< Johane 15 >

1 “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rara ke ene mmaakanyi wa tshimo.
I am the true vyne and my father ys an husbande man.
2 O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata.
Every braunche that beareth not frute in me he will take awaye. And every braunche that beareth frute will he pourge yt it maye bringe moare frute.
3 O setse a bile a lo ntlafaditse ka go lo ntlafaletsa mo go ene gore lo nne le nonofo e kgolo thata le tiriso ka ditaolo tse ke di lo neileng.
Now are ye cleane thorow ye wordes which I have spoke vnto you.
4 Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re kala e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me.
Byde in me and let me byde in you. As ye braunche canot beare frute of it sylfe excepte it byde in the vyne: no more can ye excepte ye abyde in me.
5 “Ee, ke mofine; lona lo dikala. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me.
I am the vyne and ye are the braunches. He that abydeth in me and I in him the same bringeth forth moche frute. For with out me can ye do nothinge.
6 Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe.
Yf a man byde not in me he ys cast forthe as a braunche and is wyddered: and men gadder it and cast it into the fyre and it burneth.
7 Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa!
Yf ye byde in me and my wordes also byde in you: axe what ye will and it shalbe done to you.
8 Barutwa ba me ba boammaaruri ba ungwa thobo e kgolo thata. Mme go tlisa kgalalelo e kgolo thata mo go Rre.
Heare in is my father glorified that ye beare moche frute and be made my disciples.
9 “Ke lo ratile fela jaaka Rara a nthatile. Nnang mo loratong lwa me.
As the father hath loved me eve so have I leved you. Continue in my love.
10 Fa lo inkobela, lo nna mo loratong lwa me, fela jaaka ke reetsa Rara ebile ke nna mo loratong lwa gagwe.
Yf ye shall kepe my comaudemetes ye shall byde in my love eve as I have kept my fathers comaundementes and byde in his love.
11 Ke lo boleletse se gore lo tlale boitumelo jwa me. Ee, senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.
These thinges have I spoken vnto you yt my ioye myght remayne in you and that youre ioye might be full.
12 Ke batla gore lo ratane fela jaaka ke lo rata.
This is my commaundement that ye love togedder as I have loved you.
13 Mme lorato lo lekanngwa jaana, lorato lo logolo lo supega fa motho a ntshetsa ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe;
Gretter love then this hath no man then that a man bestowe his lyfe for his frendes.
14 mme lona lo ditsala tsa me fa lo inkobela.
Ye are my fredes yf ye do whatsoever I commaunde you.
15 Ga ke sa tlhole ke lo bitsa batlhanka gonne mong wa batlhanka ga a ba rerise sepe; lo ditsala tsa me jaanong, gonne go supiwa ke lobaka lwa gore ke lo boleletse sengwe le sengwe se Rara o se mpoleletseng.
Hence forth call I you not servauntes: for the servaunt knoweth not what his Lorde doeth. But you have I called frendes: for all thinges that I have hearde of my father I have opened to you.
16 “Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela.
Ye have not chosen me but I have chosen you and ordeyned you that ye go and bringe forthe frute and that youre frute remayne that whatsoever ye shall axe of the father in my name he shulde geve it you.
17 Ke batla gore lo ratane.
This comaunde I you that ye love to gedder.
18 “Gonne lo ilwa ke lefatshe thata! Mme nna lefatshe le sale le nkila pele ga lona.
Yf ye worlde hate you ye knowe that he hated me before he hated you.
19 Lefatshe le ne le ka lo rata fa lo ne lo le ba lone; mme ga lo ba lone, gonne ke lo tlhophetse go tswa mo lefatsheng, mme jalo le a lo ila.
Yf ye were of the worlde ye worlde wolde love his awne. How be it because ye are not of ye worlde but I have chosen you out of the worlde therfore hateth you the worlde.
20 A lo gakologelwa se ke se lo boleletseng? ‘Motlhanka ga a mogolo mo go mong wa gagwe!’ mme ereka ba mpogisitse, le lona fela jalo ba tlaa lo bogisa. Mme fa ba ka bo ba ne ba ntheetsa, ba ne ba tlaa lo reetsa.
Remember the sayinge that I sayde vnto you: the servaute is not greater then his lorde. Yf they have persecuted me so will they persecute you Yf they have kept my sayinge so will they kepe youres.
21 Batho ba lefatshe ba tlaa lo bogisa gonne lo ba me, gonne ga ba itse Modimo o e leng one o nthomileng.
But all these thinges will they do vnto you for my names sake because they have not knowen him that sent me.
22 “Ba ka bo ba se molato fa nkabo ke sa tla ka buisanya nabo. Mme jaanong ga ba na seipato ka ntlha ya dibe tsa bone.
If I had not come and spoken vnto them they shulde not have had synne: but now have they nothinge to cloke their synne with all.
23 Le fa e le mang yo o nkilang, o ila Rara.
He that hateth me hateth my father.
24 Fa nkabo ke sa dira dikgakgamatso tse dikgolo jaana mo go bone ba ka bo ba sa tsewe ba le molato. Mme jaanong jaaka go ntse, ba bonye dikgakgamatso tse, mme ba re ila rotlhe, Nna le Rara.
If I had not done workes amoge the which none other ma dyd they had not had synne. But now have they sene and yet have hated bothe me and my father:
25 Mo go diragatsa se baporofiti ba se buileng ka ga Mesia ba re, ‘Ba nkidile ke sena molato.’
eve that the sayinge myght be fulfilled that is written in theyr lawe: they hated me wtout a cause.
26 “Mme ke tlaa lo romelela Mogomotsi, Mowa O O Boitshepo, motswedi wa boammaaruri jotlhe. O tlaa tswa kwa go Rara mme o tlaa lo bolelela gotlhe ka ga me.
But when the comforter is come whom I will sende vnto you fro the father which is the sprete of truthe which proceadeth of the father he shall testifie of me.
27 Mme le lona lo tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe ka ga me, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.”
And ye shall beare witnes also because ye have bene with me from the begynninge.

< Johane 15 >