< Bakolosa 2 >

1 Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo.
Volo enim vos scire qualem sollicitudinem habeam pro vobis, et pro iis qui sunt Laodiciæ, et quicumque non viderunt faciem meam in carne:
2 Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele.
ut consolentur corda ipsorum, instructi in caritate, et in omnes divitias plenitudinis intellectus, in agnitionem mysterii Dei Patris et Christi Jesu:
3 Mo go ene go na le mahumo otlhe a magolo a a fitlhegileng a a senang bolekanngo a botlhale le kitso.
in quo sunt omnes thesauri sapientiæ et scientiæ absconditi.
4 Ke bua jaana ka gore ke tshaba gore motho mongwe o ka lo fora ka puo ya gagwe e e borethe.
Hoc autem dico, ut nemo vos decipiat in sublimitate sermonum.
5 Gonne le fa ke le kgakala le lona, pelo ya me yone e na le lona, ke a itumela gonne lo tsweletse sentle thata, ke a itumela ka ntlha ya tumelo ya lona e e nonofileng mo go Keresete.
Nam etsi corpore absens sum, sed spiritu vobiscum sum: gaudens, et videns ordinem vestrum, et firmamentum ejus, quæ in Christo est, fidei vestræ.
6 Mme jaanong fela jaaka lo ne lwa ikanya Keresete go lo boloka, mo ikanyeng, le mo matshwenyegong a letsatsi lengwe le lengwe; nnang mo kgolaganong ya botlhokwa nae.
Sicut ergo accepistis Jesum Christum Dominum, in ipso ambulate,
7 A medi ya lona e melele thata kwa teng ga gagwe mme e gope dikotla mo go ene. Elang tlhoko gore lo tswelele go gola mo Moreneng, le gore lo a nonofa ebile lo tlhomama mo boammaaruring jo lo bo rutilweng. A matshelo a lona a penologe ka boitumelo le malebogo mo go tsotlhe tse a di dirileng.
radicati, et superædificati in ipso, et confirmati fide, sicut et didicistis, abundantes in illo in gratiarum actione.
8 Se letleleleng ba bangwe go senya tumelo ya lona le boitumelo ka botlhalenyana jwa bone; le dikarabo tsa bone tse di sa tlalang tse di tswang mo megopolong le mo ditlhaloganyong tsa batho, mo boemong jwa go dumela mo go se Keresete o se buileng.
Videte ne quis vos decipiat per philosophiam, et inanem fallaciam secundum traditionem hominum, secundum elementa mundi, et non secundum Christum:
9 Gonne mo go Keresete go na le BoModimo jotlhe mo mmeleng wa setho;
quia in ipso inhabitat omnis plenitudo divinitatis corporaliter:
10 jalo lo na le sengwe le sengwe fa lo na le Keresete, gape lo tladiwa ka Modimo ka ntlha ya kgolagano ya lona le Keresete. Keresete ke Mmusi yo mogolo, o na le taolo mo nonofong e nngwe le e nngwe.
et estis in illo repleti, qui est caput omnis principatus et potestatis:
11 Erile fa lo tla kwa go Keresete, a lo golola mo dikeletsong tsa lona tse di bosula, eseng ka thupiso ya mmele e e dirwang ka diatla mme e leng ka thupiso ya semowa, kolobetso ya mewa ya lona.
in quo et circumcisi estis circumcisione non manu facta in expoliatione corporis carnis, sed in circumcisione Christi:
12 Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing.
consepulti ei in baptismo, in quo et resurrexistis per fidem operationis Dei, qui suscitavit illum a mortuis.
13 Lo ne lo sule mo dibeng, mme dikeletso tsa lona tsa boleo di ne di ise di kgaolwe. Mme wa lo naya seabe mo go jone botshelo jwa ga Keresete, gonne o ne wa lo itshwarela dibe tsotlhe.
