< Ditiro 9 >

1 Mme Saulo, ka go tshosa ka bogale jwa go nyeletsa Mokeresete mongwe le mongwe, o ne a ya kwa Moperesiting yo mogolo kwa Jerusalema.
Բայց Սօղոս տակաւին սպառնալիք եւ սպանութիւն կը փչէր Տէրոջ աշակերտներուն դէմ: Քահանայապետին քով գնաց
2 O ne a kopa lokwalo lo lo kwaletsweng diphuthego kwa Damaseko, a kopa thuso ya go bogisa badumedi ba o tlaa ba bonang teng, banna le basadi gore a tle a ba lere kwa Jerusalema ba golegilwe.
ու նամակներ ուզեց անկէ՝ Դամասկոսի ժողովարանները տանելու, որպէսզի՝ եթէ գտնէ այդ ճամբային հետեւողներ՝ այր մարդիկ կամ կիներ, կապած բերէ Երուսաղէմ:
3 Mme mo loetong lo, ya re a atamela Damaseko ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata la mo phatsimela le tswa legodimong!
Երբ կ՚երթար ու մօտեցաւ Դամասկոսի, յանկարծ երկինքէն լոյս մը փայլատակեց իր շուրջը,
4 O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?”
եւ ինք գետին իյնալով՝ լսեց ձայն մը որ կ՚ըսէր իրեն. «Սաւո՛ւղ, Սաւո՛ւղ, ինչո՞ւ կը հալածես զիս»:
5 Mme ene a re, “O mang Morena?” Jalo lentswe la fetola la re, “Ke Jesu yo o mmogisang!
Ան ալ ըսաւ. «Դուն ո՞վ ես, Տէ՛ր»: Ու Տէրը ըսաւ. «Ես Յիսուսն եմ, որ դուն կը հալածես. տաժանելի է քեզի՝ աքացել խթանի դէմ»:
6 Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.”
Ան ալ՝ դողալով եւ այլայլած՝ ըսաւ. «Տէ՛ր, ի՞նչ կ՚ուզես որ ընեմ»:
7 Mme banna ba ba neng ba na le Saulo ba ema ba tuulala ka kgakgamalo, gonne ba ne ba utlwa lentswe la mongwe mme ba sa mmone!
Տէրը ըսաւ անոր՝՝. «Կանգնէ՛ ու մտի՛ր քաղաքը, եւ պիտի ըսուի քեզի թէ ի՛նչ պէտք է ընես»: Այն մարդիկը՝ որ իրեն կ՚ուղեկցէին՝ անխօս կեցած էին. միայն ձա՛յնը կը լսէին, բայց ո՛չ մէկը կը տեսնէին:
8 Mme erile fa Saulo a tsoga fa fatshe a bo a sa bone. O ne a tshwanelwa ke go gogelwa kwa Damaseko kwa o neng a nna teng malatsi a mararo, a sa bone, a sa je, a sa nwe ka nako eo yotlhe.
Սօղոս գետինէն ոտքի ելաւ, սակայն ո՛չ մէկը կը տեսնէր բաց աչքերով. ուստի բռնեցին անոր ձեռքէն ու մտցուցին Դամասկոս:
9
Երեք օր կեցաւ՝ առանց տեսնելու. ո՛չ կերաւ, ո՛չ ալ խմեց:
10 Mme mo Damaseko go ne go na le morutwa, ebong Ananiase. Modimo o ne wa bua nae mo ponatshegelong wa re, “Ananiase!” Mme a re, “Morena”!
Աշակերտ մը կար Դամասկոսի մէջ՝ Անանիա անունով: Տէրը ըսաւ անոր տեսիլքի մէջ. «Անանիա՛»: Ան ալ ըսաւ. «Տէ՛ր, ահա՛ հոս եմ»:
11 Mme Morena a re, “Tsamaya o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo o batle ntlo ya monna yo o bidiwang Judase mme o botse gore Saulo wa Tareso o kae. O a rapela gone jaanong, gonne
Տէրը ըսաւ անոր. «Կանգնէ՛ ու գնա՛ այն փողոցը՝ որ Ուղիղ կը կոչուի, եւ հոն՝ Յուդայի տան մէջ փնտռէ՛ Սօղոս անունով Տարսոնցի մը. որովհետեւ ահա՛ ան կ՚աղօթէ,
12 ke mmontshitse ponatshegelo ya monna yo o bidiwang Ananiase a tla go baya diatla tsa gagwe mo go ene gore a foufologe gape!”
