde fût.
6 “Ke boleletse batho, ba, gotlhe ka ga gago. Ba ne ba le mo lefatsheng, mme wa ba nneela. Tota tota e ne e le ba gago ka malatsi otlhe, mme wa ba nnaya, mme ba go reetsa.
J'ai manifesté ton nom aux hommes que tu m'as donnés du monde; ils étaient à toi, et tu me les as donnés, et ils ont gardé ta parole.
7 Jaanong ba itse gore sengwe le sengwe se ke nang naso ke mpho e e tswang kwa go wena,
Ils ont connu maintenant que tout ce que tu m'as donné vient de toi.
8 gonne ke ba neetse melao e o e nneetseng; mme ba e amogetse ebile ba itse ka botlalo gore ke tsile mo lefatsheng ke tswa kwa go wena, jalo ba dumela fa o nthomile.
Car je leur ai donné les paroles que tu m'as données, et ils les ont reçues, et ils ont connu véritablement que je suis venu de toi, et ils ont cru que tu m'as envoyé.
9 “Thapelo ya me ga se go rapelela lefatshe, mme ke go rapelela ba o ba nneileng gonne ke ba gago.
Je prie pour eux; je ne prie pas pour le monde, mais pour ceux que tu m'as donnés, parce qu'ils sont à toi.
10 Mme botlhe fela, ka e le ba me, ke ba gago; mme o ba buseditse mo go nna ka sengwe le sengwe se e leng sa gago, jalo ba o ba nneileng ke kgalalelo ya me!
Et tout ce qui est à moi, est à toi, et ce qui est à toi, est à moi, et je suis glorifié en eux.
11 Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope.
Et je ne suis plus dans le monde, mais ceux-ci sont dans le monde, et je vais à toi. Père saint, garde en ton nom ceux que tu m'as donnés, afin qu'ils soient un, comme nous.
12 Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.
Pendant que j'étais avec eux dans le monde, je les gardais en ton nom. J'ai gardé ceux que tu m'as donnés, et aucun d'eux ne s'est perdu, sinon le fils de perdition, afin que l'Écriture fût accomplie.
13 “Mme jaanong ke tla kwa go wena. Ke ba boleletse dilo tse dintsi fa ke sa ntse ke na le bone gore ba tle ba tlale boitumelo jwa me.
Et maintenant je vais à toi, et je dis ces choses dans le monde, afin qu'ils aient ma joie accomplie en eux.
14 Ke ba neetse ditaolo tsa gago. Mme lefatshe le a ba ila gonne ga ba dire mekgwa ya lone e e maswe, fela jaaka nna ke sa e dire.
Je leur ai donné ta parole, et le monde les a haïs, parce qu'ils ne sont pas du monde, comme je ne suis pas du monde.
15 Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane.
Je ne te prie pas de les ôter du monde, mais de les préserver du malin.
16 Ga ba sa tlhole e le ba lefatshe leno jaaka le nna ke se wa lone.
Ils ne sont pas du monde, comme je ne suis pas du monde.
17 Ba ntlafatse o ba itshepise ka go ba ruta mafoko a gago a boammaaruri.
Sanctifie-les par ta vérité; ta parole est la vérité.
18 Fela jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke ba roma mo lefatsheng.
Comme tu m'as envoyé dans le monde, je les ai aussi envoyés dans le monde.
19 Mme ke ineela gore ke ba thuse mo ditlhokong tsa bone tsa go gola mo boammaaruring le mo boitshepong.
Et je me sanctifie moi-même pour eux, afin qu'eux aussi soient sanctifiés par la vérité.
20 “Ga ke rapelele fela ba, mme ke rapelela le badumedi ba malatsi a a tlang ba ba tlaa tlang kwa go nna ka ntlha ya bosupi jwa bone ba.
Or, je ne prie pas seulement pour eux; mais aussi pour ceux qui croiront en moi par leur parole;
21 Go ba rapelela ga me botlhe ke gore ba nne pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe fela jaaka wena le nna re ntse, Rara. Gore fela jaaka o le mo go nna le nna ke le mo go wena, le bone ba tle ba nne mo go rona, jalo lefatshe le tlaa dumela fa o nthomile.
Afin que tous soient un, comme toi, ô Père, tu es en moi, et moi en toi; afin qu'ils soient aussi un en nous; pour que le monde croie que c'est toi qui m'as envoyé.
22 “Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, kopano e e galalelang ya go bopagana, jaaka re ntse,
Je leur ai donné la gloire que tu m'as donnée, afin qu'ils soient un, comme nous sommes un,
23 Nna ke le mo go bone le wena o le mo go nna, botlhe ba ntlafaleditswe mo go bopaganeng, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile le bo le tlhaloganye gore o ba rata fela jaaka o nthata.
(Moi en eux, et toi en moi), afin qu'ils soient parfaitement un, et que le monde connaisse que tu m'as envoyé, et que tu les aimes, comme tu m'as aimé.
24 Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba, ba nne le nna kwa ke gone, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me. O nneetse kgalalelo gonne o sale o nthata pele ga lefatshe le simologa!
Père, je désire que ceux que tu m'as donnés soient avec moi, où je serai, afin qu'ils contemplent la gloire que tu m'as donnée, parce que tu m'as aimé avant la fondation du monde.
25 “Oo Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le go itse, mme nna ke a go itse; le barutwa ba, ba itse fa o nthomile.
Père juste, le monde ne t'a point connu; mais moi, je t'ai connu, et ceux-ci ont connu que c'est toi qui m'as envoyé.
26 Mme ke go senotse mo go bone, jalo ke tlaa nna ke go senola gore lorato lwa gago lo logolo lo o ntshotseng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”
Et je leur ai fait connaître ton nom, et je le leur ferai connaître, afin que l'amour dont tu m'as aimé soit en eux, et que moi-même je sois en eux.

< Johane 17 >