Et vos cum mortui essetis in delictis, et præputio carnis vestræ, convivificavit cum illo, donans vobis omnia delicta:
14 Wa bo wa phimola bosupi jwa melato yotlhe ya lona, jo bo mo lokwalong lwa melao ya one e lo sa e obamelang. O ne wa tsaya lokwalo lwa melato mme wa lo senya ka go lo kokotela mo sefapaanong sa ga Keresete.
delens quod adversus nos erat chirographum decreti, quod erat contrarium nobis, et ipsum tulit de medio, affigens illud cruci:
15 Ka tsela e, Modimo o ne wa tlosa nonofo ya ga Satane ya go lo bona molato wa boleo, Modimo wa bo wa supa mo pepeneneng mo lefatsheng lotlhe phenyo ya ga Keresete mo mokgorong kwa dibe tsa lona di neng tsa tlosiwa tsotlhe teng.
et expolians principatus, et potestates traduxit confidenter, palam triumphans illos in semetipso.
16 Jalo se letleleleng ope go lo bona molato kaga se lo se jang kgotsa se lo se nwang, kgotsa ka go tlhoka go tshegetsa malatsi a boikhutso a Sejuta le mediro kgotsa meletlo ya kgwedi e e rogwang kgotsa bo-Sabata.
Nemo ergo vos judicet in cibo, aut in potu, aut in parte diei festi, aut neomeniæ, aut sabbatorum:
17 Gonne se e ne e le melao fela ya lobakanyana e e neng ya khutla fa Keresete a tla. E ne e le meriti fela ya selo sa boammaaruri, ebong Keresete ka sebele.
quæ sunt umbra futurorum: corpus autem Christi.
18 Se letleleleng ope go lo raya a re lo latlhegile fa lo gana go obamela baengele, jaaka ba re lo tlamega go ba obamela. Ba re ba bonye ponatshegelo, mme ba itse gore lo tshwanetse. Batho ba ba ikgogomosang ba, ba na le kakanyo ya botlhale jo bogolo.
Nemo vos seducat, volens in humilitate, et religione angelorum, quæ non vidit ambulans, frustra inflatus sensu carnis suæ,
19 Mme ga ba a lomagana le Keresete, tlhogo e rotlhe ba re leng mmele wa gagwe re lomagantsweng mo go yone; gonne re lomagantswe nae ka mesifa ya gagwe e e nonofileng mme re gola fela fa re tsaya kotla le nonofo ya rona mo Modimong.
et non tenens caput, ex quo totum corpus per nexus, et conjunctiones subministratum, et constructum crescit in augmentum Dei.
20 Mme e re ka o ka re lo sule le Keresete, ebile go swa mo go lo golotse mo go saleng morago ditlhaloganyo tsa lefatshe tsa ka fa lo ka bolokwang ka teng, ka go dira molemo le go obamela melao e mentsi e e farologanyeng, ke eng fa lo tswelela lo e sala morago ka tsela nngwe, lo santse lo bofilwe ke melao e e reng,
Si ergo mortui estis cum Christo ab elementis hujus mundi: quid adhuc tamquam viventes in mundo decernitis?
21 lo se ka lwa leka sepe ka legano, kgotsa le fa e le go ama dijo dingwe?
Ne tetigeritis, neque gustaveritis, neque contrectaveritis:
22 Melao e e ntseng jaana ke dithuto tsa batho fela, gonne dijo di diretswe go jewa le go dirisiwa.
quæ sunt omnia in interitum ipso usu, secundum præcepta et doctrinas hominum:
23 Melao e, e ka ne e bonala e siame, gonne melao ya mofuta o, e batla boineelo jo bo nonofileng mme e kgobalatsa mmele ebile e imela mmele, mme ga e na thuso epe fa go tliwa mo go fenyeng megopolo e e bosula le dikeletso tse di bosula tsa motho. E mo dira boikgodiso fela.
quæ sunt rationem quidem habentia sapientiæ in superstitione, et humilitate, et non ad parcendum corpori, non in honore aliquo ad saturitatem carnis.

< Bakolosa 2 >