ու տեսիլքի մէջ տեսաւ մարդ մը՝ Անանիա անունով, քովը մտած եւ ձեռքը դրած իր վրայ՝ որպէսզի վերստին տեսնէ»:
13 Mme Ananiase a re, “Morena, ke utlwile kaga dilo tse di sa siamang tse monna yo o di dirileng mo badumeding kwa Jerusalema!
Անանիա ալ պատասխանեց. «Տէ՛ր, շատերէ լսեցի այդ մարդուն մասին թէ ո՛րչափ չարիք ըրաւ քու սուրբերուդ՝ Երուսաղէմի մէջ.
14 Gape re utlwa gore o tshotse tetlelelo ya go tshwara e e tswang kwa baperesiting ba bagolo go mo fa thata ya go tshwara modumedi mongwe le mongwe mo Damaseko!”
եւ հո՛ս ալ քահանայապետներէն իրաւասութիւն ունի կապելու բոլոր անոնք՝ որ կը կանչեն քու անունդ»:
15 Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele.
Տէրը ըսաւ անոր. «Դուն գնա՛, որովհետեւ ան ինձմէ ընտրուած անօթ մըն է՝ իմ անունս կրելու հեթանոսներուն, թագաւորներուն եւ Իսրայէլի որդիներուն առջեւ,
16 Mme ke tlaa mo supegetsa gore o tshwanetse go mpogela go le kae.”
ու ես ցոյց պիտի տամ անոր թէ ո՜րչափ պէտք է չարչարուի իմ անունիս համար»:
17 Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.”
Ուստի Անանիա գնաց, մտաւ այդ տունը, եւ դնելով ձեռքերը անոր վրայ՝ ըսաւ. «Սաւո՛ւղ եղբայր, Տէ՛րը ղրկեց զիս, այն Յիսո՛ւսը՝ որ ճամբան երեւցաւ քեզի երբ կու գայիր, որպէսզի վերստին տեսնես ու Սուրբ Հոգիով լեցուիս»:
18 Ya re gone fela foo (ya ne ekete go wa dikgapetlana mo matlhong a ga Saulo) a foufologa, mme ka bonako a kolobediwa.
Իսկոյն թեփերու պէս բաներ ինկան անոր աչքերէն, եւ անմի՛ջապէս տեսողութիւնը վերստացաւ. կանգնեցաւ, մկրտուեցաւ,
19 Mme a ja mme a nonofa. O ne a nna le badumedi mo Damaseko malatsinyana,
ու կերակուր ուտելով՝ զօրացաւ, եւ քանի մը օր կեցաւ Դամասկոսի մէջ եղող աշակերտներուն հետ:
20 mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo!
Իսկոյն ժողովարաններուն մէջ կը քարոզէր Յիսուսը, թէ ա՛ն է Աստուծոյ Որդին:
21 Botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba hakgamala. Ba ne ba botsa ba re, “A monna yo ga se ene yo o neng a bogisa thata balatedi ba ga Jesu kwa Jerusalema? Mme re utlwa gore o tletse fano go tla go ba tshwara botlhe mme a ba golega go ba isa kwa baperesiting ba bagolo.”
Բոլոր լսողները մեծապէս զմայլած էին ու կ՚ըսէին. «Ասիկա չէ՞ ան՝ որ Երուսաղէմի մէջ կը տապալէր այս անունը կանչողները. հոս ալ եկած էր ասոր համար, որպէսզի զանոնք կապած՝ քահանայապետներուն տանի»:
22 Saulo o ne a nna tlhaga thata mo therong ya gagwe, mme Bajuta ba Damaseko ba ne ba sa kgone go emela ditshupo tsa gagwe gore Jesu tota e ne e le Keresete.
Բայց Սօղոս ա՛լ աւելի կը զօրանար եւ կը շփոթեցնէր Դամասկոս բնակող Հրեաները, ապացուցանելով թէ ա՛յս է Քրիստոսը:
23 Moragonyana, baeteledipele ba Sejuta ba ikaelela go mmolaya.
Շատ օրեր անցնելէն ետք՝ Հրեաները խորհրդակցեցան որ սպաննեն զայն.
24 Mme o ne a bolelelwa kaga maikaelelo a bone, gore ba ne ba tlhokometse dikgoro tsa motse bosigo le motshegare ba ipaakanyeditse go mmolaya.
բայց Սօղոսի յայտնուեցաւ անոնց դաւադրութիւնը: Ցերեկ ու գիշեր կը հսկէին դռները, որպէսզի սպաննեն զայն:
25 Mme erile bosigo bangwe ba o ba sokolotseng ba mo falotsha ka kgorwana mo loboteng lwa motse a le mo serotong.
Իսկ աշակերտները գիշերուան մէջ առին զայն եւ պարիսպէն վար իջեցուցին՝ զամբիւղի մը մէջ:
26 Erile fa a goroga kwa Jerusalema a leka go kopana le badumedi, mme ba ne ba mo tshaba. Ba ne ba gopola gore o itira yo o dumelang!
Երբ Սօղոս եկաւ Երուսաղէմ՝ կը ձգտէր միանալ աշակերտներուն. բայց բոլորն ալ կը վախնային իրմէ, չհաւատալով թէ ան աշակերտ էր:
27 Jalo Barenabase a mo tlisa mo baaposetoloing mme a ba bolelela ka fa Saulo a ileng a bona Morena ka teng mo tseleng a ya Damaseko, le se Morena o neng a se bua nae, le ka thero ya gagwe e e nonofileng ka leina la ga Jesu kwa Damaseko.
Բայց Բառնաբաս՝ առնելով զայն՝ տարաւ առաքեալներուն ու պատմեց անոնց թէ ի՛նչպէս ճամբան տեսաւ Տէրը՝ որ խօսեցաւ իրեն հետ, եւ թէ ի՛նչպէս համարձակութեամբ քարոզեց Յիսուսի անունով՝ Դամասկոսի մէջ:
28 Mme ba mo amogela, mme morago ga moo o ne a nna le badumedi ka nako tsotlhe,
Ուստի կը մտնէր ու կ՚ելլէր անոնց հետ Երուսաղէմի մէջ, համարձակութեամբ քարոզելով Տէր Յիսուսի անունով:
29 mme a rera ka bopelokgale mo leineng la Morena. Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba bua Segerika ba o kileng a ganetsana nabo ba loga leano la go mmolaya.
Նաեւ կը խօսէր եւ կը վիճաբանէր Հելլենացիներուն հետ. անոնք ալ կը ձգտէին սպաննել զինք:
30 Le fa go ntse jalo, erile badumedi ba bangwe ba utlwa diphatsa tse a leng mo go tsone, ba mo isa kwa Kaesarea mme ya re morago ga moo ba mo isa kwa ga gabo kwa Tareso.
Իսկ եղբայրները՝ ասիկա գիտնալով՝ զինք իջեցուցին Կեսարիա, եւ անկէ ճամբեցին Տարսոն:
31 Erile ka lobaka lo, phuthego e ne e le mo kagisong mo ntlheng tsotlhe tsa Judea, Galalea le Samaria, mme tsa gola mo nonofong le mo palong. Badumedi ba ithuta go tsamaya ba boifa Morena mo kgomotsong ya Mowa O O Boitshepo.
Ուրեմն եկեղեցիները խաղաղութիւն ունեցան ամբողջ Հրէաստանի, Գալիլեայի ու Սամարիայի մէջ, եւ կը շինուէին ու կը բազմանային՝ ընթանալով Տէրոջ վախով եւ Սուրբ Հոգիին մխիթարութեամբ:
32 Petere o ne a tsamaya mafelo a a farologanyeng go ba etela, o ne a etela le badumedi ba ba kwa motseng wa Lida.
Քանի Պետրոս ամէն կողմ կը շրջէր, Լիւդդեա բնակող սուրբերուն քով ալ իջաւ:
33 Teng koo, a kopana le monna yo o neng a bidiwa Aenease, yo o neng a gateletswe ke bolwetse a bile a sa kgone go tsoga mo bolaong ka dingwaga di roba bobedi.
Հոն գտաւ մարդ մը՝ Ենեա անունով, որ մահիճը պառկած էր ութ տարիէ ի վեր՝ անդամալոյծ ըլլալով:
34 Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa.
Պետրոս ըսաւ անոր. «Ենեա՛, Յիսուս Քրիստոս կը բժշկէ քեզ. կանգնէ՛ եւ շտկէ՛ անկողինդ»: Ան ալ իսկոյն կանգնեցաւ:
35 Mme batho botlhe ba Lida le ba Sharona ba sokologela mo Moreneng fa ba bona Aenease a tsamaya.
Լիւդդեայի ու Սարոնի բոլոր բնակիչները տեսան զայն, եւ դարձան Տէրոջ:
36 Mo motseng wa Jopa go ne go na le mosadi a bidiwa Dorokase, (le fa e le Tshephe) modumedi yo o neng a tshela a direla ba bangwe bo-molemo, bogolo jang batlhoki.
Աշակերտ եղած կին մը կար Յոպպէի մէջ՝ Տաբիթա անունով, որ թարգմանութեամբ Այծեմնիկ կը կոչուի. ասիկա լեցուած էր իր ըրած բարի գործերով եւ ողորմութիւններով:
37 Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo.
Այդ օրերը հիւանդացաւ ու մեռաւ: Լուացին զինք, եւ դրին վերնատուն մը:
38 Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa.
Լիւդդեա մօտ էր Յոպպէի. ուստի աշակերտները՝ լսելով թէ Պետրոս հո՛ն է՝ ղրկեցին անոր երկու մարդ, աղաչելով որ չյամենայ եւ գայ իրենց քով:
39 Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng.
Պետրոս ալ կանգնեցաւ ու գնաց անոնց հետ: Երբ հասաւ, հանեցին զինք վերնատունը: Բոլոր այրիները կայնեցան անոր շուրջ, կու լային եւ կը ցուցնէին այն բաճկոններն ու հանդերձները, որ Այծեմնիկ կը շինէր՝ երբ իրենց հետ էր:
40 Mme Petere a ba kopa gore botlhe ba tswele kwa ntle; jalo a khubama a rapela. Erile a retologela kwa setopong a re, “Tsoga Dorokase,” mme a bula matlho! Ya re a bona Petere a tsoga!
Պետրոս ալ՝ դուրս հանելով բոլորը՝ ծնրադրեց, աղօթեց, եւ դառնալով դէպի մարմինը՝ ըսաւ. «Տաբիթա՛, կանգնէ՛»: Ան ալ բացաւ իր աչքերը, ու տեսնելով Պետրոսը՝ ուղիղ նստաւ:
41 A mo naya letsogo a mo thusa go tsoga mme a biletsa badumedi botlhe le batlholagadi mo teng, a ba mo neela!
Ինք ալ ձեռքը տուաւ անոր, կանգնեցուց զայն, եւ կանչելով սուրբերն ու այրիները՝ ողջ ներկայացուց զայն անոնց առջեւ:
42 Dikgang tsa anama le motse, mme ba le bantsi, ba dumela mo Moreneng.
Այս բանը գիտցուեցաւ ամբողջ Յոպպէի մէջ, ու շատեր հաւատացին Տէրոջ:
43 Mme Petere a nna lobaka lo loleele mo Jopa, a nna le Simone, wa mosuga matlalo.
Եւ ինք շատ օրեր մնաց Յոպպէ՝ Սիմոն անունով կաշեգործի մը քով:

< Ditiro 9 >